Mokgweetsi Masisi
| Mokgweetsi Masisi | |
|---|---|
Masisi in 2023 | |
| 5th Tautona wa Botswana | |
| In office 1 April 2018 – 1 November 2024 | |
| Pele Ga Gagwe | Ian Khama |
| Morago Ga Gagwe | Duma Boko |
| Vice President | Slumber Tsogwane |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi 21 July 1961 Moshupa, Bechuanaland (now Botswana) |
Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi (/mɔːkˈweɪtsi/ (o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e le masome a mabedi le bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le bonngwe (1961) ke mopolotiki wa Botswana yo o dirileng jaaka tautona wa botlhano wa lefatshe la Botswana go simolola ka kgwedi ya Moranang e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018 )go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024)[1][2][3]. O setse a kile a dira e le tona wa thuto ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014), mme a dira gape e le tona wa tsa bodiredi mo ofising ya ga tautona le tsa merafe go simolola ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le motso (2011) go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014). O ne a tlhophiwa lantlha go ya palamêntêng ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009).
Kwa tshimologong o ne a na le kamano e e siameng leTautona wa maloba Ian Khama, yo o neng a tlhoma Masisi go nna motlatsa moporesidente, ba babedi bano ba ne ba thulana morago ga moo ka ntlha ya thibelo ya go tsoma ditlou, mme Khama o ne a latofatsa Masisi ka go re o "kgapa batho ba ba sa dumalaneng le ene". Fa ba ne ba simolola go busa mo ditlhophong tsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), baganetsi ba ne ba re go na le tlolomolao le tsietso ya ditlhopho. Le fa go ntse jalo, mokgatlho wa African Union o ne wa bega gore ditlhopho di ne di tshwerwe ka tsela e e phepa e bile di tsamaisana le melao ya mafatshefatshe.
Puso ya gagwe e ne ya okamela tsela e naga e tsibogelang leroborobo la COVID-19 ka yone. Mo gare ga leroborobo, Masisi o ne a busa ka molao go tloga ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020) go fitlha ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021(, le fa a ne a ganediwa ke setšhaba le makoko a kganetso.
Botshelô le dithuto
[fetola | Fetola Motswedi]Rre Mokgweetsi Masisi ke morwa wa ga Edson Masisi(yo tshotsweg ka gwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le boraro (1923) a bo a tlhokafala ka ngwaga wa dikete tse pedi le boraro (2003), yo o neng e le leloko la palamêntê kwa motseng wa Moshupa.[4] Rre Masisi o goletse mo torôpôkgôlô Gaborone, a tsena sekolo se se botlana kwa Thornhill Primary School mme a ya go tsweledisa see segolwane kwa Maru A Pula School.[4] Kwa sekolong o ne a tsenelela dikgaisano tsa kgwele ya dinao le thênêsê, mme kwa bofelong a felela a kgatlhêgela tsa kgatô. Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone (1984) o ne a akgolelwa kêtêlêlo pele ya gagwe ya tlhamô ya mo Gaborone ya Cry the Beloved Country, mme a galaletswa ke Alan Paton ka tiragatsô ya gagwe. Fa go tswêlêtswêle ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi (1980) o ne a nna moanêlwamogolo wa go dira le metshamekô, mme gape a nna karolô ya di filimi tsa South Africa B-Movies.
Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi (1980) Rre Masisi o ne a nna morutabana wa dithuto tsa social studies dingwaga di le mmalwa morago fa a sena go aloga kwa mmadikolong wa Botswana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone (1984) mo go tsa Sekgowa le Ditsô. Mme a tswelela ka go ya go ruta kwa sekolong se se golwane sa Mmanaana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone (1984) mo motsaneng wa Moshupa pele fa a simolola le mmadikolo wa Botswana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bosupa (1987) e le moitseanape wa tsa kgolô ya dithutô tsa sekolo.[5] Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe (1989) o ne a ya kwa Florida State University [6]go ithutela bonkge jwa digerata tsa Thutô, mme morago a thapiwa ke UNICEF mo Botswana[7].Ka sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe (1999), o ne a bona dikirii ya morago ga kalogo ya Ikonomi le Pholisi ya Loago kwa Yunibesithing ya Manchester, kwa e neng e le moithuti wa Chevening gone.[7]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Rre Masisi o ne a seka a bona tlhôphô ya Botswana Democratic Party (BDP) go emela kgaolô ya botlhophi mo Moshupa ka di ditlhopho tsa ngwaga wa )dikete tse pedi le bone (2004. [8]Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya tlhôphô ya BDP pele ga ditlhôphô tsa ngwaga wa 2009 mme a fenya setilô. Mme ka bofefo o ne a tlhôphiwa go nna mothusa tona wa tsa bodiredi kwa ofising ya ga tautona le bodiredi jwa tsa merafe ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009)[8]. Moragonyana ga ngwaga e le mothusa tona wa tsa bodiredi jwa ofisi ya ga tautona le tsa merafe ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le motso (2011).[2] Rre Masisi o ne a nna tona wa thutô le tlhabololô ya tsa boitseanape a tshwareletse ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014); o ne a tlhôphiwa gape mo setilông sa palamêntê ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesoe le bone (2014),[9] mme a thapiwa go nna tona wa thutô le tlhabololô ya tsa boitseanape ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le borobabobedi , ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014).Rre Masisi o ne a thapiwa ke moetêlêdipele Ian Khama go nna mothusa tautona wa Botswana ka kgwedi ya Ngwanaatsele ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014)fa a santse a tshwareletse e le tona wa tsa Thutô.[10]
Tautona wa pele Rre Khama o ne a thapa Rre Masisi go nna tonakgolo wa mmadikolo wa Botswana ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bosupa (2017).Tlhôphô e, e ne e ikaegile ka karolô ya bosupa ya molao motheo[11] wa Madikolo wa Botswana ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008), e ne ele ya sebaka sa dingwaga tse tlhano[12].
Tautona (2018-2024)
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Moranang, ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018) o ne a ikanisiwa go nna tautona wa lefatshe la Botswana[2] wa botlhano, yo mo bogompienong a direlang e le tautona wa lefatshe la Botswana.Fa a sena go tlhatlogela kwa maemong a boporesidente, yo o neng a mo eteletse pele Ian Khama o ne a tlogela lekoko le le busang la Botswana Democratic Party (BDP) go ya go tlhoma lekoko la Botswana Patriotic Front (BPF).[13]Khama o ne a kgala Masisi ka go tlosa thibelo ya go tsoma ditlou mme a bitsa tshwetso ya gagwe ya go tlhoma Masisi go nna motlhatlhami wa gagwe "phoso".[14]
Ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le boraro, ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018), Masisi o ne a amogela dikirii ya bongaka ya tlotlo go tswa kwaMadikolo wa Botswana. Batshwaedi bangwe ba kgadile tshwetso e, mme ba bolela fa thulaganyo e e nepagetseng e ne e sa latelwa.[15]
Pholisi ya ikonomi
[fetola | Fetola Motswedi]Puso ya ga Masisi e amogetse le go rotloetsa dipholisi tsa ikonomi tse di ikaegileng ka mebaraka, tse di gololesegileng go farologanya ikonomi go tswa mo go ikaegeng ka ditaemane.[16]
Mo pusong ya ga Masisi, naga e ka nna ya tsaya dikgato tsa go somarela madi ka ntlha ya go fokotsega ga ditaemane, e leng thomelontle e kgolo ya Botswana, seelo sa diperesente di le masome a mane le botlhano sa basha ba ba sa direng, le se radipolotiki wa kganetso a se kgadileng jaaka tlhaelo ya ntlha ya tekanyetsokabo ya naga mo dingwageng di le masome a mane.[17]
Ditlhopho tsa 2019
