Jump to content

Thuto mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Thuto tse dikgolwane mo Botswana ke mahala kgotsa boitlhopelo.[1][2] Mo ngwageng wa 2002, palo ya ntlha ee sa rurifadiwang e ne e le selekanyo sa lekgolo le boraro mo lekgolong, mme ee rurufaditsweng yone ya ntlha e ne e le masome a borobabobedi le motso mo lekgolong.[1] Go kgaogangwa ga bana ba ba tsewang mo dikolong go itebagantse le palo ya baithuti ba ba kwadisiwang kwa dikolong tse di potana gape ga go amane gope le go tsena sekolo sentle ga bana. Dipalo tse di ntsha tsa go tla sekolong mo dikolong tse di potana ga di mo Botswana.[1] Go ya ka dipalo tsa ngwaga wa 2001, masome a borobabobedi le borataro mo lekgolong a bana ba ba simolotseng dithuto tse di potana ba ne ba batlile go fitlhelela kwa lokwalong lwa botlhano.[1] Mo tsamaisong ya thuto ya mo Botswana, basimane le basetsana ba nale tepetepano mo go fiweng dithuto. Basetsana, ka gorialo, ba ka nna ba tswa mo dikolong tse dikgolwane ka ntata ya boimana.[1]

Botswana o dirile tse dintsi mo go tlhabololeng thuto morago ga go tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966.Botswana Morago ga seo go ne go nale baalogani ba ba potana mo lefatsheng gape Batswana ba palo potana ba tsene dikolo tse dikgolwane. Ka ponagalo ya ditemane morago ga go tsaya boipuso le go oketsega ga madi a puso, go ne ga nna le koketsego ee kwa godimo ya go aba thuto mo lefatsheng. Baithuti botlhe ba ne ba fiwa dingwaga tse di lesome tsa go ithuta,se se ba fitlisetsa kwa dithutong tse dikgolwane tsa Junior Certificate. E ka ne e le bontlha bongwe jwa palo ya batho mo sekolong ba ba tsweledisang ka ngwaga tse pedi tsa mo sekolong se se golwane se se isang moithuti kwa mphong ya go fiwa setlankana sa Botswana General Certificate of Education (BGCSE). Fa o sena go tlogela sekolo, baithuti ba ne ba ka tsena sekolo mo dikolong tsa ithutelo tiro di le borataro mo lefatsheng,kgotsa ba ithuthuntsha mo dithutong dingwe tsa borutabana kgotsa booki. Moithuti yo o gaisitseng botlhe o ne a ya go tsena kwa mmadikolo ebong University of Botswana, Botswana College of Agriculture, le Botswana Accountancy College mo Gaborone. Palo ee ntsi ya bana ba kwa mmadikolo e solofetswe, fa kago ya bobedi ya mmadikolo mo lefatsheng, ebong Botswana International University of Science and Technology, e fediwa. Bontsi jwa bana ba felela ba tsene dikolo kwa dikholetsheng tse eseng tsa puso mo lefatsheng. Bontsi jwa baithuti ba tsengwa sekolo ke puso. Dipoelo ga di ise di ko di tshwantshangwe le tsa boleng jo bo rileng. Dikolo tse di potana di santse di tlhoka didirisiwa, gape barutabana ba duelwa madi aa kwa tlase go nale badiri ka bone ba kwa dikolong tse dikgolwane.Botswana Mo kgweding ya Ferikgong ngwaga wa 2006, Botswana o ne a simolodisa tuelo ya dithuto morago ga dingwaga ngwaga tse pedi tsa thuto ee neng e fiwa mahala .[2]

Thuto ke yone konokono ya botshelo ke moo go leng matshwanedi gore e tsewe ka tlhwaafalo.Baithuti ba tshwanetse go nna ba ithuta gore ba tle go atlega mo botshelong.Ke tshwanelo ya puso go bona gore baithuti ba fiwa dithuto tse di lebanyeng gore ba tle ba kgone go baya lefatshe mo maemong aa fa godimo bogolo jang baithuti ba kwa mmadikolo.

