Roelof Botha

Go tswa ko Wikipedia

Roelof F. Botha[1] yo o belegweng ka kgwedi ya Lwetse e tlhola lesome le borobabongwe ka ngwaga wa1973[2], ke motlhatlhobi wa ditlhamo wa Aforika Borwa, mogwebi wa madi a kgwebo le mookamedi wa komponi.

Botha ke molekane wa Sequoia Capital mme go tloga ka ngwaga wa 2022 o nna mo dikomiting tsa MongoDB, Evernote, Bird, Ethos, Natera, Square, Unity, le Xoom. O ne gape a dira le AssureRX, FutureAdvisor, Instagram, Mixpanel le Mu Sigma[3]. O kile a nna mo lekgotleng la batsamaisi ba Meebo le YouTube pele ba rekwa ke Google, Weebly pele ba rekwa ke Square, le Tumblr pele ba rekwa ke Yahoo!. O kile a nna mo dikomiting tsa Eventbrite, Jawbone, Mahalo, Nimbula, Tokbox, le Whisper.

Mo lenaaneng la Forbes' Midas, e leng tlhatlhobô ya ngwaga le ngwaga ya bagwebi ba dikgwebo tsa madi, o ne a le mo maemong a masome le bobedi ka ngwaga wa 2008,[4] fa ngwaga wa 2021[5] a ne a le wa borobabongwe le maemo a masome a mararo le borataro ka ngwaga wa 2022.[6]

Dithuto le Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Botha o tsholetswe kwa Pretoria, mo Afrika Borwa, mme e rile a le dingwaga di le thataro o ne a fudugela kwa Cape Town le batsadi ba gagwe. O godiseditswe kwa Hout Bay, kwa motsesetoropong wa Cape Town, mme a tsena sekolo sa Hoërskool Jan van Riebeeck. Botha o ne a bona setlankana sa BSc mo dithutong tsa maranyane a dipalo le dipalopalo, dithuto tsa tiriso ya madi, le dithuto tsa dipalopalo kwa Yunibesithing ya Cape Town, a aloga ka ngwaga wa 1996. O ne a dira jaaka motlhatlhobi wa kgwebo kwa McKinsey & Co. kwa Johannesburg go tloga ka ngwaga wa 1996 go fitlha ka ngwaga wa 1998. Morago o ne a fudugela kwa United States, koo a neng a amogela MBA go tswa kwa Yunibesithing ya sekolo sa kgwebo sa baalogi sa Stanford.

Ka ngwaga wa 2000, pele a aloga kwa Stanford, Botha o ne a nna mokaedi wa tlhabololo ya PayPal. O ne a nna mothusa-mookamedi wa tsa madi mme a tlhomiwa go nna CFO ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2001. PayPal e ne ya nna ya botlhe ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2002, mme ya rekwa ke eBay ka Diphalane ngwaga wa 2002. Meg Whitman o ne a neela Botha tshono ya go sala e le CFO morago ga phitlhelelo, mme o ne a tsamaya go ya go tsenela Sequoia Capital ka Ferikgong ngwaga wa 2003.[7][8][9][10]

Kwa Sequoia, Botha o ne a okamela peeletso ya komponi mo YouTube, Instagram, le Square, gareng ga tse dingwe.[11][12]O ne gape a thusa go rulaganya go rekwa ga Xoom ke PayPal. Ka ngwaga wa 2017, Botha o ne a tsaya maikarabelo a go etelela pele ditiro tsa Sequoia kwa Amerika go tswa go mo go Jim Goetz.[13] Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2022, Sequoia e ne ya itsise gore, go simolola ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 2022, Botha o tla tsaya maemo a ga Doug Leone a go nna Mookamedi wa Mogolwane wa Sequoia wa lefatshe ka bophara le ditiro.[14]

Botha o eteletse pele kgotsa o eteletse pele dipeeletso tsa Sequoia mo dikomponi di le mmalwa tse di sa tswang go simologa le tse di golang. Go tloga ka ngwaga 2022, dipeeletso tsa gagwe tse di matlhagatlhaga di akaretsa Ethos, Evernote, GenEdit, Landis, mmhmm, Pendulum, Skiff, Temporal Technologies, le The Org.[15]

E rile ka kgwedi ya Diphalane e tlhola borobabongwe ka ngwaga wa 2023, Botha o ne a nna Modulasetilo wa Boto ya Batsamaisi kwa Unity Technologies.[16][17][18]

Ba lelwapa[fetola | Fetola Motswedi]

Rraagwe Botha, yo gape a bidiwang Roelof, ke moitseanape wa tsa madi.[9][19] Malomeagwe ebong Piet Botha e ne e le moopedi wa roko. Ntatemogolo wa gagwe e ne e le Roelof Frederik "Pik" Botha [19],yo e neng e le radipolotiki wa Aforika Borwa yo o neng a direla jaaka Tona ya tsa kwa ntle ya bofelo ya lefatshe ka fa tlase ga puso ya tlhaolele, le Tona wa ntlha wa Merero ya Ditswammung le Maatla ka fa tlase ga tautona Nelson Mandela.

Tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. EXECUTIVE PROFILE: Roelof F. Botha". Bloomberg Businessweek. Archived from the original on 13 July 2012. Retrieved 17 February 2011.
  2. Roelof Frederik Botha (b. 19 September 1973)
  3. Roelof Botha profile. Sequoia Capital.
  4. #22 Roelof Botha", Forbes.com Midas List 2008, 24 January 2008
  5. Roelof Botha on Forbes Midas List".
  6. The Midas List 2022". Forbes. Retrieved 10 November 2022.
  7. Roelof Botha". 26 October 2020.
  8. Brown, Erika (12 February 2007). "The Art of Selling Out". Forbes. Archived from the original on 2 February 2007.
  9. 9.0 9.1 McLeod, Duncan (14 December 2007). "Roelef Botha: Hi-tech market mover". Financial Mail. Archived from the original on 23 November 2010.
  10. Roelof Botha profile". Sequoia Capital. Retrieved 30 April 2007.
  11. Roelof Botha". Forbes. Retrieved 13 July 2017
  12. de la Merced, Michael (31 January 2017). "Sequoia Capital Reshuffles Leadership". The New York Times. Retrieved 13 July 2017.
  13. Loizos, Connie (31 January 2017). "Sequoia Capital has quietly announced a leadership change-up, with partner Jim Goetz taking a step back". Tech Crunch. Retrieved 13 July 2017.
  14. Konrad, Alex (4 April 2022). "VC Heavyweight Sequoia Names Roelof Botha As New Global Leader". Forbes. Retrieved 23 April 2022.
  15. Roelof Botha". Sequoia Capital US/Europe. Retrieved 10 November 2022.
  16. Unity Announces Leadership Transition". www.businesswire.com. 9 October 2023. Retrieved 9 October 2023.
  17. Unity Software CEO to retire effective immediately". Reuters. 9 October 2023. Retrieved 10 October 2023.
  18. Unity Technologies - Governance - Board of directors - Person Details". investors.unity.com. Retrieved
  19. 19.0 19.1 Dr. Roelof Botha