Sekolo sa Botswana College of Agriculture

Go tswa ko Wikipedia
Botswana College of Agriculture
TypePublic
Established31 May 1991

Botswana College of Agriculture (BCA) ke sekolo se se itebagantseng le ithutelo ya temo thuo kwa Gaborone, mo Botswana. Se simolodisitswe ka molao motheo wa khudutlhamaga ya Botswana ka Phukwi a tlhola masome a mararo le motso ngwaga wa 1991.

Baaloganyi ba gakolotswe go dirisa kitso ya bone go itshimololela dikgwebo tsa temothuo[fetola | Fetola Motswedi]

Banana ba rotloeditswe go simolola dikgwebo tsa temo-thuo go tsholetsa seemo sa temo le leruo mo Botswana. Kgosi Boingotlo Radithabano wa Motshegaletau o buile se fa a amogela baeng kwa motseng o o mo dithuto-puisanong tsa temo-thuo tsa banana ba Serowe-Borwa. O ne a itumelela go bona banana ba tsile ka dipalo tse di Kwa godimo mme a ba gwetlha gore fa ba fetsa dithuto, ba ye go diragatsa se ba se ithutileng. E rile Mme Bontleng Paki wa ofisi ya mopalamente wa Serowe Borwa a bega maikaelelo a bokopano, a tlhalosa fa mopalamente a leka go araba selelo sa banana ba dikgaolwana tse di mo Serowe Borwa ka bare ga ba itse sentle ka mananeo a go simolodisa dikgwebo.

Baithuti ba sekolo sa BCA ba tlamilwe go dirisa mananeo a puso go tlokafatsa mohama wa temo-thuo[fetola | Fetola Motswedi]

Mokwaledi mogolo wa lephata la temothuto o gwetlhile setshaba go tlhokomela le go dirisa manaeo a puso gore a ba tswele mosola. Dr Micus Chimbombi o buile jalo jaaka mangwe a maphata a temothuo a abela batho ba le babedi dimpho e bong Mme Babedinyana Kgakatsa yo bodiredi bo neng bo mo diritse tshingwana ya merogo le ntlo e e neng e abela Mme Ida yo go boletseng fa a le moikopedi wa lenaneo la LIMID. A re puso e otlolotse letsogo go simolodisa manaeo a ka one batho ba ka tokafatsang matshelo a bone mme a gatelela gore go mo maruding a morafe go netefatsa gore mananeo ao a tswa tema. A re go botlhokwa gore baikopedi ba ba setseng ba thusitswe ba sireletse mananeo ao gore a ba tshedise, a tlatsa ka gore go ngomola pelo go bona puso e dirisa madimadi mme e re phelelong, madi ao a wele ka motlhoboloko.O tsweletse a tlhalosa gore mananeo a tshwana la LIMID le ISPAAD a ka tsisa pharologanyo mo matshelong fela fa e le gore a dirisiwa ka fa tshwanelong, a supa fa puso e dirisa madi a mantsi go reka menontshane le peo e e fiwang batho mahala. A re bosheng o ne a tsamaya a ya go lekola baikopedi ba lenanao la LIMID mme a fitlhela bontsi bo iphotlhere bo kaya fa dipudi di jelwe ke dibatana.

Dr Chimbombi a re mo lenaneong la LIMID, puso e ya senyegelwa ke madi a a kana ka P20 million mme go kgoba marapo ka go supega fa mananeo a se na tlhokemelo. Le fa go ntse jalo, o ne a akgola ba lephata la kgodiso ya leruo go ba supile mowa wa lerato mo go ba ba tlhokileng lesego. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara Mme Maobene Molefe, o ne a galaletsa ba lephata la tem thuo a re ga se botlhe ba ba ka dirang jaaka bone. A re ba mo motlhaleng wa go dira se Tautona wa lefatshe leno a kopileng Batswana go se dira. Tautona Khama o simoloditse lenaneo la go thusa ba ba dikobodikhutshwane a itebagantse le go ba fa seriti. A re e le khansele, le bone ba gatetse pele mo go diragatseng lenaneo leo a tlhalosa gore bosheng ba ne ba aba matlo a le masome a mabedi le botlhano. Mme Molefe a re go a nametsa go bona maphata a mangwe le one a gwetlhega go tsenya letsogo, a re se tlaa fokotsa dipalo tsa batho bao ba ba tlhokang boroko. Mogokaganyi wa temothuo mo kgaolong ya borwa mme Gaokgakala Rammidi, o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela go dira tiro e ntle eo ka maikaelelo a go supegetsa setshaba gore tiro ya bone ga se go fa dipeo le go lema fela mme le bone ba itlamile go diragatsa matshego a tebelopele ya setshaba. O tlhalositse fa lephata la kgodiso ya leruo ba ne ba agela Mme Idah ntlo eo morago ga go ba itekodisa fa a eletsa go rua dikoko.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]


Hisitori[fetola | Fetola Motswedi]

E itsege gape e le BUAN

E tlhomilwe ka molao wa Palamente ya Botswana, Molao wa No. 12 wa 2015 jaaka Parastatal ka fa tlase ga Lephata la Tlhabololo ya Temothuo le Pabalesego ya Dijo (MoA). [1][2]


Tsamaiso ya phetogo e ne ya bulwa fa, ka nako ya Lephata la Temothuo le ne le itsise tshwetso ya Puso kwa moletlong o o neng o tshwaretswe kwa yunibesithing ya Sebele ka 12 Ngwanaatsele 2013. Ka di 1 la Tlhakole 2016, BUAN e ne ya nna Yunibesithi ka go simolola ga Molao wa Palamente 12 wa 2015 jaaka Parastatal ka fa tlase ga Lephata la Tlhabololo ya Temothuo le Pabalesego ya Dijo (MoA).[3]

  1. "BOTSWANA UNIVERSITY OF AGRICULTURE AND NATURAL RESOURCES | Alphabetical List of Statutes". botswanalaws.com. Retrieved 2020-05-25.
  2. "BUAN". www.buan.ac.bw. Retrieved 2020-05-25.
  3. "About Us". Botswana University of Agriculture and Natural Resources. Retrieved 1 November 2019.