  1. 1 2 3 4 5 {1}Botswana {/1} 2005 Findings on the Worst Forms of Child Labor . Ba lekgotla le le inamololang mafatshe ka kakaretso, U.S. Lephata la metse selegae (2006). Koranta e e nale molaetsa go tsweng mo tshimologong, e e leng ponagadi ya {0 }phatalatsa.
  2. 1 2 "Botswana brings back school fees". BBC News. 2006-01-11. http://news.bbc.co.uk/1/hi/world/africa/4601360.stm. Retrieved 2010-05-01.

Dithuto mo Botswana di felela ka lekwalo la lesome le bobedi.

Dikgolagano tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Education in Africa

Tempolete:Education-stub

Dikaralo tsa thuto mo Botswana

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba bannye

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba ba nnye, ke sekolo se se sa pateletsweng ,se akaretsa thuto ya bana ba ba nnye e e direlwang mo ntlwaneng ya borutelo .Sekolo se ke sa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse tlhano go ya go di le thataro. Dintlha tsa tlhokomelo ya bana ba ba nnye le thuto ya bone di ne tsa akarediwa mo melaong e e tlhabolotsweng ya thuto kgotsa (RNPE) ka ngwaga wa 1994. [1] Boikarabelo bo bontsi jwa go fa ditlamelo tsa mananeo a thuto ya bana ba bannye bo mo makalaneng a dikgwebo tse e seng tsa ga goromente le a setšhaba go na le mo pusong.[2]</ref> Ba ba thusang ka go tlamela thuto ya bana ba bannye e a bo ele fela go ikemela ka dinao ga bone go batla tshono ya go itshetsa ka kgwebo e, se e le go araba dikeletso tsa batsadi kgotsa batlhokomedi ba ba nang le letseno le le fa godimonyana e bile ba na le bokgoni jwa go isa bana ba bone dikolong tseo kgotsa e le go arabela diphetogo tsa ga segompieno mo lefatsheng ka bophara tsa paakanyetso ya thuto ya bana.[3]</ref> Mananeo a le mantsi a a itebagantseng le baagedi ba mafelo a a farologaneng, dikgwebo, mekgatlho e e thusang e e sa direng dipoelo, merafe ya sedumedi le batho fela ba ba ikemetseng ka nosi ba tlhokomelo ya bana ke dikai tsa batho ba ba fang thuto ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo. [4] Sekolo sa bana ba bannye se ka akaretsa thuto ya sengwe le sengwe kgotsa se ka nna le dithuto tse e leng gore se tsepame mo go tsone thata, jaaka thuto ya botaki le tiro ya diatla, thuto ya bodumedi, katiso mo go tsa metshameko, kgotsa go ithuta puo ya batswakwa, fa godimo ga moo se ntse se e fa le ditlamelo tsa thuto ya kakaretso. Mosola wa thuto ya bana ba bannye ga o ka ke wa gatelelwa go feta selekanyo ka gore bana ba gola go ya ka kgolo ya tlhaloganyo ga mmogo le go buisana le batho.

Dikaralo tsa thuto mo Botswana

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba bannye

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba ba nnye, ke sekolo se se sa pateletsweng ,se akaretsa thuto ya bana ba ba nnye e e direlwang mo ntlwaneng ya borutelo .Sekolo se ke sa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse tlhano go ya go di le thataro. Dintlha tsa tlhokomelo ya bana ba ba nnye le thuto ya bone di ne tsa akarediwa mo melaong e e tlhabolotsweng ya thuto kgotsa (RNPE) ka ngwaga wa 1994. [5] Boikarabelo bo bontsi jwa go fa ditlamelo tsa mananeo a thuto ya bana ba bannye bo mo makalaneng a dikgwebo tse e seng tsa ga goromente le a setšhaba go na le mo pusong.[6]</ref> Ba ba thusang ka go tlamela thuto ya bana ba bannye e a bo ele fela go ikemela ka dinao ga bone go batla tshono ya go itshetsa ka kgwebo e, se e le go araba dikeletso tsa batsadi kgotsa batlhokomedi ba ba nang le letseno le le fa godimonyana e bile ba na le bokgoni jwa go isa bana ba bone dikolong tseo kgotsa e le go arabela diphetogo tsa ga segompieno mo lefatsheng ka bophara tsa paakanyetso ya thuto ya bana.[7]</ref> Mananeo a le mantsi a a itebagantseng le baagedi ba mafelo a a farologaneng, dikgwebo, mekgatlho e e thusang e e sa direng dipoelo, merafe ya sedumedi le batho fela ba ba ikemetseng ka nosi ba tlhokomelo ya bana ke dikai tsa batho ba ba fang thuto ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo. [4] Sekolo sa bana ba bannye se ka akaretsa thuto ya sengwe le sengwe kgotsa se ka nna le dithuto tse e leng gore se tsepame mo go tsone thata, jaaka thuto ya botaki le tiro ya diatla, thuto ya bodumedi, katiso mo go tsa metshameko, kgotsa go ithuta puo ya batswakwa, fa godimo ga moo se ntse se e fa le ditlamelo tsa thuto ya kakaretso. Mosola wa thuto ya bana ba bannye ga o ka ke wa gatelelwa go feta selekanyo ka gore bana ba gola go ya ka kgolo ya tlhaloganyo ga mmogo le go buisana le batho.

