Ian Khama Seretse Khama
Seretse Khama Ian Khama; [1]o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bosupa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a matlhano le boraro (1953) [2]ke radipolotiki wa Motswana e bile e le modiredi wa pele wa sesole yo o kileng a nna Tautona wa bone wa Botswana go tloga ka kgwedi ya Moranang e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008) go fitlha ka kgwedi ya Moranang e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2018). Morago ga go direla ele moeteledi pele wa sesole sa Botswana, o ne a tsenelela polotiki, abo a nna mothusa tautona wa Botswana go simolola ka ngwaga wa 1998 go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008), morago ga moo a tlhatlhama pppFestus Mogae jaaka Tautona ka kgwedi ya Moranang e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008). O fentse paka e e tletseng mo ditlhophong tsa ngwaga wa ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe(2009) mme a tlhophiwa gape ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014). [3]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Ian Khama ke ngwana wa bobedi wa ga Seretse Khama (yo neng a tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e thola bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le bongwe (1921) a bo a tlhokafala ka kgwedi ya Phukwi le le lesome le boraro ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le borobabobedi (1980), moeteledipele wa Botswana wa boipuso le mopresidente wa gagwe go tloga ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borataro (1966) go fitlha ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a robabobedi (1980), le Lady Khama. O belegetswe kwa Chertsey, Surrey, fa rraagwe a ne a nna kwa botshwarong kwa United Kingdom, ka ntlha ya kganetso ya puso ya bokoloniale le puso e e neng e sa tswa go tlhongwa ya tlhaolele mo Aforika Borwa ka ntlha ya lenyalo la gagwe le mosadi wa mosweu.[4]
Gape ke setlogolo sa ga Sekgoma II (o tshotswe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi le masome a marataro le borobabongwe (1869) a bo a thokafala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le botlhano (1925), yo e neng e le moeteledipele wa batho ba Bamangwato, le setlogolo sa ga Khama III (o tshotswe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi le masome a mararo le bosupa (1837) a bo a thokafala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le boraro (1923), kgosi ya bone. Rragomogolo wa gagwe wa Kgosikgolo Sekgoma I e ne e le tlhogo ya batho ba Bamangwato (o tshotswe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi le lesome le botlhano (1815) a bo a thokafala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le botlhano (1885). Leina "Seretse" le raya "mmu o o kopanyang" mme o ne wa fiwa rraagwe go keteka poelano ya ga rraagwe le rremogoloagwe; poelano eno e ne ya tlhomamisa gore Seretse Khama o tlhatlogela mo setulong sa bogosi fa rraagwe yo o tsofetseng a ne a tlhokafala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le botlhano (1925). Ian Seretse Khama o teeletswe ka rraagwe go tsweletsa boswa jono jwa hisetori. Gape o itsiwe ka leina Ian Khama go farologanya ene le rraagwe. Tshekedi Khama II, morwarraagwe Ian Khama, o ne a teeletswe ka malome wa bone, Tshekedi Khama yo e neng e le motlhokomedi le motlhokomedi wa ga Seretse Khama, Tautona wa ntlha wa Botswana.[5]
Thuto le tiro ya sesole
[fetola | Fetola Motswedi]Ian Khama o ne a rutwa kwa Waterford Kamhlaba, United World College kwa Mbabane,[6]le kwa Royal Military Academy Sandhurst.[7]Ke mokgweetsi wa sefofane yo o nang le bokgoni.[8]Ka kgwedi ya Moranang wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bosupa (1977), Khama o ne a tlhophiwa jaaka brigadier general a le dingwaga di le masome a mabedi le bone ka nako ya Bo Tautona jwa ga Sir Seretse Khama, a mo dira Motlatsa Molaodi wa Motlatsa Tautona wa maloba Lt. Gen. Mompati Merafhe. Moragonyana o ne a direla jaaka Molaodi wa Botswana Defence Force (BDF) go tloga ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe (1989 )go fitlha ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabobedi (1998). Ka nako eno, Khama o ne a amogela ditlotla tsa sesole, go akaretsa le Founder Officer Medal ka go nna karolo ya Botswana Defence Force fa e ne e tlhomiwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bosupa (1977), Duty Code Order ka go ineela mo tirong, le Distinguished Service Medal ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bosupa (1997) morago ga dingwaga di le masome a mabedi tsa tirelo.[9]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Khama ka nako ya ketelo ya semmuso kwa Chile ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bosupa (2017)
