Botswana Defence Force

Botswana Defence Force ke lekgotla la sesole sa Botswana. Karolo e e botlhokwa ke ya lephata le le berekelang mo lefatsheng (Ground Force) go na gape le karolo ya ba ba berekelang mo go tsa difofane (air wing) le lephata la metsi (riverine) le le dirisang dikepe tsa Panther di le lesome le tse pedi tsa Boston Whaler Raider Class. [1] [2] [3]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]
E rile fa lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a marataro le borataro, la tsaya tshwetso ya go se ke le simolodise sesole mme la itebaganya le ditlhabololo le nyeletso lehuma, le ne la simolola lephata le le botlana la sepodise sa sesole ele tsela ya go sireletsa lefatshe. [4]Mme e ne yare makgotla a tshireletso a mafatshe a Rhodesia le Aforika Borwa a sena go sutlhelela molelwane ka dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe masome a supa, puso ya tsaya tshwetso ya gore lefatshe le tlhoka sesole go sireletsa moteledipele wa lone. BDF e simolotswe ke puso ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a supa le bosupa, Moranang a le malatsi a le lesome le botlhano. [5]
Sesole sa Botswana se ne sa simolola go disa molelwane wa Rhodesia ka dingwaga tsa fa ntwa ya Rhodesia le batho basweu e ya bokhutlong. E ne ya re ntwa e e fela lefatshe la Zimbabwe le tsaya boipuso, sesole se sa simolola go tlhoma leitlho lefatshe la Aforika Borwa. Ditlhopha tse di kgatlhanong le tlhaolele di ne di tshabela mo lefatsheng la Botswana, mme se sa baka go sutlhelela molelwane ga kgapetsakgapetsa ga sesole sa Aforika Borwa. Go tlhasela diofisi tsa Umkhonto we Sizwe kwa Gaborone ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le botlhano, kgwedi ya Seetebogiso e le malatsi a le lesome le bone, go ne ga tsisa diphetogo. Sesole sa Botswana se ne sa nna mo kgatelelong ya go emisa tlhaselo e, mme sa retelelwa ke go hula masole a Aforika Borwa. Sesole sa Botswana se ne sa tswala ditsela sa bo sa iletsa mesepele e le tsela ya go thibela ditlhaselo tse.
Morago ga phetogo ya tsa sepolotiki kwa Aforika Borwa le mo kgaolong, sesole sa Botswana se ne sa itebaganya le go thibela bogodu jwa diphologolo, go ipaakanyetsa le go thibela go tlhagoga ga matlhotlhapelo, (go akaretsa go batla le go golola ba ba amegileng), le go ema nokeng baeteledipele ba lefatshe le go tsisa kagiso gareng ga lefatshe la Botswana le a mangwe. Ka jaana e ne ele lekgotla le le ne le tshephiwa ke baeteledipele ba sepolotiki, ditiro tsa sesole sa Botswana di ne tsa oketsega go akaretsa tse di sa tlwaelesegang jaaka go tsibogela matlhotlhapelo le go nonotsha sepodise ka malatsi a boitapoloso le a borukutlhi bo yang ko godimo ka one. Go dira tiro ka botswapelo le go atlega mo ditirong tse puso e di neelang sesole, go ne ga baka go imetsa sesole tiro mo go eme nokeng baeteledipele. Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano, sesole sa Botswana se na sa fira e le lantlha masole a basadi a ma private.[6]
Go tokafatsa le go ntshafatsa didirisiwa
[fetola | Fetola Motswedi]Go tswa ka ngwaga wa dikete pedi le motso lefatshe la Botswana le dirisitse didikadike mo letsholong la go ntshafatsa sesole sa sone. BDF e ikaelela go reka didirisiwa tse disha di tshwana le difofane, dikoloi, le didirisiwa tsa tshireletso ga mmogo le go katisa mainjeniere le ba botegeniki.[7][7]
Sesole sa Botswana (BDF) se solofelwa go tswelela ka go reka didirisiwa, bogolo jang difofane tsa ntwa le tsa katiso, mafaratlhatlha a go itshereletsa ka go lebela kgakala, ditanka tsa ntwa le ditlhobolo. Ditheko tse dingwe di akaretsa tumalano ya dikoloi tse di sireleditsweng di le masome a mane le botlhano tsa Piranha III go tswa kwa komponeng ya Swiss ya GDELS-Mowag, didirisiwa tsa marumo go tswa kwa Elbit Systems kwa Israel, lefatshe la Botswana ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le ne la amogela mafaratlhatlha a tshireletso ya difofane VL MICA a a nnang fa fatshe.
