Ponatshego Kedikilwe

Go tswa ko Wikipedia

Ponatshego Honorius Kefaeng Kedikilwe ke lepolotiki mo Botswana, o a kileng a nna mothusa tautona go tswa ka ngwaga wa 2012 go tsena ka wa 2014. O tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e le malatsi a supa ka ngwaga wa 1938. Ke leloko la phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) o kile a bereka gape e le tona wa ditswammung, kgothetso le metsi go tswa ka ngwaga wa 2007.

Tiro ya sepolotiki[fetola | Fetola Motswedi]

Kedikilwe o tsene dikolo tse di latelang; Kikuyu College of social studies, University of East Africa, Nairobi go tswa ka 1963 go tsena ka 1964, University of Rochester kwa New York go tswa ka 1964 go tsena 1965, University of Connecticut go tswa ka 1965 go tsena 1968, Maxwell School of Citizenship and Public Affairs le Syracuse University.

O ne a tlhophiwa e le lantlha ka ngwaga wa 1984 go nna mopalamente wa Mmadinare, a nna tona wa tsa madi go tswa ka 1998 go tsena ka 1999.[1]

Kedikilwe o berekile e le modulasetilo wa BDP go fitlhelela ka ngwaga wa 2003. Tautona Ian Khama o ne a gaisa Kedikilwe fa a ne a tlhophiwa go nna modulasetilo wa Botswana Democratic Party kwa mokgatlhong wa sepolotiki o o neng o tshwerwe ka ngwaga a 2003, Phukwi a le masome a mabedi le bobedi. Khama o ne a bona ditalama di le makgolo a matlhano lesome le bobedi, fa Kedikilwe ene a ne a bona di le makgolo a mabedi lesome le borobabongwe.[2] [3]Khama o ne a engwe nokeng ke Tautona wa pele Festus Mogae,[4] mme phenyo ya gagwe ya bo ele botlhokwa thata ka e ne e tlhagolela Khama tsela gore a tlhatlhame Mogae go nna tautona ya lefatshe.[2]

Kedikilwe o ne a tlhomiwa go nna tona wa tsa ditswammung, kgothetso le metsi ka Ferikgong ngwaga wa 2007.[5][6]

Mothusa tautona Mompati Merafhe o ne a ithola marapo ka bogodi ka ngwaga wa 2012, Phukwi a le malatsi a le masome a mararo le motso. Tautona Ian Khama a tlhopha Kedikilwe go nna mothusa tautona ka Phatwe a tlhola gangwe ka ngwaga wa 2012, mme mapalamente a le masome a mararo le borobabobedi a dumalana le mogopolo o ka go tlhopha, fa ba le lesome le motso ba ne ba seka ba tlhopha. Kedikilwe o ne a tlhomiwa mo setilong ka lone letsatsi leo. Puso e ne ya tlhalosa fa Kedikilwe a tla tswelela a ntse a le tona ya ditswammung, kgothetso le metsi.[7]

Morago ga ditlhopho tsa 2014 tsa sechaba, Khama o ne a tlhopha Mokgweetsi Masisi go nna mothusa tautona ka kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le bobedi.[8]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Diofisi tsa sepolotiki
O o fetileng pele

Mompati Merafhe

Mothusa tautona wa Botswana2012 - 2014 A tlhatlhamiwa ke

Mokweetsi Masisi

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "About Us - Ministry of Finance"
  2. 2.0 2.1 "Botswana: Khama win eases Mogae's concerns", IRIN, 23 July 2003.
  3. "Botswana: Vice-president wins ruling party chairmanship", Business Day, Johannesburg, 22 July 2003.
  4. "Botswana: President Mogae defends decision to back Khama for party chairmanship", Radio Botswana, 19 June 2003.
  5. "Botswana's cabinet reshuffle", The Economist, 25 January 2007.
  6. Daily News (Government of Botswana). 2010-01-12
  7. "Kedikilwe sworn in as Vice President", Mmegi, volume 29, number 113, 2 August 2012.
  8. "Parliament Endorses Masisi As VP", BOPA, 12 November 2014.