Puso ya Botswana go simolola ka ngwaga wa 2015 e simolotse go bula mananeo a thuto ya bana ba bannye mo dikoleng tse dipotlana tse dintsi tsa puso mo lefatsheng ka bophara ka maikaelelo a go rotloetsa thuto ya bana ba bannye. [4] Se se simolotse ka go bula ntlwana ya borutelo ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo pele ga ba dira lokwalo la ntlha, se se dirwa morago ga baithuti ba lokwalo la bosupa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. Dintlwana tsa bone tsa borutelo di ne di tlaabo di sena ope mo mafelong a ngwaga otlhe wa dithuto, ka jalo ka tsela e o ba ka kgona go amogela bana ba o ba ba dingwaga di le botlhano. Go tswelela ka seo, puso jaanong e tsenya tirisong lenaneo la dingwaga di le pedi la bana ba dingwaga di le bone le botlhano. Fa godimo ga moo, puso ya Botswana le yone e simolotse go ela tlhoko thata thuto ya bana ba bannye.

Dikaralo tsa thuto mo Botswana

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba bannye

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba ba nnye, ke sekolo se se sa pateletsweng ,se akaretsa thuto ya bana ba ba nnye e e direlwang mo ntlwaneng ya borutelo .Sekolo se ke sa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse tlhano go ya go di le thataro. Dintlha tsa tlhokomelo ya bana ba ba nnye le thuto ya bone di ne tsa akarediwa mo melaong e e tlhabolotsweng ya thuto kgotsa (RNPE) ka ngwaga wa 1994. [8] Boikarabelo bo bontsi jwa go fa ditlamelo tsa mananeo a thuto ya bana ba bannye bo mo makalaneng a dikgwebo tse e seng tsa ga goromente le a setšhaba go na le mo pusong.[9]</ref> Ba ba thusang ka go tlamela thuto ya bana ba bannye e a bo ele fela go ikemela ka dinao ga bone go batla tshono ya go itshetsa ka kgwebo e, se e le go araba dikeletso tsa batsadi kgotsa batlhokomedi ba ba nang le letseno le le fa godimonyana e bile ba na le bokgoni jwa go isa bana ba bone dikolong tseo kgotsa e le go arabela diphetogo tsa ga segompieno mo lefatsheng ka bophara tsa paakanyetso ya thuto ya bana.[10]</ref> Mananeo a le mantsi a a itebagantseng le baagedi ba mafelo a a farologaneng, dikgwebo, mekgatlho e e thusang e e sa direng dipoelo, merafe ya sedumedi le batho fela ba ba ikemetseng ka nosi ba tlhokomelo ya bana ke dikai tsa batho ba ba fang thuto ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo. [4] Sekolo sa bana ba bannye se ka akaretsa thuto ya sengwe le sengwe kgotsa se ka nna le dithuto tse e leng gore se tsepame mo go tsone thata, jaaka thuto ya botaki le tiro ya diatla, thuto ya bodumedi, katiso mo go tsa metshameko, kgotsa go ithuta puo ya batswakwa, fa godimo ga moo se ntse se e fa le ditlamelo tsa thuto ya kakaretso. Mosola wa thuto ya bana ba bannye ga o ka ke wa gatelelwa go feta selekanyo ka gore bana ba gola go ya ka kgolo ya tlhaloganyo ga mmogo le go buisana le batho.