Dithomo tsa mo gae
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le botlhano, sesole sa Botswana se ne sa diragatsa thomo ya go namola batho mo merwaleleng e e neng ya ama mafelo ka bontsi mo lefatsheng. [8] Ngwaga o o latelang, ba ne ba romela masole le didirisiwa kwa Sua Pan ka lenaneo la go boloka Sua (Operation save Sua) go itsa go phutlhama ga lebotana la Botswana Ash Plant le le neng le gomagomediwa ke go phutlhamisiwa ke merwalela. Masole a ne a baya dikgetsi tsa motlhaba di le dikete tse di masome a ferabongwe, le dithaere di le dikete tse di lesome le bobedi kwa thomong eo. [8] Ka nako ya merwalela e tlhasela motse wa Ramotswa le metsana e e mabapi ka Tlhakole ngwaga wa dikete pedi le borataro ditlhopha tsa sesole sa Botswana di ne tsa golola le go boloka matshelo a batho a le makgolokgolo.[8] Ka ngwaga wa dikete pedi le borobabongwe, sesole sa Botswana se na sa isa dithuso kwa sechabeng sa Kasane se se neng se tlhasetswe ke merwalela.[8]
Sesole sa Botswana se tsaya karolo gape mo lenaneong la go sireletsa diphologolo le go thibela bogodu jwa diphologo. Masole a Botswana a neetswe tetla ya go hula le go bolaya magodu a diphologo, ba nnile le dintwa tsa go hulana le magodu a diphologo a a neng a tshotse ditlhobolo. Magodu a diphologolo ka bontsi a bolailwe fa bangwe ba tshwerwe mo dithomong tse tsa sesole. [9] [7]Ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi, lesole ga mmogo le legodu la diphologo le ne la bolawa kwa Moremi Game Reserve fa masole ba ne ba hulana le magodu.[10]
Dithomo tsa go tsisa kagiso fa gare ga Botswana le mafatshefatshe
[fetola | Fetola Motswedi]Setlhopha sa sesole sa United Nations Operations in Somalia II (UNOSOM II) se ne sa neelwa marapo a go tsaya karolo mo letsomong la go tsosolosa kagiso le la Somalia ka nako ya ntwa kwa Somali ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi go ema ka sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro, le wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borarogo ema ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabaongwe le botlhano. Se se ne se dirwa ka tirisano mmogo le le sesole se se neng se eteletswe pele ke lefatshe la Amerika.

Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro ditlhopha tsa masole (United Nations Operation in Mozambique - ONUMOZ) a Botswana di ne tsaya karolo mo letsomong la go busetsa kagiso mo mannong la ba United Nations kwa Mozambique.
Setlhopha sa masole a Botswana sa United Nations Assistance Mission for Rwanda (UNAMIR II) se ne sa tsaya karolo ka go nna baela ditlhoko mo letsomong la go busetsa kagiso kwa Rwanda ka ngwaga wa sekete makgolo a robbaongwe masome a robabongwe le boraro go ema ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a robabaongwe le bone[11].
