Tsaone Macheng
Tsaone Macheng | |
|---|---|
| Tsalo | Tsaone Macheng November 24, 1989 |
| Bolele | 1.70 m (5 ft 7 in) |
| Beauty pageant titleholder | |
| Lebante | Miss Universe Botswana 2013 |
| Mmala wa moriri | Black |
| Dikgaisano tsa konokono | Miss Universe Botswana 2013 (Winner) Miss Universe 2013 (Unplaced) |
Tsaone Macheng (o tshotswe ka Ngwanatsele a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 1989) ke mma bontle wa Botswana yo o neng a rwesiwa serwalo sa Mohumagatsana wa Botswana 2013, o ne a emela Botswana mo kgaisanong ya Mohumagatsana wa Lefatshe lotlhe wa 2013.
Botshelo jwa bogologolo
[fetola | Fetola Motswedi]Tsaone yo ga jaana a nnang kwa Port Elizabeth, Aforika Borwa kwa a ithutelang Botsweretshi kwa Yunibesithing ya Toropo ya Nelson Mandela mo Aforika Borwa.[1]
Mohumagatsana wa Lefatshe Lotlhe Botswana 2013
[fetola | Fetola Motswedi]Tsaone Macheng o ne a tlhagelela e le mofenyi wa sekgele sa mohumagatsana wa Botswana morago ga go fenya dikgaisanyo tse di neng di tshwaretswe kwa Gaborone International Conference Centre kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome a supa.Benah Sekgabo o ne a tlhomamisiwa jaaka mofenyi wa ntlha fa mofenyi wa bobedi e le Boitumelo Kanedi. Tsaone o ne a emetse lefatshe la Botswana kwa dikgaisanong tsa mohumagatsana wa 2013 kwa Moscow, Russia ka Ngwanatsele a tlhola malatsi a le borobabongwe ka ngwaga wa 2013.