Jump to content

Thuso Mbedu

Go tswa ko Wikipedia

Thuso Nokwanda Mbedu[1] o tsetswe ka Phukwi a tlhola malatsi a le 8 ka ngwaga wa1991,[2] ke motshameki wa mosadi wa telebishene wa Aforika Borwa. O ne a tuma thata ka ntlha ya motshameka o wa gagwe mo thulaganyong ya terama ya basha ya Aforika Borwa ya Is'Thunzi e a neng a tlhophiwa ka go latelana go nna le kabo ya International Emmy ka 2017 le 2018.[3] Morago ga nako e e rileng, Mbedu o ne a tlhagelela mo lenaaneng la 2018 la Forbes Africa 30 under 30.[4]

Ka 2021, o ne a tshameka mo thulaganyong ya Amazon Video ya The Underground Railroad a tshamekela moanelwa Cora, e e neng ya dira gore e nne ene mosadi wa ntlha wa motshameko mo Afrika Borwa go etelela pele thulaganyo ya thelebishene ya Amerika,[5] mme ya mo dira gore a amogele kabo ya Independent Spirit Award e le thotloetso ya Best Female Performance in a New Scripted Series.[6] Morago ga moo a dira bontlha jwa botlhokwa ka filimi ya gagwe ya ntlha mo hisetoring ya Amerika ya The Woman King ka ngwaga wa 2022 e le moanedi Nawi.[7]

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Mbedu o tsholetswe kwa Midlands Medical Centre kwa Pietermaritzburg, KwaZulu-Natal, mmaagwe e le wa losika lwa BaZulu mme rraagwe ene e le wa lotso lwa BaSotho le BaXhosa.[8][9][10] .O godisitswe kwa Pelham ke nkoko wa gagwe yo o neng a nna motlhokomedi wa gagwe wa semolao morago ga go latlhegelwa ke batsadi ba gagwe ba le babedi a santse a le monnye.

Mbedu o ne a tsena sekolo se se potlana sa Pelham Primary School mme morago ga moo a ya go se segolwane sa Pietermaritzburg Girls' High School.[11] O ne a tswelela go ithutela Physical Theatre and Performing Arts Management kwa University of the Witwatersrand (Wits), a aloga ka 2013 ka tlotlo, morago ga go tsaya khoso kwa Stellar Adler Studio of Acting kwa New York City ka 2012.[12][13][10]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]
Thuso Mbedu

Kwa bokhutlong jwa 2014, Mbedu o ne a tshamekela paka ya bobedi ya Isibaya ya Mzansi Magic, pele ga a ka bona seabe sa gagwe jaaka moithuti wa bobegadikgang le boanedi jwa ngwana yo o sa laolesegeng, Kitso mo Scandal!. [14]Morago ga moo o ne a nna moanelwa wa moeng Kheti mo pakeng ya bobedi ya SABC 2 mo terameng ya Snake Park, le seabe se segolo e le Boni Khumalo mo motshamekong o o latelanang wa thelebishene wa Saints and Sinners.[4].

Morago ga go tlhoka tiro dikgwedi di le thataro, Mbedu o ne a bona tiro ya botshameki ya ntlha mo thelebisheneng a tshamekela thulaganyo ya terama ya basha tsa Mzansi Magic Is'Thunzi, e e neng ya tlhagelela la ntlha ka Diphalane 2016.[15][16] Mo tatelanong eno, o ne a tshameka Winnie, yo o neng a ratang go dira dilo ka tsela e e sa siamang a lora go nyalwa ke motshameki wa rugby yo o humileng e bile a tumile mme fela ditoro tsa gagwe di phutlhama fa a isiwa go ya go nna le mmangwane wa gagwe yo o neng a rata tatelo ya molao kwa Bergville. Fa a ne a dira filimi ya tiragalo ya petelelo ya motshameko o, o ne a tsenwa ke letshogo.[17] Ka Lwetse 2017, o ne a tlhophelwa kabo ya International Emmy Award mo setlhopheng sa Best Performance by an Actress ka ntlha ya seabe sa gagwe sa motshameki Winnie mo Is'Thunzi[18] mme e le ene fela Mo-Afrika yo o neng a tlhopilwe mo ngwageng oo.[19]

Mbedu o simolotse go tshamekela moanelwa Cora ka 2021 mo Amazon Video a tshamekela The Underground Railroad, e e neng e theilwe mo bukeng ya leina le tshwana le ya ga Colson Whitehead mme e kaelwa le go tlhagisiwa ke mofenyi wa Academy Award Barry Jenkins.[20][21] Mbedu o ne a amogela kabo ya Hollywood Critics Association Award, Independent Spirit Award, le Gotham Award ka ntlha ya motseletsele ono.[22]

Ka Moranang 2021, go ne ga begwa gore Mbedu o tla dira filimi ya gagwe ya ntlha a tshameka Nawi le Viola Davis mo The Woman King, e e tlhotlheleditsweng ke ditiragalo tsa boammaaruri tse di diragetseng tsa Bogosing jwa Dahomey,[23] nngwe ya dinaga tsa Afrika tse di maatla ka dingwagakgolo tsa bo 18 le 19. Filimi eno e ne e kaelwa ke Gina Prince-Bythewood, go tswa mo mokwalong wa mokwadi mmogo wa Fatherhood Dana Stevens.[24].[7][25]

Ka 2023, Mbedu one a nna moemedi le mmueledi wa L'Oreal wa Sub-Saharan Afrika.[26][27] Ka Phatwe 2023, a anela 'The not-quite-redemption of South Africa's infamous ultra-marathon cheats'[28] mo Curio, e leng sedirisiwa sa go rekota.

