Tebelelo Seretse

Go tswa ko Wikipedia

KA GA ENE[fetola | Fetola Motswedi]

Tebelelo Mazile Seretse ke mosadi wa ntlha go nna moemedi wa lefatse la Botswana ko lefatsheng la Ditshaba Tse di Kopaneng tsa Amerika-United States of America go simolala ka kgwedi ya Tlhakole a tlhola malatsi a le lesome le metso e mene mo ngwageng wa kete pedi le lesome le motso (11 Tlhakole 2011). Ka nako ya ha a le mopalamente, ka ngwaga wa 1999-2004, o nnile tona mo mehapheng e meraro e: Motswarelela Tona ya tsa Ofisi ya ga Tautona (Acting Minister of Presidential Affairs), Tona ya tsa Papadi le Madirelo, Diphologolo-Makgabisanaga le Bojanala, (Minister of Trade and Industry, Wildlife and Tourism) le Tona ya tsa Ditiro, Mesepele le Ditlhaeletsano ( Minister of Works, Transport and Communications)[1].

O ne a nna Moeteledipele le Modulasetilo wa RPC Data Limited e e leng kompone e kgolo ya ditirelo tse di tswakantsweng tsa botegeniki jwa kitso mo Botswana.[2].

DITHUTEGO[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Seretse o alogile mo dithutong tse di potlana tsa Itsholelo (BA in Economics) le tsa Dipalo tsa madi (BA in Accounting) ko sekolong se segolo sa ithutelo ditiro sa Morgan State University pele a ya go dira dithuto tsedi kgolwane tsa bommantswitswidi ko unibesithing ya Cincinnati le dithuto tsedi potlana tsa molao mo Onibesithing ya Botswana.[1]

Ka Lwetse 2021, Tona ya Thuto e Kgolwane, Dipatlisiso, Maranyane le Botegeniki e leng Dr. Douglas Letsholathebe o ne a dira kitsiso ya gore Mme Seretse o tlhomilwe go nna Mogokgo wa unibesithi ya Botswana. Go tlhomiwa mo ga ga Mme Tebelelo Mazile Seretse e le mogokgo wa Unibesithi Ya Botswana go dirilwe ke Tautona Mokgweetsi Masisi go simolola ka Lwetse a tlhola gangwe 2022 go fitlhela ka Phatwe a le malatsi a le masome mararo le motso o le mongwe ka ngwaga wa 2026.

METSWEDI[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Tebelelo Mazile Seretse". Meridian International Center. Retrieved 13 July 2020.
  2. TEBELELO MAZILE SERETSEAMBASSADOR EXTRAORDINARY & PLENIPOTENTIARY, EMBASSY OF THE REPUBLIC OF BOTSWANA Accessed on 26 October 2022