Pretoria Sotho

Go tswa ko Wikipedia

 

Puo ya Pretoria, kgotsa Pretoria Sotho (e bidiwa Sepitori/S'pitori ke batho ba ba e buang),[1] ke puo e e dirisiwang mo ditoropong tsa Pretoria le Tshwane mo Afrika Borwa. Ke motswako wa Sepedi-Tswana le ditlhotlheletso tsa Tsotsitaal, Se-Afrikaans le dipuo tse dingwe tsa Bantu tsa kgaolo eo. E buiwa ke bontsi jwa baagi ba bantsho ba dingwaga tsotlhe le maemo a thuto kwa Tshwane. Le fa e dirisiwa thata mo maemong a sa tlwaelwang, gape e dirisiwa mo dikolong le mo ditiragalong tsa sepolotiki tse mo go tsone batho ba buang dipuo tse di farologaneng. Setswana se se tlwaelegileng le Sesotho sa Leboa ga di dirisiwe thata mo dikolong ntle le mo dithutong tsa Setswana le Sesotho sa Leboa. Puo ya Pretoria Taal (kgotsa Sepitori) e tlhaloganngwa le Setswana le Sesotho sa Leboa.

Ke puo e e nonofileng e bile e kgona go fetofetoga fa nako e ntse e tsamaya. Mafoko a a jaaka stelle, stocko le wadijaja ke megopolo e mesha e e dirisiwang mme e ne e seyo mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng. Selo se sengwe se se kgatlhang ke gore dikarolo tse di farologaneng tsa toropo ya Tshwane di na le mefuta e e farologaneng ya puo. Mafelo a Garankuwa, Mabopane le Hammanskraal, a a tletseng ka batho ba ba buang Setswana, a bua puo e e amanang thata le Setswana. Mafelo a Soshanguve, Mamelodi le Atteridgeville a tletse ka Sepedi - Dibui, mme ba bua mofuta o o amanang thata le Sepedi ka jalo go dirisiwa mafoko a a jaaka: Bolela kgotsa Nyaka mo boemong jwa Bua kgotsa Batla mo setswaneng. SoShaNguVe e sale e le e e farologaneng thata jaaka leina le kaya SOtho (Setswana le Sepedi) SHAngan (Tsonga) Nguni le Venda.

Batho ba kwa mafelong a Garankuwa le Mabopane ba ne ba tla re 'Keya ko nna' go raya 'Ke ya gae'. Baagi ba Mamelodi le Atteridgeville ka sekai ba ka re, 'Ke ya jarateng' le bone ba ka dirisa 'keya ko nna'. Fa baagi ba Soshanguve ka sekai ba ka re 'keya jointeng kgotsa Chou dladleng'

  1. Ditsele & Mann 2014