Tobin Rote

Go tswa ko Wikipedia

Tobin Cornelius Rote (Firikgong a le lesome le borobabobedi, 1928-Seetebosigo a le masome a mabedi le bosupa, 2000) e ne e le motshameki wa kgwele ya seAmerika (American football) yo o neng a tshameka e le quarterback mo ditlhopheng tsa Green Bay Packers le Detroit Lions tsa National Football League (NFL), Toronto Argonauts ya Canadian Football League (CFL), le San Diego Chargers le Denver Broncos tsa American Football League (AFL).[1]

Botshelo jwa pele[fetola | Fetola Motswedi]

A tsholetswe kwa San Antonio, ele ngwana wa ga William Pemberton Rote, Jr. (1891–1950) le Augusta Marie (Tietschert) Rote (1896–1969). Rote o tsene sekolo kwa Harlandale High School kwa San Antonio mme a aloga ka 1946. O ne a bidiwa "mosimane yo o matlhagatlhaga go gaisa" ke baithuti ka ene.

Ke ntsalae moamogedi wa ditlhago wa pele wa New York Giants ebile e le mogasi wa metshameko Kyle Rote, ba tlhakanetse bo rramogoloabone ka fa go bo rraabone.

Tiro ya Mmadikole[fetola | Fetola Motswedi]

Rote o tshamekile kgwele ya mmadikole (college football) kwa Rice Institute kwa Houston, a tshameka e le quarterback ya Owls ka fa tlase ga mokatisi mogolo Jess Neely. Fa a le mo ngwageng wa bofelo ka 1949, Rote o ne a etelela Owls go ya ko setlheng sa 10-1, se garelwa ke phenyo ya 27-13 kgatlhanong le North Carolina mo Cotton Bowl kwa Dallas ka Firikong a le malatsi mabedi.[2]

Ka motshameko wa bone wa setlha Phalane a le fa gare kgatlhanong le bagaisanyi SMU (se se neng se na le ntsalae Kyle Rote), o ne a etelelwa Owls go boa kwa morago gotswa kwa go 14-0 go fenya ka 41-27 kwa Cotton Bowl.[3] Beke e latlelang e ne ya bona Rote a etelela go boa ko morago kgatlhanong le Texas, ba fetola go salela morago ga 9-0 ka nako ya go ikhutsa go nna phenyo ya 17-15 kwa Austin.[4] Ka rekote e e tsabakelang ya conference, Owls e ne ya nna bommampodi ba Southwest Conference ba ba feletseng e le laboraro.

Tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Green Bay Packers[fetola | Fetola Motswedi]

Green Bay Packers e ne ya tlhopha Rote mo legatong la bobedi la 1950 NFL draft, e le wa lesome le bosupa palogotlhe. O ntse ditlha tse supa kwa Green Bay ka fa tlase ga ga bakatisi bagolo Gene Ronzani le Lisle Blackbourn, a eteletse tlhaselo ya Packers e e lolea kafa gape lemorago la bone le nna le bewa mo maemong a maswe a liki ngwaga le ngwaga. Ntle le ditiro tsa gagwe tsa go fetisa kgwele, Rote o ne a eteletse Packers mo dikgatong tsa go kgomoga ga raro le di touchdown tsa go kgomoga di le tlhano. Ka nako ya gagwe ya tiro ya kwa Green Bay, Rote o ne a le mo maemong a boraro mo NFL mo go fetiseng di touchdown, a le fa morago ga ga Bobby Layne le Norm Van Brocklin fela. Gape o ne a le mo maemong a ntlha mo liking ka dikgato tsa go kgomoga ga quarterback ebile e le wa bobedi mo di touchdown.

Setlha sa 1956[fetola | Fetola Motswedi]

Setlha sa ga Rote sa 1956 se bewa mo maemong a kwa godimo mo ditsong tsa NFL. Mo setlhopheng sa 8-4, o ne a eteletse liki mo dikgatong tsa go tika (di le 294) le go fetisa di touchdown (tse lesome le borobabobedi go tse lesome le bobedi tsa ga Ted Marchibroda). Go tlatsa moo, di touchdown tsa gagwe tsa go kgomoga tse lesome le motso di ne di le mo maemong a bobedi mo liking fa morago ga tsa ga Rick Casares wa Chicago Bears. Di touchdown tsa gagwe tse masome a mabedi le borobabongwe palogotlhe e ne e le tse di kwa godimo mo setlheng se le sengwe mo ditsong tsa NFL pele ga a fetiwa ke LaDainian Tomlinson ka 2006 (ka tse masome a mararo le motso) le palogotlhe e e kwa godimo mo nakong ya fa go tshamekiwa lenaneo la metshameko e le lesome le bobedi. Tlhaselo yotlhe ya Packers kwa ntle ga ga Rote ba ne ba na le tse tlhano.

