Jump to content

Sydney Lohmann

Go tswa ko Wikipedia
Sydney Lohmann
Sydney Lohmann at the national team in 2023
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Sydney Matilda Lohmann[1]
Letsatsi la tsalo (2000-06-19) 19 June 2000 (age 23)
Lefelo la tsalo Bad Honnef, Germany
Bolele 1.76 m (5 ft 9 in)
Maemo Midfielder
Club information
Current team
Bayern Munich
Number 12
Youth career
SV Lengenfeld
VfL Kaufering
0000–2016 SC Fürstenfeldbruck
2016 Bayern Munich
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2016–2018 FC Bayern Munich II 15 (2)
2017– Bayern Munich 77 (18)
Setlhopha sa setshaba
2014–2015 Germany U15 6 (4)
2015–2016 Germany U16 7 (0)
2016–2017 Germany U17 16 (1)
2017–2019 Germany U19 10 (0)
2018– Germany 31 (4)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 08:28, 22 March 2023 (UTC)
‡ National team caps and goals, correct as of 19:24, 4 June 2024 (UTC)

Sydney Matilda Lohmann (peleto ya seJeremane: [ˈloːman]; yo o tshotsweng ka Seetebosigo a le lesome le boferabongwe ka 2000) ke motshameki wa kgwele ya dinao e e porofeshionale wa moJeremane yo o tshamekang fagare kwa setlhopheng sa Frauen-Bundesliga sa Bayern Munich le sa setlhopha sa setshaba sa Jeremane.[2]

Tiro ya setlhopha[fetola | Fetola Motswedi]

Sydney Lohmann o goletse kwa Pürgen kwa Upper Bavaria. Mo bongwaneng ja gagwe o tshameketse lantlha SV Lengenfeld, go tswa fa VfL Kaufering, tsotlhe di le mo kgaolong ya Landsberg am Lech.

Go tswa kwa setlhopheng sa banana sa SC Fürstenfeldbruck, Lohmann a fetolela kwa lephateng la banana la FC Bayern Munich mo setlheng sa 2016–17. Mo setlhopheng sa B sa banana, a tshameka metshameko e le merataro mo Bundesliga e nnye mme a nosa dino tse pedi. Tshameko ya gagwe ya ntlha ka Lwetse wa 2016 a le lesome le bosupa (letsatsi la motshameko la ntlha) mo phenyong ya dino tse tharo go e le nngwe mo motshamekong wa mo gae kgatlhanong le setlhopha sa B sa bananasa 1. FC Nürnberg a o fetsa ka nno ya gagwe ya ntlha, nno ya go dira motshameko 2-0 ka tlhago ya penaliti mo motsotsong wa masome mabedi.[3]

Gone mo nakong eo, Lohmann o ne a setse a dira mo setlhopheng sa bobedi kwa Bundesliga ya bobedi ya borwa. Kwa go seo o dirile tshameko ya gagwe ya ntlha ka Phatlwe wa 2016 a le masome mabedi le boferabobedi (letsatsi la ntlha la metshameko) mo phenyong ya nno go lefela kwa ntle ga gae kgatlhanong le setlhopha sa 1. FC Saarbrücken. Mo legatong la bobedi kgatlhanong le setlhopha se, a nosa nno ya gagwe ya ntlha mo motsotsong wa bo masome a ferabobedi le bobedi mo phenyong ya dino tse tharo go e nngwe kwa gae ka Tlhakole wa 2017 a le lesome le boferabobedi (letsatsi la metshameko la bo lesome le bobedi) ka nno e e neng e dira 2-1.

Ka Mopitlo wa 2017 a le lesome le boferabongwe (letsatsi la metshameko la bo lesome le bone), motshamekagare yo o yo o tlhaselang, a dira tshameko ya gagwe ya ntlha mo Bundesliga fa Bayern Munich e latlhegelwa ka dino tse pedi go lefela mo motshamekong wa kwa ntle ga gae kgatlhanong le VfL Wolfsburg mo metsotsong e masome a ferabongwe. O ne a nosa nno ya gagwe ya ntlha ya Bundesliga ka Ngwanatsele a le malatsi a matlhano ka 2017 (letsatsi la metshameko la bosup) mo phenyong ya dino tse tharo go e le nngwe mo motshamekong wa mo gae kgatlhanong le MSV Duisburg, a nosa go dira 2-1 mo motsotsong wa masome mabedi le boferabobedi. Ka tlhago ya penaliti ya gagwe e nositswe mo motsotsong wa masome a ferabongwe kwa SGS Essen ka Phalane a le malatsi a mane ka 2020 (letsatsi la metshameko la bone), o ne a seka a nosa nno ya phenyo fela go dira 2-0, mme e ne e le nno ya sekete ya setlhopha sa Bayern mo Bundesliga.

Ka Ngwanatsele a le gatlhano ka 2020, Lohmann a oketsa tumalano ya gagwe le FC Bayern Munich go ralala 2024.[4]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "FIFA U-17 Women's World Cup Jordan 2016 – List of Players: Germany" (PDF). FIFA. 20 October 2016. p. 5. Archived from the original (PDF) on 6 October 2018. Retrieved 27 December 2021.
  2. "Sydney Lohmann" (in German). DFB.de
  3. "Sydney Lohmann".
  4. "Nationalspielerin Sydney Lohmann verlängert beim FC Bayern". DFB - Deutscher Fußball-Bund e.V.