Tempolete:POTD protected/2022-08-11

Go tswa ko Wikipedia
Senepe sa tsatsi leno

Batswana ke morafe wa Aferika, o thata o agileng kwa Aferika Borwa. Bonyenyane jwa morafe o bo fitlhelwa mo Botswana kwa bodirileng morafe o motona Mmino wa Setswana ga o a tlwaelesega ka go tlhoka tiriso ya Meropa , gape o ikaegile thata mo didirisiweng tsa mmino tsa mefuta ya katara le go opela. Didirisiwa tse dingwe di akaretsa segaba le setinkane. Segaba se tshwana thata le violin, ka go dirwa, mme se dirisa leseka le le lengwe le le hakisitsweng mo sebagabikeng. Fa setinkane sone se dirwa ka ditshipi tse difarologanyeng tse di se phaphathi mme di tshamekiwa jaaka keyboard. Ka nako ya bokoloni, mokgwa wa mmino wa setswana o ne o kgalwa ka gore o ne o kaiwa fa kgoreletsa ditlhabololo mo kgaolong le mo bathong. Go tsweng boipuso jwa Botswana, tsela kgotsa mekgwa ya mmino e ne ya busetswa mo tirisong, le fa mmino e le malwa go tsweng gongwe le gongwe mo Aferika, United States le Europa e setse e tsere phekeloe sele go ya ka fa e ratiwang ka teng.