Mo di quarterback-eng, o ne a eteletse liki pele ka go feleletsa ditlhago, go leka ditlhago, dikgato tsa go fetisa ditlhago, go leka go kgomoga, dikgato tsa go kgomoga, le di touchdown tsa go kgomoga.

Detroit Lions[fetola | Fetola Motswedi]

Fa Phukwi wa 1957 a fela, Rote le defensive back Val Joe Walker ba ne ba rekisediwa Detroit Lions mo boemong jwa batshameki ba le bane (halfback Don McIlhenny, offensive tackles Ollie Spencer le Norm Masters, le offensive guard Jim Salsbury).[5][6]

Rote o ne a kgaoganya nako ka 1957 le hall of famer Bobby Layne, Le fa Rote a feletsa a na le ditlhago tsa touchdown tse dintsi, dikgoreletso tse di mmalwanyana, dikgato tse ditsi tsa go kgomoga, di touchdown tsa go kgomoga tse dintsi, le rekote e e botoka ya won-lost ya mosimolodi. Layne a robega lenyenyana fagare ga motshameko wa bo lesome le motso, a tlogela Rote go etelela setlhopha go se isa kwa bosimegeng jwa NFL. Detroit e ne ya lekana le San Francisco mo bommampoding jwa lephata, ba pateletsa motshameko o le mongwe wa go tswa mang go sala mang. Ba lebile tatlhegelo ya 27-7 mo karolong ya boraro, Rote a etelela Lions go boa kwa morago go tla go fenya 31-27 le go baa letsatsi le Cleveland Browns.[7] Mo motshamekong o mogolo wa go tswa mang go sala mang mo ditsong, Rote a etelela pele Detroit go garaswanya Browns 59-14.[8][9][10] O ne a feleletsa ditlhago di le lesome le bobedi mo go tse lesome le boferabongwe mo dikgatong tse 280 le di touchdown di le nne, a tsenya touchdown e nngwe mo lebaleng.

Fa e le Green Bay Packers ya 1957, ba ne ba dira dintlha di le nne motshameko di le fa tlase gona le tsa ngwaga o o neng wa feta le fa ba ne ba tsentse hall of famers ba isago Bart Starr le Paul Nornung. Mokatisi mogolo wa ngwaga wa bone Blackbourn o ne a emisediwa ke Scooter McLean ka 1958, setlha sa Packers se se maswe go di fitisa.

Layne o ne a rekisediwa Pittsburgh Steelers morago ga motshameko wa bobedi mo setlheng sa 1958,[11][12] a tlogela Rote go etelela Lions e e neng e gola ebile e wela tlase. Rote a etelela setlhopha seo mo kgomogong, a dira jalo e le labone mo tirong ya gagwe go dira jalo (e le rekote ya NFL ya di quarterback). Morago ga setlha sa matlhotlhapelo sa 1959 (3–8–1), Lions e ne ya bolelela Rote gore o tlaa gololwa.[13] Go na le go tlogela tiro, motshameki yoo wa lebutswapele la ngwaga tse lesome a ya kwa bokone jwa molelwane kwa Toronto Argonauts ya Canadian Football League (CFL).[14]

Toronto Argonauts[fetola | Fetola Motswedi]

Ditlha tse tharo tsa ga Rote mo Canadian Football League le Toronto Argonauts di ne di tletse ka ditiragalo.[15] O ne a feleletsa ditlhago tse 662 mo go tse 1,187 mo dikgatong tse 9,872 le di touchdown di le masome a marataro le bobedi. Di touchdown tsa gagwe tse masome a mararo le borobabobedi ka 1960 e ne e le rekote ya dinako tsotlhe ya CFL. Mo setlheng sa ga Rote sa ntlha le Argos o ne a nna wa bobedi mo di quarterback tsa CFL go feta dikgato tsa go hetisa kgwele di le 4,000 mo setlheng ka tse 4,247. O ne gape a tika di touchdown di le masome a mararo le borobabobedi mo setlheng seo se e neng e le rekote ya liki. Ka boeteledipele jwa ga Rote 10-4 ya Argonauts ka 1960 e ne ya fitlhelela selo se ba neng ba ise ba se dire e sale ka 1937: go fetsa mo maemong a ntlha. Le fa gontse jalo, ba ne ba latlhegelwa ke makgaolakgang a conference kgatlhanong le Ottawa Rough Riders e e ileng ya ya go fenya Grey Cup. Tlhago ya ga Rote ya dikgato tse lekgolo le metso e robabobedi e ya kwa go Jim Rountree ka 1961 e santse e le rekote ya setlhopha, mme ka 1960 o ne a tika ditlhago tsa touchdown di supa mo motshamekong gabedi, rekote ya CFL ka nako eo. Morago ga setlha sa 1962, Argonauts ya reka hall-of-fame wa isago QB Jackie Parker mme Rote a fudugela kwa AFL e e neng e santse e tlhabologa.

