Slumber Tsogwane

Go tswa ko Wikipedia

Slumber Tsogwane o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e tlhola masome a mabedi le bongwe ka ngwaga wa 1960[1]. Ke mothusa tautona wa lefatshe la Botswana le mopalamente wa kgaolo ya Boteti bophirima. Ke mongwe wa batho ba ba nang le sebaka se seleele a le mopalamenteng ya lesome le bobedi ya Botswana[2]. o tsene mo pusong ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le mane ka nwaga wa 2018, morago ga Rre Mokgwetsi Masisi a tsena mo pusong. Ke leloko la Botswana Democratic Party[3].

Tshimologo ya botshelo le dithutego[fetola | Fetola Motswedi]

Slumber Tsogwane o nale digarata mo go tsa Humanities tse a di tsereng ka ngwaga wa 1985 go tswa kwa University of Botswana. O nale digarata tsa masetase mo go dithutong tsa thabololo.

Tsa mmereko[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Tsogwane o tseneletse polotiki a tswa mo bodireleng setshaba ko a neng a le mo laphateng la tsa thuto e le mothusa mogokgo. Ka ngwaga wa 1997 o ne a ikwadisetsa maemo a bo kwaladi mo Botswana Democratic party mme kago tlhoka lesego a sa fenye. O ne a fenya dithopho kgatlhanong le rre Gabofele Masusu mo kgaolong ya Boteti a bo a fenya ditlhopho ka ngwaga wa 1999.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. @BWGovernment (4 April 2018). "HIS HONOUR THE VICE PRESIDENT, MR. SLUMBER TSOGWANE, MP" (Tweet) – via Twitter
  2. Motsamai, Mmoniemang (5 April 2018). "Botswana: Masisi Unveils Deputy, Cabinet". Botswana Daily News (Gaborone). Retrieved 2 May 2018.
  3. "Tsogwane leads Guma, Tshekedi in BDP race". www.weekendpost.co.bw. Retrieved 2 May 2018.