Mo letsomong la Southern African Development Community intervention in Lesotho (Operation Boleas) sesole sa Botswana se ne sa tsaya karolo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a robabaongwe le borobabobedi go ema ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabaongwe le borobabaongwe. Maitlamo a letsholo le e ne ele go ritibatsa dikgogakgogano kwa Lesotho. [12] Lefatshe la Botswana le ne la busetsa sesole sa lone mono gae fa seemo se sena go ritibala, se sa tlhole se ba tlhoka.
Ka Kgwedi ya Phukwi, ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, lefatshe la Botswana le ne la romela masole kwa Mozambique go nna bontlha bongwe jwa letsholo la sesole sa Southern African Development Community (SADC) go ema nokeng lefatshe la Mozambique mo go emiseng matshosetsi a ditsoolodi kwa kgaolong ya Cabo Delgado. Letsholo le la bidiwa Southern African Development Community Mission in Mozambique (SAMIM). [13]
Dithomo tse di potlana
[fetola | Fetola Motswedi]Sesole sa Botswana se ne gape sa romelwa go tsisa kagiso kwa Somalia le kwa Darfur kwa Sudan. [14]Se rometse gape badiri go bereka le ba African Union kwa Ethiopia le Eritrea, mme le na le balebeledi kwa Darfur le Sudan le ba UNAMID. [12]
Thulaganyo
[fetola | Fetola Motswedi]

Sesole sa Botswana sa ditiragalo tsa fa fatshe le agailwe ka mekgatlho e e latelang: [15]
- Setlhopha sa under-strength armored brigade se le sengwe
- Ditlhopha tsa light infantry di le pedi
- Setlhopha sa artillery brigade
- Setlhopha sa under-strength air defense se le sengwe
- Kompone ya bo engeneere e le nngwe
- Kompone ya signals e le nngwe
- Setlhopha sa logistics se le senngwe
Balaodi le sekolo sa badiri se kwa Glenn Valley. [16]
Dithuto le katiso ya sesole
[fetola | Fetola Motswedi]Go katisiwa ga babereki ba mo diofising go tsaya sebaka sa dikgwedi di le lesome le bobedi kwa sekolong sa Paje Officer Academy. Dithuto di akaretsa tsa motheo le tsa boeteledipele. Moikopeditiro o tshanetse gore a bo a na le thuto ya bachelor's degree. [17]
Madi a dithuso tsa dithuto le bokatisi jwa sesole go tswa kwa Amerika di botlhokwa mo lenaneong la go katisa badiri mo Botswana. Badiri ba Botswana ba feta masome a matlhano ba amogela bokatisi jwa sesole kwa Amerika ngwaga le ngwaga, ka ngwaga wa sekeet makgolo a robabongwe masome a robabaongwe le borobabongwe, go bolelwa fa badiredi ba sesole ba ka nna diperesente di le masome a ferabobedi le botlhano ba katisitswe ka lenaneo le.
Mafelo a ithutintsho - mafelo a go rutelwang kwa go one mo sesoleng sa Botswana a akaretsa Military College, Defence Command and Staff College, Sekolo se se rutelang go kgweetsa difofane (Flying Training School), Technical Training School, Peace Support Training Centre, All Arms Battle School le Joint Technical Training School. [18]
Sesole sa difofane sa sesole sa Botswana
[fetola | Fetola Motswedi]Tsebekgolo: Sesole sa difofane (Botswana)

Sesole sa difofane se tlhamilwe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bosupa, ke bontlha jwa sesole sa Botswana. Ditlhopha tsotlhe di filwe letshwao la Z le le dirisiwang go emela "setlhopha". Bothibelelo bo gaufi le Molepolole bo agilwe ke dikompone tsa mafatshe a sele gareng ga dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi go tsena ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabaongwe le borataro. Bothibelelo ke porojeke ya magato a mantsi e e akaretsang go dira tsela e difofane di tabogang mo go yone, marulelo a a tseneletseng le lefelo le le bayang didirisiwa, ofisikgolo, le matlo a le mantsi a boroko ga mmogo le dikago tse di a emang nokeng. Gantsi bo bidiwa porojeke ya Eagle, bothibelelo bo itemogetse ditlhabololo tse di tsweletseng fa e sale bo agiwa. Maemelo a mangwe a difofane a a dirisiwang ke a Sir Seretse khama International Airport kwa Gaborone le a Phillip Gaonwe Matante International Airport kwa Francistown.