Puso ya Botswana go simolola ka ngwaga wa 2015 e simolotse go bula mananeo a thuto ya bana ba bannye mo dikoleng tse dipotlana tse dintsi tsa puso mo lefatsheng ka bophara ka maikaelelo a go rotloetsa thuto ya bana ba bannye. [4] Se se simolotse ka go bula ntlwana ya borutelo ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo pele ga ba dira lokwalo la ntlha, se se dirwa morago ga baithuti ba lokwalo la bosupa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. Dintlwana tsa bone tsa borutelo di ne di tlaabo di sena ope mo mafelong a ngwaga otlhe wa dithuto, ka jalo ka tsela e o ba ka kgona go amogela bana ba o ba ba dingwaga di le botlhano. Go tswelela ka seo, puso jaanong e tsenya tirisong lenaneo la dingwaga di le pedi la bana ba dingwaga di le bone le botlhano. Fa godimo ga moo, puso ya Botswana le yone e simolotse go ela tlhoko thata thuto ya bana ba bannye.

Thuto-potlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Thuto e e potlana e simolola ka kamogelo ya bana ba ba iseng ba simolole lekwalo la ntlha go fitlha ka lokwalo la bosupa.

Dikaralo tsa thuto mo Botswana

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba bannye

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba ba nnye, ke sekolo se se sa pateletsweng ,se akaretsa thuto ya bana ba ba nnye e e direlwang mo ntlwaneng ya borutelo .Sekolo se ke sa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse tlhano go ya go di le thataro. Dintlha tsa tlhokomelo ya bana ba ba nnye le thuto ya bone di ne tsa akarediwa mo melaong e e tlhabolotsweng ya thuto kgotsa (RNPE) ka ngwaga wa 1994. [11] Boikarabelo bo bontsi jwa go fa ditlamelo tsa mananeo a thuto ya bana ba bannye bo mo makalaneng a dikgwebo tse e seng tsa ga goromente le a setšhaba go na le mo pusong.[12]</ref> Ba ba thusang ka go tlamela thuto ya bana ba bannye e a bo ele fela go ikemela ka dinao ga bone go batla tshono ya go itshetsa ka kgwebo e, se e le go araba dikeletso tsa batsadi kgotsa batlhokomedi ba ba nang le letseno le le fa godimonyana e bile ba na le bokgoni jwa go isa bana ba bone dikolong tseo kgotsa e le go arabela diphetogo tsa ga segompieno mo lefatsheng ka bophara tsa paakanyetso ya thuto ya bana.[13]</ref> Mananeo a le mantsi a a itebagantseng le baagedi ba mafelo a a farologaneng, dikgwebo, mekgatlho e e thusang e e sa direng dipoelo, merafe ya sedumedi le batho fela ba ba ikemetseng ka nosi ba tlhokomelo ya bana ke dikai tsa batho ba ba fang thuto ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo. [4] Sekolo sa bana ba bannye se ka akaretsa thuto ya sengwe le sengwe kgotsa se ka nna le dithuto tse e leng gore se tsepame mo go tsone thata, jaaka thuto ya botaki le tiro ya diatla, thuto ya bodumedi, katiso mo go tsa metshameko, kgotsa go ithuta puo ya batswakwa, fa godimo ga moo se ntse se e fa le ditlamelo tsa thuto ya kakaretso. Mosola wa thuto ya bana ba bannye ga o ka ke wa gatelelwa go feta selekanyo ka gore bana ba gola go ya ka kgolo ya tlhaloganyo ga mmogo le go buisana le batho.

