Tansey Coetzee

Go tswa ko Wikipedia

Tansey Coetzee  yo o tshotsweng ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a ferabobedi ngwaga wa 1984, ke mmabontle wa  mo Aforika Borwa yo o tshegeditseng tlotla ya mma Aforika Borwa ya ngwaga wa 2007( Miss South Africa,2007). Ene ya re morago aya go emela lefatshe la Aforika Borwa kwa dikgaisanong tsa mmalobopo tsa 2008 kwa Nha Trang, Vietnam koo a ileng a nna mongwe wa basetsana ba ba lesome le botlhano ba ba mo legatong la seka ma kgaola kgang. Keene fela mma Aforika Borwa wa ntlha mo ditsong wa letso lele kopaneng go fitlhelela maemo aa kwa godimo mo dikgaisanong tsa mmalobopo le mma mafatshefatshe. Ke bale bane fela bo mma Aforika Borwa ba ba kileng ba kgona kana ba fitlhelela se. O tsene sekole se segolwane kwa Rooderport mo Allen Glen High School.

Tshedimosetso[fetola | Fetola Motswedi]

One gape a emela lefatshe la ga bone mo dikgaisanong tsa mma mafatshefatshe tsa 2008 mo Johannesburg gone mo Aforika Borwa, ka kgwedi ya Morule e tlhola malatsi ale lesome le boraro, ngwaga wa 2008. koo eneng ele mongwe wa ba ba tlhano baba itlhomileng ko pele.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]