Jump to content

Redi Tlhabi

Go tswa ko Wikipedia
Redi Thlabi Mandela Washington Fellowship 2017

Redi Tlhabi(waga Direko o tshotsweng ka 1978) ke mmega dikgang ,mokwadi, mogokaganyi wa dithulaganyo, le motlhagisi wa thulaganyo mo welaseng[1] wa letso la  Aforika Borwa . Ene ele ene motlhagisi wa thulaganyo ya “ The Redi Tlhabi show” mo lebakeng la dingwaga tse di lesome mo welaseng ya 702(Radio 702). Tiro ya gagwe jaaka motlhagisi wa dithulaganyo keya dingwaga kwa Kaya Fm, motlhagisi wa dikgang kwa SABC mme morago aya kwa eMedia Holdings eo ya sekhutlwana sa dikgang tsa  eNews Channel Africa (eNCA). Tlhabi ona le digereta tsa Political Economy le English Literature. O sale entse ele  mmega dikgang mo weleseng le mo telebishining  kwa SABC le mo eTV.[2]

Morago gago bereka dingwaga tse di lesome le bobedi kwa weleseng ya 702 eo emo Aforika Borwa, Redi oile a  supa fa a tlogela tiro mo weleseng eo. Go ne go buiwa jalo fa a fudugela kwa USA go itlatsa mo dithutong mme one a tlosolosa phuthogo ya gago eo ya go ya America.

Mabarebare

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2013, Redi Tlhabi oile a fenya seetsele sa  Alan Paton ka lokwalo  la gagwe ( Endings and Beginnings).[3][4] Lokwalo le le tlhalosa botsalano jwa gagwe le selalome sengwe morago ga leso laga rraagwe  Tlhabi oile a supa jalo faa dirisitse maina a baanelwa a eseng a nnete, mme mmaagwe selalome seo, oile a supa fa maina asa fetolwa mme ebile dintlha dingwe mo lokwalong leo ese nnete.[5]

Botshelo Jwa Gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Tlhabi o tsenye mo Kgolaganong ya tseo ee boitshepo le rre Brian Tlhabi yoo eleng ngaka ya sekgowa ka ngwaga wa 2010[6]. Ona le bana ba basetsana bale babedi eleng  Khumo le Neo, ga mmogo le ngwana wa gagwe wa mosetsana yoo Brian a tsenyeng ka ene mo nyalong ebong sekgantshwane sa metlae  Lesego Tlhabi.[7]

Dibuka/Makwalo

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Zvomuya, Percy (21 October 2011). "The darling of the media". Mail & Guardian. South Africa. Retrieved 3 June 2024.
  2. Redi Tlhabi". tvsa.co.za. Retrieved 3 June 2024
  3. Tlhabi 2013
  4. Redi Tlhabi Wins the 2013 Alan Paton Award for Endings and Beginnings". Books Live. Retrieved 3 June 2024
  5. Angry mother's reaction to Redi Tlhabi comments". The Citizen. Retrieved 3 May 2024
  6. Wedding bells for Redi Direko". IOL. 19 February 2010. Retrieved 3 June 2024
  7. Nkanjeni, Unathi (13 December 2019). "Redi Tlhabi to stepdaughter Coconut Keltz: 'You have been nothing but love to me'". Sunday Times. South Africa. Retrieved 3 June 2024