Puso ya Botswana go simolola ka ngwaga wa 2015 e simolotse go bula mananeo a thuto ya bana ba bannye mo dikoleng tse dipotlana tse dintsi tsa puso mo lefatsheng ka bophara ka maikaelelo a go rotloetsa thuto ya bana ba bannye. [4] Se se simolotse ka go bula ntlwana ya borutelo ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo pele ga ba dira lokwalo la ntlha, se se dirwa morago ga baithuti ba lokwalo la bosupa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. Dintlwana tsa bone tsa borutelo di ne di tlaabo di sena ope mo mafelong a ngwaga otlhe wa dithuto, ka jalo ka tsela e o ba ka kgona go amogela bana ba o ba ba dingwaga di le botlhano. Go tswelela ka seo, puso jaanong e tsenya tirisong lenaneo la dingwaga di le pedi la bana ba dingwaga di le bone le botlhano. Fa godimo ga moo, puso ya Botswana le yone e simolotse go ela tlhoko thata thuto ya bana ba bannye.

Thuto-potlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Thuto e e potlana e simolola ka kamogelo ya bana ba ba iseng ba simolole lekwalo la ntlha go fitlha ka lokwalo la bosupa.

Bana ba kwadisiwa mo sekolong se se potlana fa ba le dingwaga di ka nna thataro. Tsamaiso ya go ruta mo thutong ya sekolo se se potlana e laolwa ke thulaganyo ya dikolo ya lefatshe. Kgaolo ya sekolo e tlhopha dikaedi tsa tsamaiso ya go ruta le dibuka tse di bontshang maemo a go ithuta a puso ya lefatshe le ditekanyetso tsa maemo a mophato o o rileng. Go na le mefuta e le mebedi ya thuto e e potlana e e ka fitlhelwang mo lefatsheng la Botswana. Puso e fa thuto ya kakaretso ka teme ya Setswana, puo e ya Setswana e dirisiwa go ruta bana ga mmogo le teme ya Sekgoa. Lekalana la dikgwebo le fa dithuto tse puo ya thuto e leng Sekgoa fela, dikolo tse di bidiwa 'dikolo tsa Sekgoa'.

Dikaralo tsa thuto mo Botswana

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba bannye

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo sa bana ba ba nnye, ke sekolo se se sa pateletsweng ,se akaretsa thuto ya bana ba ba nnye e e direlwang mo ntlwaneng ya borutelo .Sekolo se ke sa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse tlhano go ya go di le thataro. Dintlha tsa tlhokomelo ya bana ba ba nnye le thuto ya bone di ne tsa akarediwa mo melaong e e tlhabolotsweng ya thuto kgotsa (RNPE) ka ngwaga wa 1994. [14] Boikarabelo bo bontsi jwa go fa ditlamelo tsa mananeo a thuto ya bana ba bannye bo mo makalaneng a dikgwebo tse e seng tsa ga goromente le a setšhaba go na le mo pusong.[15]</ref> Ba ba thusang ka go tlamela thuto ya bana ba bannye e a bo ele fela go ikemela ka dinao ga bone go batla tshono ya go itshetsa ka kgwebo e, se e le go araba dikeletso tsa batsadi kgotsa batlhokomedi ba ba nang le letseno le le fa godimonyana e bile ba na le bokgoni jwa go isa bana ba bone dikolong tseo kgotsa e le go arabela diphetogo tsa ga segompieno mo lefatsheng ka bophara tsa paakanyetso ya thuto ya bana.[16]</ref> Mananeo a le mantsi a a itebagantseng le baagedi ba mafelo a a farologaneng, dikgwebo, mekgatlho e e thusang e e sa direng dipoelo, merafe ya sedumedi le batho fela ba ba ikemetseng ka nosi ba tlhokomelo ya bana ke dikai tsa batho ba ba fang thuto ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo. [4] Sekolo sa bana ba bannye se ka akaretsa thuto ya sengwe le sengwe kgotsa se ka nna le dithuto tse e leng gore se tsepame mo go tsone thata, jaaka thuto ya botaki le tiro ya diatla, thuto ya bodumedi, katiso mo go tsa metshameko, kgotsa go ithuta puo ya batswakwa, fa godimo ga moo se ntse se e fa le ditlamelo tsa thuto ya kakaretso. Mosola wa thuto ya bana ba bannye ga o ka ke wa gatelelwa go feta selekanyo ka gore bana ba gola go ya ka kgolo ya tlhaloganyo ga mmogo le go buisana le batho.

