Festus Mogae

Go tswa ko Wikipedia

Festus Gontebanye Mogae (o tshotswe ka ngwaga wa 1939 kgwedi ya Phatwe a tlhola masome a mabedi le bongwe) ke mopolotiki wa Botswana yo o neng a le Tautona wa Botswana go tsweng ka 1998 go ya kwa ngwageng wa 2008. O ne a tsaya mo go Rre Quett Masire e le tautona ka ngwaga wa 1998 gape o ne a tlhophiwa gape ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2004; morago ga go nna ngwaga tse di lesome mo ofising ,o ne a fologa setilo ka ngwaga wa 2008 gape a tseelwa gape ke Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama. O tsene mo nyalong e e boitshepo le Mme Barbara Mogae, gape ba nale bana ba le bararo ebong: Chedza , Nametso le Boikaego.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mogae ke mokalaka (Moshona wa kwa bophirima) sentle , go tswa Sowe. Setlhopa se sa Bakalaka se bidiwa Badhalaunda, se se bileditsweng mo go kgosi, Dhalaunda, gape puo ya gagwe ke sekalaka kgotsa Shona sa kwa bophirima.

Mogae o dirile dithuto tsa economics kwa United Kingdom, pele kwa sekoleng sa Oxford, gape kwa mmadikolo wa Sussex. A boela mo Botswana go tla go dira e le modiri wa sesole pele fa a dira mo mafelong a pharologanyo le lekgotla la International Monetary Fund le Bank of Botswana. E ne e le mothusa tautona wa Botswana go tswa ka ngwaga wa 1992 go ya ko ngwageng wa 1998.

Boeteledipele jwa ga Rre Mogae[fetola | Fetola Motswedi]

Lekoko la ga Mogae ebong Botswana Democratic Party (BDP), le tsere puso ka ditlhopho tsa Phalane ngwaga wa 1999, mme Mogae a kanelwa lobaka la ngwaga tse tlhano ka Phalane a tlhola masome a mabedi mo ngwageng wa 1999[1][2] ke rramolao ebong Julian Nganunu kwa lebaleng legolo la lefatshe la metshameko moGaborone.[2] Mo modirong o ne o,o ne a ikanya go itebaganya le go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro.[1]

Go latedisa katlego ya BDP's mo ditlhophong tsa Phalane ngwaga wa 2004, Mogae o ne a kanelwa gape legato la bobedi ka kgwedi ya Ngwanatsele mo ngwagebg wa 2004.[3] Mogae o ne a solofetsa go lwantsha lehuma le letlhoko ya ditiro, le gone go emisa kanamo ya mogare wa HIV-AIDS, mo a ithaopileng go o emisa mo Botswana ka ngwaga wa 2016.[4]

Tlogelo tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Phukwi a le lesome le bone ka ngwaga wa 2007, Mogae o ne a bolela dikeletso tsa gagwe tsa go tlogela tiro kgwedi tse di borobabongwe tse di latlang.[5]

Dikatlholelo[fetola | Fetola Motswedi]

Mogae o ne a fiwa tlotla ya Grand Cross ya Légion d'honneur{/0 }ke tautona wa France ebong Rre Nicolas Sarkozy mo kgweding ya Mopitlwe a tlhola masome a mabedi ka ngwaga wa 2008 go bo "a ne a le moeteledipele wa sekao" mo go direleng lefatshe la Botswana "malebela" a puso ya batho ka batho gape le puso ee siameng.[6] O ne a fologa setilo sa botautona ka Moranang a tlhola ga ngwe ka ngwaga wa 2008 mme a tseelwa ke mothusa tautona Rre Ian Khama.

Mogae o fentse tlotla ya Ibrahim Prize for Achievement in African Leadership ka ngwaga wa 2008, gape o tla fiwa selekanyo sa madi a US$ 5 million go fitlha ngwaga tse di lesome gape le US$ 200,000 ka ngwaga botshelo jwa gagwe jotlhe go tsweng foo. Kwa toropong ya London Phalane a le masome a mabedi ka ngwaga wa 2008, mokwaledi mogolo wa United Nations Rre Kofi Annan o ne a tlhalosa: "Ketelelo pele ya maemo ya ga tautona Rre Mogae e supile katlego mo matlhong a setshaba kgatlhanong le segajaja sa HIV/AIDS se se neng se tshosa lefatshe le batho mo lobakeng lo lo tlang."[7][8]

Botshelo jwa gagwe gompieno[fetola | Fetola Motswedi]

Mogae gompieno o dira e le morongwa yo o kgetlhegileng wa lekalana la United Nations Secretary-General mo mererong ya tsa phetlogong loapi. Ka ngwaga wa 2010, o ne a kopana le lekgotla la bogakolodi la U.S. la TeachAIDS.[9]

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Festus Mogae o diretse lefatshe la Botswana ka lobaka lo lo leele. E ne e le tautona yo o ratang batho ebile a dumela mo go reng re le lefatshe re tshwanetse go dirisanya mmogo gore kagiso e rene mo lefatsheng.Tautona o ne a dumela thata mo pusong ya batho ka batho ka a ne aitse gore mongwe le mongwe o botlhokwa mo lefatsheng.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]