Sefofane segolo se se dirisiwang ke sesole sa difofane ke sa Canada sa pele sa CF-116 tse mo gae di filweng lotshwao lwa BF-5. Difofane tsa CF-116 di ne tsa rekiwa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a robabaongwe le boraatro go emelela sa Strikemasters, ka tse dingwe tsa ditilo tse di ikemetseng le tse pedi tse di tsisitsweng ka ngwaga wa dikete pedi. Go tsaya mesepele, sesole sa difofane se dirisa difofane tsa Britten-Norman Defenders, CASA C-212 Aviocars, CASA CN-235 le C-130B Hercules. Tse disha tse di sa tswang go rekiwa tsa mesepele ke tsa AMARC C-130 Hercules go tlaleleletsa tse di teng tse pedi. Tlhakanyo ya difofane tsa tlhoo tomo tsa Bell 412EP le 412SP di kgweediwa ke setlhopha sa Z21 go dira ditirelo di le dintsi jaaka; go batla le go falotsa, tsa botsogo, go nna kgatlhanong le go tsoma diphologolotsa naga, le go tsamaisa sesole le batlotlegi.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Pike,John. "Botswana Defence Force (BDF)". globalsecurity.org. Archived from the original on 28 March 2018. Retrieved 28 March 2018.
- ↑ Pike,John."Botswana Navy". globalsecurity.org. Archived from the original on 28 March 2018. Retrieved 28 March 2018
- ↑ Martin, Guy. "Botswana – defenceWeb". defenceweb.co.za. Archived from the original on 21 July 2018. Retrieved 21 July 2018.
- ↑ "Ottawa Citizen – Google News Archive Search".Archived from the original on 2 November 2015.Retrieved 16 June 2015
- ↑ https://oldsite.issafrica.org/uploads/OURSELVESKENOSI.PDF Tempolete:Dead link
- ↑ "allAfrica.com: Botswana: BDF Recruits First Women Privates". allAfrica.com. Archived from the original on 3 February 2015. Retrieved 3 February 2015
- 1 2 3 editor,Online.(11 June 2015)." BDF commander justifies 'shoot to kill' against poachers | Sunday Standard" . Retrieved 2021-07-28.
- 1 2 3 4 Printing. Archived from the original on 26 August 2011.
- ↑ Henk, Dan (2005). "The Botswana Defence Force and the War against Poachers in Southern Africa". Small Wars & Insurgencies.16 (2): 170–191.doi 10.1080/09592310500079924. S2CID 143297356
- ↑ "Botswana – one soldier and one poacher killed in clash on Chief's Island". (2020-03-11). Africa Sustainable Conservation News. Retrieved 2021-07-28.
- ↑ "Republic of Botswana - Government portal". Archived from the original on 17 August 2011. Retrieved 30 July 2026
- 1 2 "Republic of Botswana - Government portal". Archived from the original on 17 August 2011. Retrieved 2011-01-10.
- ↑ "South African military deploys troops to Pemba, northern Mozambique". Retrieved 5 August 2021
- ↑ IRIN • humanitarian news and analysis from Africa, Asia and the Middle East. IRIN. Archived from the original on 23 March 2008.
- ↑ "The Military Balance 2021publisher=International Institute for Strategic Studies". (2021 ed). 25 February 2021. pp.450–451.ISBN 9781032012278
- ↑ BDF receives accolades for professionalism Tempolete:Webarchive, 19 May 2013.
- ↑ "Training Officer Cadets".. 168.167.134.123. Government of Botswana.Retrieved 27 August 2020.
- ↑ "Botswana Defence Force".. online.bdf.org.bw. Retrieved 2021-05-20.