Jump to content

Pearl Morake

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Pearl MORAKE)
Pearl Morake
Personal information
Nickname(s)Mis P
NationalityMotswana
Born (1986-02-15) February 15, 1986 (age 39)
Sport
SportBoxing
Weight classMiddleweight
ClubBotho College Boxing Club

Pearl Morake (o tshotswe ka di 15 September 1989) ke motshameki wa mabole a Botswana, yo o nneleng ene mme wa ntlha go tshwamekela lefatshe la gagwe. Ke mmampudi wa makgetlho a le mantsi o tshamekile le mo 2014 Commonwealth Games in Glasgow, Scotland.

Pearl Morake o tshotswe ka 15 Seetebosigo ka ngwaga wa 1989 mo Mochudi, Botswana.[1] O ne a simolola ka go tshameka motshamekong wa bolotloa, go fitlhela a tsengwa ko motswamekong wa mabole ka 2010.[2] A tshamekela Botho College Boxing Club, o ne a gaisanela mo tournamenteng ya ntlha ya basadi ba, a phadisana le Katlego Olatotse o tlotlomaditswe mo metsweding ya tshedimoso ele bosigo jo bo kgatlhang go gaisa.[3] Morake e ne ele mosadi wa ntlha go emela Botswana kwa maemong boditshabatshaba mo maboleng, mme mo dingwageng tse di le mmalwa tse di latelang o ne a nna mmampodi wa naga ka makgetlho a le mane.[2]

Morake o ne a gaisana kwa 2014 Commonwealth Games kwa Glasgow, Scotland. O ne a tlhophilwe mo kgaisano ya ya bokete jo bogareng,[4] se se raya gore o ne a tlhoka go fenya motshameko o le mongwe fela gore a tlhomamisege ka go gapa metale wa boronse.[5] O ne a lwa le mo England Savannah Marshall mme a latlhegilwa 3–0. Marshall o ne a ya go gapa sekgele sa gouta.[4] ka ngwaga wa 2015, O ne a tlhophilwe go nna mosadi wa motshameko wa ngwaga kwa dikgwele tsa Botswana National Sports Commission. [2] O ne gape a tlhophilwe motshameki wa tsa mabole wa mosadi wa ngwaga ke Botswana Boxing Association.[6]

  1. "Pearl Morake". Glasgow 2014. Archived from the original on 3 June 2021. Retrieved 10 November 2017
  2. 1 2 3 Sugar, Ontametse (31 May 2015). "Morake: The Real Deal". The Patriot on Sunday. Archived from the original on 22 May 2019. Retrieved 10 November 2017.
  3. Kala, Thato (17 September 2012). "Magnificent women pugilists make huge impression". Mmegi Online. Retrieved 10 November 2017
  4. 1 2 "Boxing: Women's Middle (69 – 75kg)". BBC Sport. 29 July 2014. Retrieved 10 November 2017
  5. Staniforth, Mark (31 July 2014). "Commonwealth Games 2014: Boxer Savannah Marshall draws strength from her bond with Nicola Adams". The Independent. Archived from the original on 2022-05-25. Retrieved 10 November 2017
  6. Ncube, Dumisani (30 November 2015). "Otukile grabs double at boxing awards". The Monitor. Retrieved 10 November 2017.