Puso ya Botswana go simolola ka ngwaga wa 2015 e simolotse go bula mananeo a thuto ya bana ba bannye mo dikoleng tse dipotlana tse dintsi tsa puso mo lefatsheng ka bophara ka maikaelelo a go rotloetsa thuto ya bana ba bannye. [4] Se se simolotse ka go bula ntlwana ya borutelo ya bana ba ba iseng ba tsene sekolo pele ga ba dira lokwalo la ntlha, se se dirwa morago ga baithuti ba lokwalo la bosupa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. Dintlwana tsa bone tsa borutelo di ne di tlaabo di sena ope mo mafelong a ngwaga otlhe wa dithuto, ka jalo ka tsela e o ba ka kgona go amogela bana ba o ba ba dingwaga di le botlhano. Go tswelela ka seo, puso jaanong e tsenya tirisong lenaneo la dingwaga di le pedi la bana ba dingwaga di le bone le botlhano. Fa godimo ga moo, puso ya Botswana le yone e simolotse go ela tlhoko thata thuto ya bana ba bannye.

Thuto-potlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Thuto e e potlana e simolola ka kamogelo ya bana ba ba iseng ba simolole lekwalo la ntlha go fitlha ka lokwalo la bosupa.

Bana ba kwadisiwa mo sekolong se se potlana fa ba le dingwaga di ka nna thataro. Tsamaiso ya go ruta mo thutong ya sekolo se se potlana e laolwa ke thulaganyo ya dikolo ya lefatshe. Kgaolo ya sekolo e tlhopha dikaedi tsa tsamaiso ya go ruta le dibuka tse di bontshang maemo a go ithuta a puso ya lefatshe le ditekanyetso tsa maemo a mophato o o rileng. Go na le mefuta e le mebedi ya thuto e e potlana e e ka fitlhelwang mo lefatsheng la Botswana. Puso e fa thuto ya kakaretso ka teme ya Setswana, puo e ya Setswana e dirisiwa go ruta bana ga mmogo le teme ya Sekgoa. Lekalana la dikgwebo le fa dithuto tse puo ya thuto e leng Sekgoa fela, dikolo tse di bidiwa 'dikolo tsa Sekgoa'.

Thuto e e kgolwane

[fetola | Fetola Motswedi]
Sekolo se segolwane sa Kgari Sechele, sekolo se segolwane se se tsamaisiwang ke puso.

Thuto ya sekolo se segolwane e simolola ka lekwalo le legolwane la ntlha go fitlhelela la botlhano (sekolo se segolwane mme se le fa tlase se simolola ka lowalo la ntlha go fitlhelela kwa go la boraro; sekolo se segolwane ebile se le fa godimo se simolola ka lokwalo la bone go fitlhelela kwa go la botlhano ).

Baithuti gantsi ba fiwa kgololesego e le ntsi, ba tsamaya ba ya kwa dintlwaneng tsa borutelo tse di farologaneng, ebile ba fiwa tetla ya go tlhopha dingwe tsa dithuto tsa bone tse di bidiwang dithuto tsa maitlhophelo. Dingwaga tsa ntlha tse tharo tsa thuto e e kgolwane di isa kwa setlankaneng sa dithuto tsa makgaolakgang tsa lokwalo la boraro, mme morago ga dingwaga tse dingwe tse pedi tsa go ithuta baithuti ba kwala tlhatlhobo ya makgaolakgang ya lokwalo la botlhano.

Thuto ya ithutelo-tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Yunibesithi ya Botswana, Yunibesithi ya Botho, Yunibesithi ya Limkokwing ya Thekenoloji ya Boitlhamedi, Yunibesithi ya Ba Isago, Kholetšhe ya ABM, [17] Yunibesithi ya Boditšhabatšhaba ya Botswana ya Maranyane le Boitseanape , [18] Botswana Open University, Setheo sa Botswana sa Temothuo le Ditsompelo tsa Tlhago, Yunibesithi ya Gaborone ya Dithuto tsa Molao ke dikolo tse di fang thuto ya ithutelo tiro mo lefatsheng la Botswana. Yunibesithi ya Botswana ke sekolo sa setšhaba se se tlhomilweng ka ngwaga wa 1982 ka molao wa palamente [19] mme ntlokgolo ya sone e kwa Gaborone .

