Kgosi Sebele I

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Sebele I)

Kgosi Sebele I ene ele kgosi ya morafe wa Bakwena, mongwe wa merafe e metona ya setswana (Tswana tribe) mo Botswana go tswa ka ngwaga wa 1892 go fitlhela a tlhokafala ka 1911.[1] Ka nako ya fa a sale botshelong  oile a palela Bechuanaland Protectorate[2] ka 1885 ga mmogo le Cecil Rhodes British South Africa Company  eo eneng e tsamaisiwa ke mokwalo ( royal charter) yoo dumalanweng ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 1889, gone mo ga gabo, Bechuanaland le mafelo a mangwe a mo legare la Aforika.[3] Ka thotloetso ya maloko aa rutang ka tsa sekeresete( Christian missionaries), Sebele I oile a ya Britain ka ngwaga wa 1895, a patilwe ke Bathoen I le Khama III go ya go ganana le maiteko a masha ago tsena fatshe la gabone mo Cape Colony. Baile ba kgona ka tshegetso ya ga Queen Victoria morago ga go dumalana go mo fa sephatlonyana sa lefatshe kana naga.[4] Magareng ga ngwaga tsa 1908 le 1909 oile a ganana gape le gore fatshe la gagwe la Bechuanaland le tsenngwe mo Union of South Africa.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Parsons, Neil (1998). King Khama, Emperor Joe, and the Great White Queen: Victorian Britain Through African Eyes. Chicago, USA: University of Chicago Press. pp. 37–42. ISBN 9780226647456. sebele botswana 1892.
  2. Sechele’s tribe proved by no means unanimous in welcoming the Protectorate. Sebele, the eldest son of the chief, protested against their country being taken from them without their consent." (T.E. Malebeswa (2020): Tribal Territories Act, indirect rule, chiefs and subjects)
  3. 3.0 3.1 Schmitt, Deborah (2005). "Botswana (Bechuanaland Protectorate) Colonial Period". In Shillington, Kevin (ed.). Encyclopedia of African History, Volume 1. Florence, KY, USA: CRC Press. pp. 285–288. ISBN 9781579582456. Retrieved 21 March 2013.
  4. Cyr, Ruth N.; Alward, Edgar C. (2001). Twentieth Century Africa. Bloomington, Indiana, USA: iUniverse. pp. 43–44. ISBN 9781475920802. Retrieved 21 March 2013.