Royal Bafokeng Stadium

Go tswa ko Wikipedia

Royal Bafokeng Sports Palace ke lebala la metshameko la kgwele ya dinao, rugby le mabelo lele kwa Phokeng go bapa le Rustenburg kwa South Africa.

Royal Bafokeng Stadium
Royal Bafokeng Sports Palace
General information
LocationR565 (Sun City Road), Phokeng, South Africa
Lehatshe/nagaSouth Africa[1]
Coordinates25°34′43″S 27°09′39″E / 25.5786°S 27.1607°E / -25.5786; 27.1607Coordinates: 25°34′43″S 27°09′39″E / 25.5786°S 27.1607°E / -25.5786; 27.1607
Current tenantsPlatinum Stars (until 2018; folded)
Opening1999
Renovated2009
Design and construction
OwnerRoyal Bafokeng Nation
Other information
Seating capacity44,530[2]

Se agilwe ebile se thokometswe ke Royal Bafokeng Nation. [3]Sene se dirisiwa jaaka lebala la sethopha sese tshamekang mo liking e kgolwane ya Platinum Stars. Setlhopa sa Leopards rugby se ngoka balatedi bale bantsi baba tlang go lebelela metshameko ka nako ya Currie Cup, go gaisa legone kwa lebaleng la bone la Olën Park.

Selekanyetso sa lebala sene sa atulusiwa gotswa mogo 38 000 goya kogo 42 000 go direla gore se kgone godisiwa go amogela metshameko ele metlhano ya legato la ntha le go dirisiwa mo motshamekong ole mongwe wa legato la bobedi ko metshameong ya 2010 FIFA World Cup.[4]

Ka ngwaga wa 2010 , manno a magolo mo bophirima jwa lebala ane a thabobololwa gape a okediwa bophara mo ebileng aneg a felela a tsentswe marulelo a itsegeng ka leina la cantilever.

Tse dingwe dipaakanyo dine di akaretsa go tsenyeng ga maranyane gadi electronic scoreboards, ditilo tse disha, lego go atolosa mabone a dirisiwang go bonesa le didirisiwa tsedi tshwanang digoagoe.

Go atolosa lego baakanya lefelo la motshameko gone ga fela ka Mopitlo ka 2009, ko leneng la dirisiwa go amogela metshameko ele mene ya 2009 FIFA Confederations Cup.

Tsa Metshameko le Tsedingwe [Fetola][fetola | Fetola Motswedi]

2009 FIFA Confederations Cup [Fetola ]

Royal Bafokeng Stadium ene ele nngwe ya mabala a metshameko enneng go tshwaretswe 2009 FIFA Confederations Cup.


Date Time (UTC+2) Team No 1 Result Team no 2 Round Attendance
14 June 2009 20:30 New Zealand 0-5 Spain Group A 21,649
17 June 2009 20:30 South Africa 2-0 New Zealand Group A 36,598
21 June 2009 20:30 Egypt 0-3 United States Group B 23,140
28 June 2009 15:00 Spain 3-2 South Africs 3rd/4th Place Play Off 31,788

2010 FIFA World Cup[fetola | Fetola Motswedi]

Mo dikgaisanong tsa mafatshefatshe tsa kgwele ya dinao ( World Cup), lebala la motshameko lene le amogetse metshameko ele metlhano mo tikologong ya ntlha ta metshameko le motshameko ole mongwe wa legato la bobedi ebile gape ele lone lebala le leneng le potlana nako ya metshameko.

  1. "Royal Bafokeng Stadium - Rustenburg - the Stadium Guide".
  2. "Royal Bafokeng Stadium". Stuff. 9 May 2010. Retrieved 19 April 2018.
  3. "Sports Palace | Royal Bafokeng Nation". Bafokeng.com. Retrieved 18 May 2010.
  4. "Royal Bafokeng Stadium: 2010 Venue – Sportslens". soccerlens.com. 4 December 2009. Retrieved 19 April 2018.