Jump to content

Tlhojana ya Kgale

Go tswa ko Wikipedia

Kgale Hills ( Ka setswana, lefelo lele omileng[1]) ke tlhojana mo toropo kgolo Gaborone mo Botswana. Fa e bokiwa goa twe “ the sleeping Giant”. Lentswe kana tlhojana ya Kgale e boleele jwa selekanyo sa dimethara di le sekete,makgolo a mabedi masome a robabobedi le bosupa(4,222ft) go tlhatloga boleele jwa lewatle fa le kopanang teng le lefatshe (above sea level).[2] Lentswe kana tlhojana e, ekile yabo e dirisediwang go kgonagatsa botegenike jwa go phatlalatsa kgaso mo  sesupa ditshwantshong mme gompieno e dirisiwa jaaka  lefelo la bojanala.[3]

Climbing and Recreation[fetola | Fetola Motswedi]

Bapalami bana le boikhetholo jwa go dirisiwa engwe ya tsela tse tharo go tsena ko godimo ga tlhojana.[1] Mo selekanong sa oura( hour) fela bapalami ba ka bona segopa  sa ditshwene.[2] Tlhojana e ke e ba PPC King of the Hill ba tshwarelang mabelo a bone teng. Mabelo a eleng tshwaragano magareng ga PPC King of the Hill le ba Gaborone Runners Club. Lebelo la dikhilomithara dile lesome le botlhano le simologa kwa kantorong ya PPC Botswana, go feta fa marekisetsong magolo a Game City( Game City Mall),lebo le phunya phefo go dikologa Kgale quarry o bo o palamelela thaba kana tlhojana, fa o fologela o tsena mo  kantorong ya PPC Botswana ko lebelo le simologetseng gone.[4]

Bokao mo Ngwaong[fetola | Fetola Motswedi]

Kgatiso ya setshwantsho sa motshikinyego sa The number 1. Ladies Detective Agency e diretswe mo lefelong le, seo seileng sa tlisa leina lago boka kana go tshameka la “Kgalewood” mo motshamekong o. Batsamaisi kana bagatisi ba motshameko o ba dirile tumalano ya dingwaga dile lesome go dirisa lefelo le, mme goromente wa Botswana oile a tsenya selekanyo sa didikadike tse tlhano tsa dolara ya America go tlhabolola motshameko o go ngoka bojanala.[5]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Gaborone in details..." Botswana Tourism Organisation. Archived from the original on 1 May 2012. Retrieved 22 July 2012
  2. 2.0 2.1 Karlin, Adam; Firestone, Matthew D. (5 February 2010). Botswana & Namibia. Lonely Planet. ISBN 9781741049220.
  3. Denbow, James Raymond; Thebe, Phenyo C. (2006). "Literature and Media". Culture and customs of Botswana. p. 73. ISBN 978-0-313-33178-7. Retrieved 22 July 2012
  4. King of the Hill Reign up for Grabs". PPC Botswana. 26 June 2012. Archived from the original on 31 July 2012. Retrieved 22 July 2012
  5. Wines, Michael (23 September 2007). "The No. 1 Botswana Movie Shoot". The New York Times. Gaborone. Archived from the original on 6 June 2022. Retrieved 22 July 2012.