Tlhomamiso ya tsamaelano ya thuto le seemo sa lefatshe la Botswana

[fetola | Fetola Motswedi]

E ne ya re mo nakong e e sa fediseng pelo, morago ga lefatshe la Botswana le sena go tsaya boipuso, ga lemogiwa gore tsamaiso ya thuto ga e fitlhelele matlhokego a setšhaba. E ne e tsentse mogopolo o montsi thata mo thutong ya buka mme ebile e ne e santse e na le matlhasedi a puso ya batho-basweu. Bontsi jwa dilo tse di neng di ithuthuntshiwa di ne di sa tsamaisane le seemo sa botshelo jwa SeAferika, ka jalo dipalo tsa baithuti ba ba neng ba tlogela sekolo di ne di le kwa godimo. [20] Go ise go ye kae go ne ga lemogiwa gore go tlhokega phetogo. Baeteledipele ba lefatshe ba ne ba nna le mogopolo wa thulaganyo ya thuto e e neng e tlaa fa botlhe tshono ya go bona thuto e e rileng le go tshegetsa kutlwano magareng ga batho morago ga go lemoga gore setshaba sa Botswana se kgaogantswe go ya ka merafe e e farologaneng ka jalo ba le bantsi ba eme ka nosi.[21]E ne ya re ka ngwaga wa 1977 komiti e e neng e tlhomilwe ke puso ya Botswana e ne ya phatlalatsa pego ka ga phetolo ya thuto ka setlhogo se se reng ‘thuto mabapi le kagisano’. [20] Molao o wa ntlha wa setšhaba wa thuto (NPE) wa ngwaga wa 1977 o ne wa diriwa e le tsibogo ya baeteledipele ba lefatshe la Botswana, ka nako e o, go tswa mo mokgweng wa go ruta wa puso ya batho-basweu ba lefatshe la Borithane fa thuto e ne e le ya batho ba maemo a a rileng go ya kwa thulaganyong e e akaretsang botlhe.[22] Jaaka go gakolotswe mo pegong, go ne ga tsenngwa dithuto tse dintsha tsa konokono mo tsamaisong ya dikolo, mme tsa dira gore thuto e nne maleba le lefatshe la Botswana. [20] Maikaelelo a mokgwa yo wa thuto e, e ne ele go lebagana thata le tiro ya diatla gore baithuti ba kgone go bona tiro.

Go dira gore kharikhulamo e nne mo lefelong la lona

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka bonako fela morago ga go bona boipuso go ne ga lemogiwa gore thulaganyo ya thuto e ne e sa kgotsofatse ditlhokego tsa setšhaba. E ne e remeletse thata mo baithuting mme e ne e sa ntse e na le bothata jwa go tshwarwa ke bojwalwa ka nako ya bokoloniale. Bontsi jwa dilo tse di neng di rutiwa di ne di sa amane le maemo a Aforika, ka jalo dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekolo di ne di le kwa godimo. [20] Go ise go ye kae go ne ga lemogiwa gore go ne go tlhokega gore go dirwe diphetogo. Baeteledipele ba ne ba akanya ka tsamaiso ya thuto e e neng e tla naya botlhe tšhono ya go tsena le go tshegetsa kutlwano ya loago morago ga go lemoga gore morafe wa Botswana o ne o kgaogantswe go ya ka merafe e e farologaneng.  Ka 1977 komiti e e neng e tlhophilwe ke puso ya Botswana e ne ya phasalatsa pego ka ga diphetogo tsa thuto: ‘thuto ya kagisano’ (e e rayang ‘thuto ya kutlwano ya loago’). [20] Pholisi ya Ntlha ya Bosetšhaba ya Thuto (NPE) ya 1977 e ne e le phetolo ya baeteledipele ba Botswana go tswa mo mokgweng wa bokoloniale jwa Borithane wa go ithuta go ya kwa thulaganyong e e akaretsang batho botlhe fa thuto e ne e le ya batlotlegi.  Jaaka go gakolotswe mo pegong, go ne ga tsenngwa dirutwa tse dintšhwa tsa motheo mo dikolong, go dira gore thuto e nne maleba mo Botswana. [20] Thuto e ne e ikaeletse go nna ya tiro e le go baakanyetsa baithuti ba go tsena mo mmarakeng wa tiro.