Khama, yo o neng a direla jaaka Molaodi wa Botswana Defence Force, o ne a itsise ka kgwedi ya Sedimonthole e le lesome le borataro ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bosupa (1997) gore o tla tlogela tiro ya gagwe ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mararo le bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabobedi (1998). Ka gore e ne e le letlha le le tshwanang le la go tlogela tiro ga Tautona Quett Masire, e ne ya tsosa dikakanyo tsa sepolotiki ka ga Khama.[10]Ka kgwedi ya Moranang e thola bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabobedi (1998), fa Motlatsa-Tautona Festus Mogae a ne a tlhatlhama Masire jaaka Tautona, Khama o ne a tlhophiwa jaaka motlatsa-Tautona e yo mošwa. Le fa go ntse jalo, Khama o ne a se na setilo mo Kokoanong ya Bosetšhaba, mme ka jalo o ne a sa kgone go simolola tiro ya gagwe jaaka motlatsa-Tautona . Kwa tshimologong ya kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabobedi (1998) o ne a fenya ditlhopho ka bontsi kwa Serowe North, a amogela dithopho di le dikete tse pedi le makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borataro kgatlhanong le dithopho di le masome a robabobedi le borataro tsa moemedi wa lekoko la kganetso la Botswana National Front.[11]Ka kgwedi ya Phukwi e le lesome le boraro , o ne a tsaya setilo sa gagwe mo Kokoanong ya Bosetšhaba mme a ikana jaaka motlatsa-Tautona.[12]Ka ditiro tse, o ne a tlogela maemo a gagwe a go nna tlhogo ya morafe a a neng a ise a ke a a tseye, ka gore dikgosi tsa molaotheo tsa Botswana wa segompieno di thibetswe semolao go nna le seabe mo dipolotiking tsa makoko. Bontsi jwa Bamangwato ba setso ba ne ba tswelela go mo tsaya jaaka moeteledipele wa bone.[13]
Morago ga phenyo ya Botswana Democratic Party (BDP) mo ditlhophong tsa kakaretso tsa kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe (1999), Khama o ne a sala e le motlatsa-Tautona mmogo le Tona ya Merero ya BoTautona le Tsamaiso ya Setšhaba. [14][15] Mogae o ne a fa Khama ngwaga o le mongwe wa khunologo moragonyana mo ngwageng oo, tshwetso e e neng ya tshwaiwa phoso thata ke lekoko la Botswana Congress Party[16][17]le Lekgotla la Botswana la Mekgatlho e e seng ya Puso. Khama's leave e ne ya simolola go dira ka kgwedi ya Ferikgong e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi (2000).[16] O ne a boela mo tirong ya gagwe jaaka motlatsa-Tautona ka kgwedi ya Lwetse e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi (2000), le fa a ne a emisediwa jaaka Tona ya Merero ya Tautona le Tsamaiso ya Setšhaba ka nako eo.[18]
Khama, yo e neng e setse e le leloko la BDP Central Committee,[19]o ne a tlhophiwa jaaka Modulasetilo wa BDP ka kgwedi ya Phukwi e le masome a mabedi le bobedi ka ngwaga wa dikete tse pedi le boraro (2003) kwa bokopano jwa mokgatlho; o ne a fenya modulasetilo wa pele, Ponatshego Kedikilwe, a amogela diboutu di le makgolo a matlhano le lesome le bobedi kgatlhanong le di le makgolo a mabedi le lesome le borobabongwe tsa Kedikilwe.Khama o ne a tshegeditswe ke Tautona Mogae mo maemong a gagwe, go bula tsela ya gore Khama kgabagare a tlhatlhame Mogae jaaka Tautona.[19][20]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "President Khama has a new official name". Mmegi Online. 11 February 2016. Retrieved 18 July 2017.
- ↑ "True to tradition, Khama is born to rule Botswana", Sapa-AFP (Pretoria News), 1 April 2008.
- ↑ "H.E. Lt General Serêtsê Khama Ian Khama | The AAS". www.aasciences.africa. Archived from the original on 16 April 2021. Retrieved 2021-04-16.
- ↑ Arnold, Guy (29 May 2002). "Obituary: Lady Ruth Khama". The Guardian.
- ↑ "President Seretse Khama | South African History Online". www.sahistory.org.za.
- ↑ "Waterford Kamhlaba Background". Archived from the original on 14 April 2012. Retrieved 23 December 2010.
- ↑ Gordon Bell "Botswana's leader to keep winning formula", Reuters (IOL), 30 March 2008.
- ↑ "Inside how Khama's love for flying took away Botswana's innocence | Sunday Standard". 11 November 2018. Retrieved 21 May 2024.
- ↑ "Khama barred from using BDF facilities". Botswana Weekend Post. 24 June 2019. Retrieved 21 May 2024.
- ↑ "Botswana: Army commander announces he will retire at end of March 1998", SAPA news agency (nl.newsbank.com), 18 December 1997.
- ↑ "Botswana: Ian Khama wins by-election and can therefore be vice-president", SAPA news agency (nl.newsbank.com), 6 July 1998.
- ↑ "Botswana: Ian Khama takes parliamentary seat, sworn in as vice-president", SAPA news agency (nl.newsbank.com), 13 July 1998.
- ↑ "Botswana's new high flyer". BBC. 2 April 2008. Retrieved 21 May 2024.
- ↑ Ernest Chilisa, "Major shake-up after Botswana poll", Saturday Star (IOL), 22 October 1999.
- ↑ "Botswana: President Mogae appoints new cabinet", Radio Botswana (nl.newsbank.com), 21 October 1999.
- 1 2 "Botswana: President Mogae faces court action", PANA news agency (nl.newsbank.com), 23 December 1999.
- ↑ "Botswana: Vice-president's year-long sabbatical leave criticized", PANA news agency (nl.newsbank.com), 3 January 2000.
- ↑ "Botswana: Vice-president "resumes duty"; cabinet reshuffle reported", Radio Botswana (nl.newsbank.com), 30 August 2000.
- 1 2 "BOTSWANA: FeatureTempolete:Spaced ndashleadership contest may test stability", IRIN, 19 June 2003.
- ↑ "BOTSWANA: Khama win eases Mogae's concerns", IRIN, 23 July 2003.