Toto Makgolokwe
Toto Makgolokwe ene ele kgosikgolo ya morafe wa Batlharo ko Aforika Borwa, yo oneng a itsege ele molwela kgololesego gape ele mogaka wa lefatshe yo o neng a le kgatlhanong le puso ya bokoloni mo go feletseng go tlhotlholetsa go lwela kgololesego ko Aforika Borwa.
Mo ngwageng wa 1897 , one a nna mogaka wa ntwa ya tsuologo ya Langeberg ka ngwaga wa 1896 go fitlha ka 1897 ga a sena go fenya sesole sa Enyelane (British Military). Lefatshe la Enyelane lene la felela le tsisitse masole a mangwe kwa ba feletseng ba fenya Batlharo (morafe wa Batswana) ko ba feletseng ba tshwere Makgolokwe le Kgosi Galeshewe.
Ngwana wa mosimane wa ga Kgosi Toto o motona, Robanyane Toto le ene one a tshwara mme a tlhatlhelwa le rragwe kwa Robben Island.
Toto one a atlholelwa go sireletsa le go fitlha Galeshewe.Toto one a tlhokafalela ko Robben Island mme Kgosi Galeshewe o ne tlhokafalela kwa Magogong, Phokwane, Taung ka 1927 mo gnwageng tse masome a mabedi mo kgolegelong kadi nako tsedi farologanyeng.
Bontsi jwa morafe wa Batlharo banna kwa Kurumane le dikgaolo tsedi mabapi leko John Taolo Gaetsewe District Municipality. Ba bangwe Batlharo banna ko Namibia ko bailrng ba siela teng fa ntwa ya Langenberg e simolola.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]