Shaw Kgathi

Go tswa ko Wikipedia

Shaw Kgathi ke lepolotiki la Botswana . Ka ngwaga wa 2009 o ne a tlhophiwa go nna tona wa banana,metshameko le ngwao . Ke leloko la khudutlhamaga ya Botswana gape o emetse Bobirwa.

O ne kile a tshwara maemo a le mmmalwa, a akaretsa boeteledipele jwa metshameko kwa dikolong tse di kgolwane gape a nna mokaedi wa lephata la metshameko gape le itloso bodutu .[1][2]

Mo go tlhophiweng ga gagwe, Kgathi o ne a ikana go tlhabolola lephata mo lobakeng lo a tlabong a le mo ofising, a tlhabolola botlhale le mabala a metshameko mo Botswana gape a rotloetsa mekgatlho ya banana jaaka wa Re Ba Bona Ha mo lefatsheng le a dumelang gore puso e tshwanetse go dirisa madi a mantsi mo go lone go lemoga gape le go rotloetsa botswerere Jwa metshameko mo lefatsheng.[1] O ne a re , “Go nale botswerere kwa metsaneng jwa bath ba e kabong e se bontlha bongwe jwa mekgatlho e tswhwana le wa BOTESSA gape le BISA gape ba ka tlhoka ditsompelo tse ba ka di dirisang go tlhabolola botswerere jwa bone. Re rotloetsa metshameko yotlhe ka kakaretso go ipaya mo bogareng gore kgolo ya metshameko mo lefatsheng e tswelele.”[1]

Rre Kgathi o akgola banana[fetola | Fetola Motswedi]

Banana bangwe ba motse wa Kanye ba inaakantse le mananeo a puso a banana ba dira dikgwebo e le tsela nngwe ya go itlhamela ditiro, go itshetsa le go godisa itsholelo ya lefatshe.Banana bao ba bagwebi ba babotlana ba supeditse Tona wa Banana,Metshameko le Ngwao Rre Shaw Kgathi dikgwebo tsa bone fa a ne a di etetse go lekola ka fa ba dirang ka teng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo kgwebong.Mongwe bone Gaopalelwe Modietswane yo o mo kgwebong ya tsa maranyane ya (Internet caf) o boleletse tona gore o thusa batho ka tsa dikhompiutara, fax, go kopisa dipampiri le dikarolo tsa dikhompiutara.

Rre Modietswane o dirile lekwalo la form 5 fela mme a tsaya botsipa jwa go dirisa dibalamakgolo kwa lebenkeleng le a neng rekisa kwa go lone fa a sena go fetsa dithuto tsa gagwe.A re o simolotse kgwebo ya gagwe ka go adima madi mo ditsaleng a bo a reka dikhompiutara tse tharo, mme morago ga ngwaga a ikwadisetsa go adima madi a dithuso tsa banana mme lephata leo la mo thusa ka P95 000 a mo go one a tlaa busang fela P45 000 yo a setseng a simolotse go mo duela.Rre Modietswane a re mo nakong eno o setse a simolotse kgwebo ya go rekisa difitlholo (coffee shop) a tlhalosa fa dikgwebo ka bobedi di dira sentle ebile a thapile banana ba le bararo.Mme Keolebogile Kgaodi ene o boletse fa a ikwadiseditse madi a dithuso tsa banana a le dingwaga di 28 ka ngwaga wa 2007 mme a dira kgwebo ya borotho e ka yone a rekisetsang dikole tse dipotlana di le tlhano, marekisetso a leokwane,le mabentlele a dijo. A re o thapile banana ba le babedi mo kgwebong e a tlhalositseng fa e dira sentle.

Ngwao e botlhokwa[fetola | Fetola Motswedi]

Tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Shaw Kgathi o gwetlhile morafe go tlotlomatsa ngwao ya one.E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mabolwe beke e e fetileng, Rre Kgathi a leboga setlhopha sa koo sa mmino wa Sebirwa sa Sekgobokgobo go bo se gapile maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa go ipelela malatsi a ga Tautona tse di sa tswang go feta, a re seo se tlotlomaditse ngwao ya Sebirwa ka jalo a gwetlha morafe gore le one o ithute o bo o tlotlomatse ngwao ya one.Rre Kgathi yo gape e leng mopalamente wa Bobirwa, o ne a supa gore lefatshe leno le latlhegelwa ke ngwao ntswa e na le mosola e bile e na le bokao jo bo rileng.

O ne a gape a tlhalosa gore kapari ke karolo nngwe ya ngwao, a tswelela ka go supa matshwenyego a gore batho ba le bantsi mo malatsing ano ga ba apare jaaka ngwao ya Setswana e letla jaaka bomme ba ba aparang kapari e e ntshang mohubu.O ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le simolotse thulaganyo ya go kwala ngwao e e sa tshwaregeng jaaka ya diphitlho, manyalo le ditsamaiso tse dingwe tsa ngwao tsa merafe e e farologaneng.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Bobonong

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Kedidimetse, Mpolokeng (November 9, 2009). "Shaw Kgathi pledges to develop his ministry". Sunday Standard. Retrieved November 14, 2009. {{cite web}}: Italic or bold markup not allowed in: |publisher= (help) Tempolete:Dead link
  2. "Sports Runway: Enter Shaw Kgathi". The Botswana Guardian. October 30, 2009. Archived from the original on November 5, 2009. Retrieved November 14, 2009. {{cite web}}: Italic or bold markup not allowed in: |publisher= (help)

[[Category:Batho ba ba santseng bale mo botshelong ]]

Tempolete:Botswana-politician-stub