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), Masisi o ne a tlhophiwa gape go nna tautona morago ga gore BDP e lebane le matshosetsi a magolo a kutlwano ya yone mo dingwageng di feta masome a matlhano, morago ga go fudugela ga ga Khama kwa lekokong la kganetso, a latofatsa Masisi ka bobusaesi.[18] Mo ditlhophong setshaba tsa Botswana tsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), Masisi o ne a bona bontsi jwa ditlhopho ka 52.65% mme a bona bontsi jwa ditilo mo palamenteng ya setshaba. Ditlhopho tsa Botswana tsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019) di ne tsa ganetsanwa ka tlhoafalo, mme kganetso e kgolo, Umbrella for Democratic Change e ne ya tlhatlhela dikgwetlho tse dintsi kwa kgotlatshekelong e latofatsa ka go sa dire dilo ka tshwanelo le tsietso ya ditlhopho.[19]Kgotlatshekelokgolo e ne ya atlhola kgatlhanong le ditatofatso tseno mme ditlhopho di ne tsa tsewa di ikanyega ke balebeledi ba boditšhabatšhaba.[20]Letsholo la Tebelelo ya Ditlhopho la Kopano ya Aforika (AUEOM) le konoseditse gore ditlhopho di ne di le mo pepeneneng e bile di dirilwe ka kagiso.[21] Ditlhopho di ne di tsamaisana le mekgwa le maemo a a siameng a boditšhabatšhaba le a kgaolo.[22]
Gareng ga ditsholofetso tsa gagwe tsa ditlhopho, o ne a tshitshinya go tlosa thibelo ya go tsoma ditlou le go dira gore bosodoma e nne bosenyi.[23]Fa Mmueledi Mogolo wa Botswana a ne a ikuela kgatlhanong le tshwetso ya kgotlatshekelo e e neng e tlosa go ratana ka bong joe se molato moragonyana mo ngwageng oo, Masisi (Tautona wa nako eo) o ne a bua a ema nokeng taelo ya kgotlatshekelo.[24][25]
Go tsibogela bolwetse jwa COVID-19 (2020-22)
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa tshimologong ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2020), COVID-19 e ne ya anama mo Botswana ka nako ya fa Masisi a ne a le mo setulong. Tautona o ne a tsibogela leroborobo ka go goeletsa maemo a tshoganyetso ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mararo le bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2020).[26]Morago ga kgoeletso, dithata tsa tshoganyetso di letleletse Masisi go busa ka molao ka sebaka sa dikgwedi di le lesome le borobabobedi go fitlha ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021), le fa go na le ditshupetso go tswa mo makokong mangwe a kganetso. [27]Ka kgwedi ya Sedimonthole, Botswana e fitlhetse bosupi jwa mogare o moša, o o neng wa dira gore go tlhongwe molao wa gore go se ka ga tswalwa gape go tloga ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mabedi le bone ka ngwga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2020) go fitlha ka kgwedi ya Ferikgong e thola boraro ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021).[28] Morago ga dingwaga tse di ka nnang pedi tsa maemo a tshoganyetso a setšhaba le matshosetsi a ditshupetso go tswa mo setshabeng le makoko a kganetso, Masisi o ne a itsise gore ga a kitla a ntšhwafatsa maemo a tshoganyetso a setšhaba, a a neng a mmona a busa ka molao mo nakong eno, gape a fedisa nako ya go tswa mo ntlong e e neng e le teng kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021).
Masisi o ne a latofadiwa ke baganetsi ba bangwe ka go nna le maikutlo a go busa, le go thusa go koafatsa demokerasi mo Botswana.[29] Tautona wa maloba Ian Khama, yo o neng a sa utlwane le Masisi fa e sale a tlhophiwa, o ne a bolela fa Masisi a ne a "kgapa batho ba ba sa dumeleng" mo potsolotsong le Financial Times, mme a tlatsa ka gore leina la Botswana le ne le senngwa mo nageng le mo lefatsheng ka bophara, le gore temokerasi e ne e ntse e fokotsega.[30]
Ka kgwedi ya Ferikgong e thola boraro ka ngwga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022), go ne ga itsisiwe gore Masisi o ne a le kwa a neng a patelesega go itlhaola morago ga go tlhatlhobiwa gore o na le COVID-19 ka nako ya diteko tsa ka metlha. Mothusa Tautona Slumber Tsogwane o ne a tsaya maikarabelo a moporesidente fa a ne a le kwa thoko.[31]
Ditlhopho tsa 2024
[fetola | Fetola Motswedi]Mo ditlhophong setshaba tsa gwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), phathi ya Botswana Democratic Party e ne ya latlhegelwa ke bontsi jwa bontsi jwa yone mo palamenteng ya bosetshaba e le lantlha mo ditso tsa lefatshe leno.Rre Masisi o ne a amogela go fenngwa ka kgwedi ya Ngwanatsele e thola bongwe , mme a solofetsa phetiso ya puso ka kagiso.[32]O ne a tlhatlhangwa jaaka Tautona ke Duma Boko.