Ngwaga Setlhogo Seabe sa gagwe Dintlha
2018 JJC: Johnny O tla Fela Fifi Metlae
2022 Kgosi ya Mosadi Nawi Tiro/Trama/Hisitori
2024 Mufasa: Kgosi ya Tau (Lentswe) Mo go dirweng ga yone
  1. https://www.iol.co.za/tags/thuso-mbedu
  2. "6 things you may not know about Thuso Mbedu". iOL. 20 September 2018. Retrieved 8 April 2023.
  3. actress Thuso Mbedu gets International Emmy nomination
  4. "Under 30 Creatives - Forbes Africa". Retrieved 27 November 2022.
  5. Jadezweni, Afika. "Thuso Mbedu as the first SA actress to play a leading role in a U.S. series is our new Trevor Noah". Life. Retrieved 8 April 2023.
  6. Schaffstall, Katherine (7 March 2022). "Spirit Awards: Lee Jung-jae, Thuso Mbedu Become First-Time Winners for Best Male, Female Leads in TV Series". The Hollywood Reporter. Retrieved 27 November 2022.
  7. 7.0 7.1 Kroll, Justin (28 April 2021). "'Underground Railroad's Thuso Mbedu To Star Opposite Viola Davis In 'The Woman King King'". Deadline. Retrieved 28 April 2021.
  8. "Thuso Mbedu takes on Hollywood as she makes her big-screen debut". gq.co.za. Retrieved 26 June 2023.
  9. "Thuso Mbedu". TVSA.
  10. 10.0 10.1 Naidoo, Deepika (28 September 2020). "'I had no clue what they were saying'-Thuso Mbedu on connecting with her Sotho heritage". Retrieved 3 November 2021.
  11. Kunene, Nompilo (30 January 2017). "From PMB to the world's TVs". Retrieved 21 October 2021.
  12. "Meet the first South African actress to lead an American series!!!". Good Things Guy. 17 April 2019.
  13. "10 Things You Didn't Know About Scandal Actress Thuso Mbedu". Youth Village. 16 May 2016.
  14. "Thuso Mbedu on how she made it against all odds". News24. 28 July 2017.
  15. "Thuso Mbedu: From out of work to Emmy nominee" (in en). Channel24. https://www.channel24.co.za/TV/News/thuso-mbedu-from-out-of-work-to-emmy-nominee-20180211. 
  16. "Here's 5 things you need to know about actress Thuso Mbedu" (in en-US). TimesLIVE. https://www.timeslive.co.za/tshisa-live/tshisa-live/2017-09-28-heres-5-things-you-need-to-know-about-actress-thuso-mbedu/. 
  17. "Thuso Mbedu Is Leaving For The International Emmys With Hope For South Africans" (in en-ZA). Huffington Post South Africa. Archived from the original on 14 October 2018. https://web.archive.org/web/20181014043145/http://www.huffingtonpost.co.za/2017/11/13/thuso-mbedu-is-leaving-for-the-international-emmys-with-hope-for-south-africans_a_23275431/. 
  18. "Thuso Mbedu on life after Emmy nod: 'The truth is we are very dispensable'" (in en-US). Times LIVE. https://www.timeslive.co.za/tshisa-live/tshisa-live/2018-01-18-thuso-mbedu-on-life-after-emmy-nod-the-truth-is-we-are-very-dispensable/. 
  19. "'Is'thunzi' star Thuso Mbedu nominated for #Emmy Award | IOL Entertainment" (in en). https://www.iol.co.za/entertainment/celebrity-news/local/isthunzi-star-thuso-mbedu-nominated-for-emmy-award-11386771. 
  20. Ramos, Dino-Ray (21 October 2020). "'The Underground Railroad' Teaser: Barry Jenkins Offers First Glimpse Of Thuso Mbedu As Cora In Amazon Limited Series". Deadline. Retrieved 21 October 2020.
  21. "Thuso Mbedu can't wait for viewers to see her new series with Barry Jenkins". Channel. Retrieved 21 October 2020.
  22. Ngwenya, Nkhensani (30 August 2021). "Thuso Mbedu Walks Away With An International Award". Surge Zirc SA. Archived from the original on 30 August 2021. Retrieved 30 August 2021.
  23. Höffele, Lerato. "Thuso Mbedu bags role alongside Viola Davis in 'The Woman King'". ewn.co.za. Retrieved 30 April 2021.
  24. "Africans making waves in Hollywood". SowetanLIVE. Retrieved 30 April 2021.
  25. Morkel, Graye. "Thuso Mbedu to star opposite Viola Davis in The Woman King". Channel. Retrieved 30 April 2021.
  26. "The Woman King star Thuso Mbedu named L'Oréal Paris Brand Ambassador". Cosmetics Business. Retrieved 23 June 2023.
  27. "Thuso Mbedu named L'Oréal Paris brand ambassador". News24. Retrieved 23 June 2023.
  28. "Thuso Mbedu: The infamous marathon cheats". Curio.