Jump to content

Phuthadikobo Museum

Go tswa ko Wikipedia
Phuthadikobo Museum

Lefelo la mabolokelo ditso la Phuthadikobo Museum ke lefelo la a ditso le le kgatlhisang ka kago, mabolokelo a a na le mefuta ya tse di supiwang, lebentlele la tse di dirilweng ka diatla le lefelo la kgatiso ya matsela tse di bonwang fela mo Aforika. Ke mabolokelo a ditso, lefelo la ditso le lefelo la go gatisa matsela, mo gotlhe go dira lenaneo la go tlhabolola sechaba - ka go fa maloko lefelo la go ithuta le go bereka fa e sale ka ngwaga wa 1975. Le itebagantse thata le botshelo jwa beng gae, dingwao le methulo ya Bakgatla.[1]

Molao kakanyetso wa go aga mabolokelo a ditso kwa Mochudi o dumeletswe pele ke khansele ya koo (District Council) le komiti ya ditlhabololo (District Development Committee) ka ngwaga wa 1972. Go ne ga seka ga tsewa dikgato dipe tse di maleba go fitlhelela khansele e supa fa e ipaakanyeditse go neela ope fela o o ikemetseng, o o ka fetolelang sekolo se se neng se se mo tirisong sa Isang go nna lefelo la thuthuntso mo sechabeng ka ngwaga wa 1975 o ya bokhutlong, khansele e ne ya tlhalosa gape gore keletso e tona ya bone e ne ele gore lefelo le o le akaretse mabolokelo a ditso a kgaolo eo. Kgosi wa pele wa Bakgatla Kgosi Linchwe II [2] o o neng a le matlhagatlhaga o ne a simolodisa komiti ya nakwana ka bofefo e e neng ya simolola go tlhatlhanya ka popego ya lenaneo leo le tshono e e neng e beilwe pele ke ba khansele. Ka bokopano jwa kgwedi ya Morule e le malatsi a le lesome le bosupa ngwaga wa 1975, komiti e e ne ya bolelela khasele fa e ipaakanyeditse go amogela kakanyo ya bone le go ala megopolo ka lenaneo leo. Khansele e ne ya papamatsa gore e tla ema lenaneo nokeng, le gore e ka kgona fela go thusa ka madi a seelo se se kwa tlase, le gore e eletsa gore lenaneo le tsamaisiwe ke lekgotla le le ikemetseng.[3]

Mabolokelo a a ditso a tsamaisiwa ke lekgotla la batlhokomedi. Tsamaiso ya letsatsi le letsatsi ya mabolokelo e mo diatleng tsa mokaedi o e leng ene gape motlhokomedi mogolo wa mabolokelo ga mmogo le babereki ba bangwe ba mabolokelo.[3]

Kago ya mabolokelo a ditso

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo se segologolo se ne se agilwe mo lefelong la di square mithara di le makgolo a le mane le masome a ferabobedi mo moalong wa tlhaka U go dikaganyetsa lolwapana. Kago ya mmangmang e ne e na le matlo a borutelo a ferabobedi, ntlo lohalahala ya bokopano jwa baithuti e e neng e kgaogantswe go dira matlo a borutelo a mangwe a le mabedi le ntlo ya maabelo e potlana. Matlo a borutelo a fetotswe go nna dikamore tsa bosupelo, lebentlele la mabolokelo le ntlo thutelo kwa go gatisiwang matsela teng. Lefelo le le kwa godimo ga thaba ya Phuthadikobo kwa motse o bonalang sentle teng mme gape le na le tikologo e go ka lemiwang ditlhare le go tlhabolola mo isagong.[3]

Sekolo se a agilwe go tswa ka ngwaga wa 1921 go tsena ka wa 1923, ka ditaelo tsa ga Kgosi Isang Pilane. E ne e le maiteko a ntlha mo Botswana ka kakaretso go tsisa thuto e e fetileng ya motheo e e neng e newa ke dikolo tsa barongwa go tswa kwa mafatsheng a sele. Botlhokwa jwa tiro e le maikaelelo a yone bo ne jwa tlhalosiwa ke Isang ka ngwaga wa 1993 fa a ne a supa maemo a morafe ka fa o neng o eme ka teng ka nako e a neng a tsaya bogosi ka ngwaga wa 1921,:

"Ke fitlhetse mathata a dikaganyeditse batho ka ntlha ya phetogo e e nnile teng le go retelelwa ke go itepatepanya le diphetogo tse. Go ne go bonagala go tswa kwa tshimologong gore fa e ele gore phetogo epe e ka tsisiwa gore thusa re le morafe go itepatepanya le maemo a lefatshe a masha, batho ba tshwanelwa ke go nna le tshedimosetso ka tse di diragalang mo tikologong ya bone, go tlhaloganya tse di ba farafarileng jaaka nako e ntse e tsamaya le gore ba ka emela jang mathata a. Batho ba ne ba sa tlhaloganye, mme ga nna maleba gore ba sidimosediwe ka bofefo jo bo ka kgonagalang."

Maphata a a berekang mmogo mo lenaneong le a akaretsa a go ithuta marope (mafelo a ngwaoboswa), thuto (maeto), mabolokelo, patlisiso le ditshupo tsa botaki le ditshwantsho.

  1. Phuthadikobo Museum Mochudi (1997) [1979]. Phuthadikobo Museum. Phuthadikobo Museum. OCLC 950258079.
  2. "About Phuthadikobo museum". Phuthadikobomuseum.org.bw. Retrieved 27-09-2023.
  3. 3.0 3.1 3.2 "Phuthadikobo Museum – Mochudi – Botswana".