Bathoen I
Bathoen I yo o tshidileng ka dingwaga tsa (1845 – 1 July 1910) e ne e le Kgosikgolo ya Bangwaketse ka ngwaga wa 1889 go fitlha ka ngwaga wa 1910. Ga mmogo le Khama wa Boraro le Sebele wa Ntlha, ba itsega thata ka go golola lefatshe la Botswana mo pusong ya ga Mmamosadinyana mo dingwageng tsa 1980.[1]
Bathoen e ne e le ngwana wa ga Gaseitsiwe, yo a neng a mo tlhatlhama go nna Kgosi. O ne a nyala Gagoangwe ka ngwaga wa 1875, morago ba tsena mo nyalong ya Sekeresete ka ngwaga wa 1890. Morwa wa gagwe wa ntlha Seepapitso wa Boraro o ne a mo tlhatlhama maemo.
Ka ngwaga wa 1889, kompone ya British South Africa e e neng e tlhamilwe ke Cecil Rhodes, ya simolola go anamela ntlheng ya Bokone, mme Batswana ba tshogela gore ba tlaa ntshiwa mo lefatsheng la bone la temo. Ka kebaka leo, dikgosi tse tharo ebong Khama wa Boraro, Sebele wa Ntlha le Bathoen wa Ntlha ba ne ba tsaya loeto go leba kwa ga Mmamosadinyana , koo ba feta ba tsamaisa dipuisobatho ba bega matshwenyego a bone. Ba ne ba kgona go rotloetsa Mmamosadinyana go agelela lefatshe la Bechuanaland go somarela boipuso jwa Batswana ,puso ya ga Mmamosadinyana e na le seabe se se nnye fela jaaka go aga seporo sa terena. Ka ngwaga wa 1908 Bathoen wa ntlha o ne a etelela dipogelelo tsa morafhe wa Batswana kgatlhanong le maikaelelo a go dira lefatshe la Botswana ntlha nngwe ya Aforika Borwa.
Bathoen wa Ntlha ga mmogo le Khama wa Boraro le Sebele wa Ntlha, ba bonala mo mading a Dipula a Botswana a lekgolo a a ntshitsweng ka ngwaga wa 2009. Sehikantsho sa Dikgosi tse tharo se se ko Gaborone ke segopotso sa loeto le le neng le tserwe ke Dikgosi tse tharo go ya kwa ga Mmamosadinyana.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Themba Mgadla, Part (2008). Historical Dictionary of Botswana. Historical Dictionaries of Africa. Scarecrow Press. p. 42. ISBN 978-0810854673.