Dikakanyo tsa sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Rre Masisi o ne a tshwaela gore go tlosiwe thibelo ya go tsoma ditlou le go dira gore go ratana ka bong jo bongwe go se ka gwa nna molato.[24]
Masisi o tshegetsa go tsoma ditlou mo Botswana, mme o dumela gore go letla kgwebisano nngwe ya ditlou go tla letla matlole a mantsi a maiteko a tshomarelo le tshireletso. Ka ngwaga wa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), o ne a naya baeteledipele ba bomafatshe ba Namibia, Zambia le Zimbabwe mantle a a dirilweng ka dinao tsa tlou, e leng kgato e e neng ya kgalwa ke metswedi ya dikgang ya mafatshefatshe.[37][38][39] Masisi o ne a busetsa morago thibelo ya go tsoma ditlou e e neng e beilwe ke moeteledipele wa gagwe, mme a tlosa pholisi ya Botswana ya "Shoot to Kill" e e kgatlhanong le go tsoma ditlou.[33]
Botshelo jwa lelwapa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi (2002) Masisi o ne a nyala Neo Maswabi yo e neng e le mmalamatlotlo yo morago a neng a direla lekgotla la Ditšhabakopano kwa New York le kwa Addis Ababa. Ba na le morwadi.[34]
Masisi ka puo ya tlwaelo o bidiwa "Sisiboy" mo bathong, motshameko wa mafoko ka leina la lelapa la gagwe.[35]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Who is Botswana's new President Mokgweetsi Masisi?". The M&G Online. 3 April 2018. Retrieved 14 May 2019.
- 1 2 3 "Botswana: Mokgweetsi Masisi takes over presidency amid opposition resurgence". Deutsche Welle. 31 March 2018. Retrieved 14 May 2019.
- ↑ "Botswana inaugurates new president Masisi in smooth handover". France 24. 1 April 2018. Retrieved 14 May 2019.
- 1 2 Who is Botswana's new President Mokgweetsi Masisi?". The Mail & Guardian. 3 April 2018. Retrieved 27 February 2020
- ↑ "Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi". World Economic Forum. Archived from the original on 5 June 2025. Retrieved 11 August 2025.
- ↑ "Florida State welcomes president of Botswana for official visit". Florida State University News. 20 September 2018. Retrieved 27 February 2020
- 1 2 "Botswana : investiture du nouveau président". BBC News Afrique (in French). 1 April 2018. Retrieved 27 February 2020.
- 1 2 "Weekend Post :: The making of a president: HH Mokgweetsi Masisi". weekendpost.co.bw. Retrieved 27 February 2020.
- ↑ "Profile: Botswana's new president Mokgweetsi Masisi - Xinhua | English.news.cn". www.xinhuanet.com. Archived from the original on 1 April 2018. Retrieved 27 February 2020.
- ↑ "Weekend Post :: Bolope (bootlicking) has paid for Masisi!". www.weekendpost.co.bw. Retrieved 27 February 2020.
- ↑ http://www.gov.bw/globalassets/moe/acts/chapter-5701-university-of-botswana.pdf
- ↑ https://www.ub.bwnewsdet/nid/4290/Vice-President-Masisi-appointed-UB-Chancellor/
- ↑ "Former Botswana president quits ruling party in row with ex-ally". Reuters.
- ↑ "Botswana's former president Ian Khama quits ruling party". IOL. Agence France-Presse. 25 May 2019.