Dipalopalo tsa ditlhago tsa tiro ya CFL[fetola | Fetola Motswedi]

Setlha Att Comp Comp % Yds Yds/Comp TD INT
1960 450 256 56.9 4,247 16.6 38 25
1961 389 220 56.6 3,093 14.1 16 16
1962 348 187 53.7 2,532 13.5 12 17

San Diego Chargers[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ba ne ba batla quarterback e e ka etelelang setlhopha pele ka 1963 fa monana John Hadl a santse a gola, San Diego Chargers ya American Football League (AFL) e ne ya tla e bitsa. Rote o ne a le mo setlheng sa gagwe sa bo lesome le bone e le motshameki, mme a isa Chargers kwa rekoteng ya 11-3 le kwa bommampodi jwa Western division. Mo karolong ya gagwe ya go tsamaisa tlhaselo e e kwa godimo mo liking, Rote o ne a bidiwa kwa setlhopheng sa ntlha sa All-AFL mme a gapa tlotla ya Associated Press Player of the Year. A supa fa tshameko ya gagwe kwa go lweleng bosimega jwa 1957 jwa NFL e ne e se ka lesogo fela, o ne a etelela Chargers go fenya 51-10 kgatlhanong le Boston Patriots ka motshameko wa 1963 AFL championship.[16][17][18] Ka bo nosi, o ne a nna le boikarabelo jwa dikgato di le 173 le di touchdown tse pedi mo go fetiseng ditlhago ga 10/15, go balelwa le dikgato tsa go kgomoga di le lesome le botlhano le touchdown mo lebaleng.

Ka 1964, Hadl o ne a simolola go bona nako ya go tshameka e ntsi. Chargers ya fenya West gape mme ka rekote ya 8–5–1, mme tlhaselo ya bone ya wa go tswa kwa maemong a bongwe mo AFL go ya kwa go a bone; ba latlhegelwa gararo mo boneng go fetsa setlha sa tlwaelo. Rote e ne e le ene mosimolodi mo motshamekong wa AFL championship mo tseleng kgatlhanong le Buffalo Bills, mme ope mo go ene kana Hadl go ne go sena se ba ka se dirang kgatlhanong le lemorago le le kokoaneng ba sena moamogedi wa Hall of Fame Lance Alworth (ka ntata ya knee hyperextension) le running back Keith Lincoln, yo o neng a gobetse mo karolong ya ntlha a robegile dikgobo.[19] Buffalo ya fenya 20-7, mme Rote a bua fa a tlogela tiro.[20][21][22]

Denver Broncos[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1966, Rote o ne a tswa mo go tlogeleng tiro go tshamekela Denver Broncos. A kwadisitswe Lwetse a fela morago ga Broncos e e neng e sena phenyo e latlhegelwa motshameko wa yone wa boraro,[23] o ne a iponatsa mo metshamekong e le meraro metsotso ya palo gotlhe e le metlhano, a feleletsa ditlhago tse tharo mo tse robabobedi; o ne a fetisiwa ke setlhopha morago ga metshameko e le meraro fa gare ga ga Phalane.[24]

Diphitlhelelo tsa setlha se le sengwe fela[fetola | Fetola Motswedi]

  • O ne a eteletse NFL mo dikgatong tsa go kgomoga ka quarterback ga rataro (1951, 1954–58)
  • O ne a eteletse NFL mo dikgatong tsa go fetisa ditlhago gangwe (1956)
  • O ne a eteletse NFL moditlhagong tsa touchdown gabedi (1955 and 1956)

Diphitlhelelo tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

  • Rote ene e le ene fela quarterback go etelela selhopha mo bosimegeng jwa NFL le AFL.
  • Ka nako ya fa a tlogela tiro, Rote o ne a na le dikgato tsa go kgomoga go feta ope wa quarterback mo ditsong tsa NFL. Mo bogompienong o mo maemong a bosupa nako tsotlhe.
  • Dikgato tsa motshameko tsa ga Rote tse ke tsa bosupa nako tsotlhe mo di quarterback-ng a na le ditlhago tsa tiro tse 2,000.
  • Di touchdown tsa go kgomoga tsa ga Rote tse masome a mararo le bosupa di mo maemong a borataro nako tsotlhe mo di qiarterback-eng.
  • Rote ke quarterback e le nngwe mo go ba babedi go etelela setlhopha sa gagwe mo kgomogong gane.

