Samantha Mogwe
Samantha Mogwe | |
|---|---|
| Ka ga gagwe | |
| Nationality | Motswana |
| Citizenship | Botswana |
| Education | Degree in Theology |
| O itsege ka | Music 🎵🎶 |
Samantha Mogwe ke seopedi sa kwa Botswana. Mmino wa gagwe ke motswako wa R&B, Jazz le African.[1]
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Mogwe o tsholetswe kwa Botswana ke mmaagwe wa kwa Zambia le rraagwe wa kwa Motswana. [2][3]
O na le dikirii ya Theology go tswa kwa Baptist Theological College kwa Rustenburg mme gape o ithutile mmino kwa Trinity College London. [4][5]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Mogwe o simolotse mmino wa gagwe a sa le monnye, o ne a dira la ntlha ka My African Dream ka ngwaga wa dikete tse le boraro (2003). Ka ngwaga wa dikete tse pedi le bone (2004) o ne a fenya Gabz Karioke Idols mme ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008) e ne e le ene fela moemedi wa Botswana kwa Idols East Africa, a fitlha mo maemong a a kwa godimo a le masome a mabedi le bone .[4]O ne a golola alebamo ya gagwe ya ntlha e e bidiwang Transition ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015). [4]Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018) o ne a golola pina e ntšha e e bidiwang "Secrets". [6]Ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021) o ne a golola ditshwantsho tsa pina "Beautiful". [7]Ka kgwedi ya Phatwe wa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) o ne a golola pina e le nngwe e e bidiwang "Oxygen"[8]mme ka kgwedi ya Ngwanatsele o ne a golola EP e e bidiwang VII.[9]
Ka kgwedi ya Seetebosigo le ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022), Mogwe o ne a le mo lenaaneng la dipina tse di tshamekiwang thata kwa Botswana.[10]Mo kgatisong ya bo lesome le bobedi ya BOMU Awards Samantha o ne a tlhophiwa mo kgaisanong ya Best R&B, Best music video, best collaboration, best female artist and best song of the year (Marang).[11]Ka kgwedi ya Sedimonthole e le lesome le borataro ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023) Bomu Awards e ne ya tshwara Kgatiso ya yone ya bo lesome le bobedi kwa Roya Aria Stadium kwa Tlokweng mme Samantha o ne a tsamaya ka dikgele tse pedi e le tirisanommogo e e gaisang le Mpho Sebina ka pina ya Marang le R&B e e gaisang ka alebamo ya VII. [12]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mogwe o nyetse mme ebile o na le bana ba le babedi.[4]O itsege ka go nna sephiri ka ga botshelo jwa gagwe.[13]
Dikgele le ditlhopho
- 2003; My African Dream mo kgaolong ya go opela: Mofenyi wa bobedi
- 2004: Gabs Kareoke Idols jaaka Motshameki yo Mmotlana: Mofenyi
- 2014: Yarona FM Music Awards (YAMA): Winner Best female Artist of the year [4]
- 2014: Yarona FM Awards (YAMA): Winner Best Female Artist [4]
- 2015: BOMU Awards: Winner Best Packaged Album [14]
- 2015: African Muzik Magazine Awards: Best Female Southern Africa nominee [15]
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Quartet in Afrimma Awards Race". AllAfrica. July 26, 2015. ProQuest 1699094917. Retrieved March 6, 2023.
- ↑ "Samantha Mogwe". Samantha Mogwe. Retrieved 27 February 2023.
- ↑ "Samantha Mogwe to headline Women's Month Concert". The Business Weekly & Review. 2021-08-29. Retrieved 2022-11-29.
- 1 2 3 4 5 6 "Samantha Mogwe - TSWAlebs". tswalebs.com. Archived from the original on 2022-11-29. Retrieved 2022-11-29.
- ↑ "10 Things You Did Not Know About Samantha Mogwe". Botswana Youth Magazine. 2017-08-03. Retrieved 2022-11-29.
- ↑ "Samantha Mogwe releases new music". Botswana Gazette. Retrieved 2022-12-14.
- ↑ "Samantha Mogwe releases "Beautiful" Visuals". Botswana Gazette. Retrieved 2022-12-14.
- ↑ "Samantha Mogwe drops Oxygen". Mmegi Online. 2022-08-07. Retrieved 2022-12-14.
- ↑ Kaelo, Goitsemodimo (2022-10-02). "Samantha Mogwe EP reflects growth". Mmegi Online. Retrieved 2022-12-14
- ↑ Kaelo, Goitsemodimo (2022-08-16). "Charma Gal, Franco lead airplay charts". Mmegi Online. ProQuest 2702359447. Retrieved 2023-03-06.
- ↑ Kaelo, Goitsemodimo (2023-11-05). "Samantha Mogwe leads BOMU nominations". Mmegi Online. Retrieved 2024-01-16.
- ↑ More, Ketshepile (17 Dec 2023). "HAN-C RULES MUSIC AWARDS YET AGAIN". dailynews. Retrieved 16 January 2024.
- ↑ "Mascom Live Sessions to Close the Year in Style". AllAfrica. October 28, 2015. ProQuest 1727940787.
- ↑ "Charma Gal Finest". AllAfrica. November 1, 2015. ProQuest 1728616769. Retrieved March 6, 2023.
- ↑ "Quartet in Afrimma Awards Race". AllAfrica. July 26, 2015. ProQuest 1699094917. Retrieved March 6, 2023