- ↑ Basimanebotlhe, Tsaone (12 October 2018). "Issues raised about Masisi's honorary doctorate". Mmegi. Gaborone.
- ↑ "Botswana Economy, Politics and GDP Growth Summary - The Economist Intelligence Unit". country.eiu.com. Retrieved 28 October 2024
- ↑ "Diamond-rich Botswana holds an election with new economic challenges for a long-ruling party". AP News. 28 October 2024. Retrieved 28 October 2024.
- ↑ "President Mokgweetsi Masisi holds on to power in Botswana poll". Financial Times. London. 25 October 2019.
- ↑ "Botswana opposition challenges election result in court". Reuters. 21 March 2019. Retrieved 21 March 2021.
- ↑ Karrim, Azarrah. "Massive vote rigging uncovered in Botswana elections, claims opposition leader Duma Boko". News24. Retrieved 4 May 2024.
- ↑ Karrim, Azarrah. "Massive vote rigging uncovered in Botswana elections, claims opposition leader Duma Boko". News24. Retrieved 4 May 2024.
- ↑ "African Union Election Observation Mission To The 23 October 2019 General Elections In The Republic Of Botswana" (PDF). au.int. African Union. November 2019. p. 22. Retrieved 10 July 2022.
- ↑ Chutel, Chutel (23 October 2019). "Botswana Election Won by President, Despite Rift with Predecessor". New York Times.
- 1 2 Katlego K Kolanyane-Kesupile (18 October 2021). "Botswana attorney general seeks to recriminalize homosexuality". Washington Blade. Retrieved 29 November 2021.
- ↑ "Botswana's High Court rejects laws criminalising homosexuality". Al Jazeera. 11 June 2019. Retrieved 29 November 2021.
- ↑ "CONSTITUTION OF BOTSWANA: SUBSIDIARY LEGISLATION | Subsidiary Legislation". botswanalaws.com.
- ↑ "Botswana Parliament votes to extend covid state of emergency to March 2021". Your Botswana. Gaborone. 19 January 2021.
- ↑ "Masisi imposes nationwide curfew". Mmegi. 30 September 2021.
- ↑ Basimanebotlhe, Tsaone (20 February 2020). "Botswana democracy under siege". Mmegi. Gaborone
- ↑ "Botswana's ex-president hits out at successor ahead of election". Financial Times. London.
- ↑ "Botswana's president in isolation after testing positive for COVID-19". The Star. Retrieved 3 January 2022.
- ↑ Motseta, Sello (1 November 2024). "Seismic change in Botswana as party that ruled for 58 years loses power". AP News. Retrieved 1 November 2024
- ↑ O'Grady, Siobhán (23 May 2019). "Botswana overturns ban on elephant hunting". The Washington Post.
- ↑ Staff corner - Profile" (PDF). UN Staff Voice. No. 6. June 2018. pp. 36–39. Retrieved 9 August 2019.
- ↑ Morton, Barry (6 November 2019). "How Masisi outsmarted Khama to take the reins in Botswana". The Conversation. Retrieved 27 February 2020.
Di linki tse di kwa ntle
[fetola | Fetola Motswedi]- Government of Botswana."His Excellency President Dr. Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi". International Data Week.
| Diofisi tsa politiki | ||
|---|---|---|
| A eteletswe pele ke Ponatshego Kedikilwe | Mothusa tautona wa Botswana | A setswe morago ke Slumber tsogwane |
| A eteletswe pele ke Ian Khama | Tautona wa Botswana | A setswe morago ke Duma Boko |
- Matsalo a 1961
- Mapolotiki a Botswana Democratic Party
- Barutabana ba Botswana
- Dialogane tsa Florida State University
- Batho ba ba tshelang
- Maloko a khuduthamaga ya Botswana
- Botautona ba Botswana
- Dialogane tsa Unibesithi ya Botswana
- Bathusa tautona ba Botswana
- Batho ba Moshupa
- Batho ba Gaborone
- Mapolotiki a dingwaga tse di kete pedi le bongwe
- BoTautona ba Botswana