  1. ↑ "Early Childhood Care and Education Policy: Based on the Framework of the Revised National Policy on Education (Rnpe) Government White Paper No. 2 of 1994" (PDF). African Child Forum. 2001. Retrieved 28 May 2022.
  2. ↑ <ref>"Education". UNICEF Botswana. Retrieved 18 July 2026.
  3. ↑ <ref>Maunganidze, Langtone; Tsamaase, Marea (2014). "Early Childhood Education in Botswana: A Case of Fragmented "Fits"". International Education Studies. 7 (5). Retrieved 18 July 2026.
  4. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 Glavin, Chris (2017-01-25). "Education stages". K12 Academics (in Sekgoa). Archived from the original on 2025-07-28. Retrieved 2021-05-20.
  5. ↑ "Early Childhood Care and Education Policy: Based on the Framework of the Revised National Policy on Education (Rnpe) Government White Paper No. 2 of 1994" (PDF). African Child Forum. 2001. Retrieved 28 May 2022.
  6. ↑ <ref>"Education". UNICEF Botswana. Retrieved 18 July 2026.
  7. ↑ <ref>Maunganidze, Langtone; Tsamaase, Marea (2014). "Early Childhood Education in Botswana: A Case of Fragmented "Fits"". International Education Studies. 7 (5). Retrieved 18 July 2026.
  8. ↑ "Early Childhood Care and Education Policy: Based on the Framework of the Revised National Policy on Education (Rnpe) Government White Paper No. 2 of 1994" (PDF). African Child Forum. 2001. Retrieved 28 May 2022.
  9. ↑ <ref>"Education". UNICEF Botswana. Retrieved 18 July 2026.
  10. ↑ <ref>Maunganidze, Langtone; Tsamaase, Marea (2014). "Early Childhood Education in Botswana: A Case of Fragmented "Fits"". International Education Studies. 7 (5). Retrieved 18 July 2026.
  11. ↑ "Early Childhood Care and Education Policy: Based on the Framework of the Revised National Policy on Education (Rnpe) Government White Paper No. 2 of 1994" (PDF). African Child Forum. 2001. Retrieved 28 May 2022.
  12. ↑ <ref>"Education". UNICEF Botswana. Retrieved 18 July 2026.
  13. ↑ <ref>Maunganidze, Langtone; Tsamaase, Marea (2014). "Early Childhood Education in Botswana: A Case of Fragmented "Fits"". International Education Studies. 7 (5). Retrieved 18 July 2026.
  14. ↑ "Early Childhood Care and Education Policy: Based on the Framework of the Revised National Policy on Education (Rnpe) Government White Paper No. 2 of 1994" (PDF). African Child Forum. 2001. Retrieved 28 May 2022.
  15. ↑ <ref>"Education". UNICEF Botswana. Retrieved 18 July 2026.
  16. ↑ <ref>Maunganidze, Langtone; Tsamaase, Marea (2014). "Early Childhood Education in Botswana: A Case of Fragmented "Fits"". International Education Studies. 7 (5). Retrieved 18 July 2026.
  17. ↑ "Welcome To ABM University College". ABM University College (in American English). Retrieved 2022-05-28.
  18. ↑ "Botswana International University of Science & Technology" (in American English). 2020-01-12. Retrieved 2022-05-28.
  19. ↑ "University of Botswana Act, 1982" (PDF). Laws of Botswana. 1982. Retrieved 28 May 2022.
  20. 1 2 3 4 5 6 Glavin, Chris (2017-01-25). "Tswanification of the curriculum". K12 Academics (in Sekgoa). Archived from the original on 2021-05-16. Retrieved 2021-05-20. Cite error: Invalid <ref> tag; name ":1" defined multiple times with different content.
  21. ↑ https://journals.ub.bw/index.php/mosenodi/article/download/1594/1013
  22. ↑ https://www.africabib.org/rec.php?RID=12460496X