Tshepo Motlhabankwe

Go tswa ko Wikipedia

Tshepo Motlhabankwe ( a tshotswe 17 Mopitlo 1980) ke motswana yoo o kileng abo a tshameka kgwele ya dinao mo ditlhopheng tsedi farologaneng tsa lega ee kwa godimo la kgwele ya dinao mo Botswana tse di akaretsang Mochudi Center Chiefs le Township Rollers ga mmogo le ditlhopha tse di mo legeng e kwa godimo ya kgwele ya dinao kwa Aforika Borwa.Mme gape ke motshameki wa pele wa setlhopha sa sechaba sa Botswana,a nositse dinno tse pedi mo motshamekong wa gagwe wa ntlha ka 2003 le ka 2013 a tlogela go tshameka.

Tsa Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Motlhabankwe o tswa kwa  motsaneng wa Digawana, dikhilomithara di se kae fela gotswa mo toropong ya Lobatse. Le fa ntswa ele mongwe wa ba go ipelwang ka bone mo mererong ya kgwele ya dinao mo Botswana, Motlhabankwe gaise a tshameke kgwele ya dinao gotswa bonnyenyaneng jwa gagwe, mme o ne a le mo go tsa mabelo gape a tshameka bolo ya sephailwane.[1] Mme ene ya re ka ngwaga wa 1997 a fetola lewa mme a tshameka bolo ya ko leroleng morago ga gore rraagwe a mo kope go nna motshameki wa setlhopha se sencha sea neng ase tlhamile sa CAMARA. Morago gago tshameka dingwaganyana ko lerong, Motlhabankwe one a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha mo legeng ya ntlha (First Division )le setlhopha sa Kanye Southern Pirates.[2]

Ene ele mogo one motshameki o wa Southern Pirates moo a ileng a kgatlha leitlho la setlhopha sa bakaloba ba lege e tona mo lefatsheng ( Botswana Premier league) sa Extension Gunners, seo a tseneng mo tumalanong le sone ka ngwaga wa 2000 mme moragonyana a bilediwa kwa setlhopheng sa Botswana sa sechaba sa kgwele ya dinao. Motlhabankwe mo motshamekong wa gagwe wa ntlha le setlhopha sa sechaba e nnile phenyo ya dinno tse nne kgatlhanong le ele nngwe ya Lesotho mme abo ele fa jaaka aiponetse madulo mo setlhopheng sa sechaba. Motlhabankwe o ile a tsharagana le setlhopha se sengwe sa mo legeng ee kwa godimo sa Mochudi Centre Chiefs ka ngwaga wa 2007, koo aileng a bona katlego morago gago fenya bommampudi jwa lega makgatlo ale mararo le sejana sa FA. Oile gape ya nna mongwe wa setlhopha seo mokatisi Stanley Tshoswane aneng ase itlhophetse se se neng se tlwaelesegile ka  leina la ‘Botswana Dream Team’ sa go iponela phatlha le go tshameka metshameko ya sejana sa Aforika sa 2012.  Oile a kgaogana le setlhopha sa Chiefs ka ngwaga wa 2013 mme a tshamekela setlhopha sa Gilport Lions seo se neng se bidiwa BMC ka nako eo mme ba kgaosetsana dipapadisanyo ka ngwaga wa 2015.

Morago ga go fela ga tumalano ya gagwe le Gilport Lions, Motlhabankwe one a seka a nchafatsa tumalano le setlhopha se mme a itlhophela go tshwaragana le setlhopha sa Township Rollers ele motshameki yo o ikemetseng mme a gapa bosimega jwa lega makgetho a le mane kago tlhomagana le sejana sa Mascom sa ditlhopha tse di ferangbobedi tsedi itlhomileng kwa pele mo legeng. Ene gape ya nna karolo ya setlhopha sa go dira ditso seo se neng sa iponela phatlha mo legatong la mantshano mo metshamekong ya kgwele ya dinao ya bommampudi jwa mafatshe a Aforika ka ngwaga wa 2018. Ene yare ko motsubong wa setlha sa lega ya 2018-2019, Motlhabankwe a supa go ithola marapo mo go tsa merero ya kgwele ya dinao jalo go tsweledisa ditiro tse dingwe tsa botshelo.

Ditlotla/Dikgele[fetola | Fetola Motswedi]

Ditlhopha

Mochudi Center Chiefs

Township Rollers

Tlotla ale Nosi

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Talk of the town | TheVoiceBW". www.thevoicebw.com. Archived from the original on 27 April 2O24
  2. Motlhabankwe enjoys his second childhood as he epitomizes the Age is just a number idiom". 27 April 2024.
  3. https://www.mmegi.bw/index.phpaid=71458&dir=2017/september/05https://www.mmegi.bw/index.phpaid=71458&dir=2017/september/05

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]