Ka 2005, o ne a bitswa kwa Professional Football Researchers Association Hall of Very Good mo HOVG class ya boraro ya lekgotla leo.[25]

Loso[fetola | Fetola Motswedi]

Rote o tlhokafetse a le dingwaga tse masome a supa le bobedi kwa Saginaw, Michigan a sena go itewa ke pelo (heart attack) ka Seetebosigo a le masome a mabedi le bosupa, 2000. Mo dikgweding tsa gagwe tsa bofelo tse lesome le borobabobedi, o ne a dirilwe loaro lwa pelo le lwa mokwatla. O ne a tlogela mosadi wa gagwe Julie, mosadi wa gagwe wa pele Betsy Todd le bana Tobin Jr, Robin, Toni and Rock.

Kitso Tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Lea, Bud (June 29, 2000). Tobin Rote dies at 72. Milwaukee Journal Sentinel. p. 9C.
  2. Oklahoma, Rice, Santa Clara win in bowl games. [1] Pittsburgh Post-Gazette. Associated Press. January 3, 1950. p. 14. Retrieved 23/10/2023.
  3. Rote, Williams star as Owls upset Mustangs. [2] St. Petersburg Times. Florida. United Press. October 17, 1949. p. 18. Retrieved 23/10/2023.
  4. Rice edges Texas on field goal. [3] St. Petersburg Times. Florida. Associated Press. October 23, 1949. p. 31. Retrieved 23/10/2023.
  5. Johnson, Chuck (July 26, 1957). Packers trade Rote and Walker to Detroit Lions for four players. Milwaukee Journal. p. 11, part 2.
  6. Lea, Bud (July 27, 1957). Rote's surprised, but likes Lion deal. Milwaukee Sentinel. p. 6, part 2.
  7. Lions thrilling rally wins playoff, 31-27. [4] Pittsburgh Post-Gazette. Retrieved 23/10/2023.
  8. Johnson, Chuck (December 30, 1957). Rote's passes, play calling smash Cleveland, 59 to 14. Milwaukee Journal. p. 7, part 2.
  9. Sell, Jack (December 30, 1957). [5] Lions crush Browns, 59 to 14, to win title. Pittsburgh Post-Gazette. p. 18. Retrieved 23/10/2023.
  10. Jones, Eddie T. (December 30, 1957). [6] Browns show off collapsing defense. Toledo Blade. Ohio. p. 11. Retrieved 23/10/2023.
  11. Livingston, Pat (October 7, 1958). [7] Layne takes over as Steeler QB. Pittsburgh Press. p. 27. Retrieved 23/10/2023.
  12. Sell, Jack (October 7, 1958). [8] Steelers get Layne for Morrall. Pittsburgh Post-Gazette. Retrieved 23/10/2023.
  13. Rote, Lions in contract battle. [9] Nashua Telegraph. Retrieved 23/10/2023.
  14. Tobin Rote signs with Toronto Ellensburg Daily Record. Retrieved 23/10/2023.
  15. Tobin Rote. [10] www.cflapedia.com. Retrieved 23/10/2023..
  16. Chargers rout Boston, 51-10; compared with NFL teams. Milwaukee Journal. Associated Press. January 6, 1964. p. 11, part 2.
  17. Are Chargers good enough for NFL opponents?. [11] Eugene Register-Guard. Oregon. Associated Press. January 6, 1964. p. 3B.
  18. Charger win Lincolnesque; Palouse Moose gains 349. [12] Spokesman-Review. Spokane, Washington. Associated Press. January 6, 1964. p. 12.
  19. Linebacker key in Buffalo win. [13] Spokane Daily Chronicle. Washington. Associated Press. December 28, 1964. p. 10.
  20. Buffalo's Bills bull past San Diego for title, 20-7. Milwaukee Journal. UPI. December 27, 1964. p. 1, sports.
  21. Rathet, Mike (December 27, 1964). Buffalo gains AFL championship. [14] Eugene Register-Guard. Oregon. Associated Press. p. 1B.
  22. Buffalo Bills out-charge Charger 20-7 in finale. [15] The Bulletin. Bend, Oregon. UPI. December 28, 1964. p. 9.
  23. Old warrior Rote joins Denver club. Toledo Blade. [16] Ohio. Associated Press. September 28, 1966. p. 73. Retrieved 23/10/2023.
  24. Tobin Rote is put on waivers. [17] Gettysburg Times. Pennsylvania. Associated Press. October 19, 1966. p. 5. Retrieved 23/10/2023.
  25. Hall of Very Good. Retrieved 23/10/2023.