Jump to content

Lobatse

Go tswa ko Wikipedia
Lobatse
Toropo
Flag of Lobatse
Lobatse is located in Botswana
Lobatse
Lobatse
Coordinates: 25°13′S 25°40′E / 25.217°S 25.667°E / -25.217; 25.667
LefatsheBotswana
Elevation
1,188 m (3,898 ft)
Palo batho
 (2022)[1]
  Total29,772
Time zoneGMT +2
ClimateBSh

Lobatse ke toropo e e kwa borwa botlhaba jwa lefatshe la Botswana, dikhilomithara di le masome a supa kwa borwa jwa toropo kgolo ya Gaborone, e mo mogorogorong o o tsamaelang kwa bokone o lebile Gaborone le mo molelwaneng le Aferika Borwa . Lobatse o na le palo ya batho ba le dikete di le masome a mabedi a le boferabongwe le makgolo a le masupa le masome a le bosupa le bobedi (29 772) go ema ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi .[2] Toropo e ke kgaolo ya tsamaiso, e e nang le lekgotla la toropo.[3]

Puso le mafaratlhatlha

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo se segolwane sa Lobatse se kwa Lobatse. Tirelo ya Dikgolegelo ya Botswana (BPS) e tsamaisa Kgolegelo ya Lobatse.[4] Kgotlatshekelokgolo ya Botswana e na le lekalana kwa Lobatse. Go na le kokelo ya malwetse a tlhaloganyo e e bidiwang Sbrana Psychiatric Hospital. Toropo e gape ke legae la Botswana Meat Commission (BMC) e e leng nngwe ya ditlamo tse di kgolo go gaisa tsa go dira nama mo Aforika. [5]Lebala la metshameko la Lobatse le le nang le ditilo di le dikete tse masome a mabedi ke legae la ditlhopha tsa metshameko tsa selegae.

Bangwaketse ke bone batho ba ntlha go aga mo lefelong le mo Botswana, mo le ileng la felela le agilwe ke bone Bangwaketse mo lobakeng lwa dingwaga tse di lekgolo la lesome le borobabobedi. Marapo a bogologolo a ntse a teng mo pakeng ya gompieno.

Go fitlhelela ka boipuso ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borataro, Botswana o ne a le ka fa tlase ga tshireletso le taolo ya Makgoa ( British Protectorate of Bechuanaland ) Mahikeng, Aforika Borwa ka nako eo e ne e le yone toropo kgolo, godimo ga moo toropokgolo e ne e tshwanetse go nna Lobatse kgotsa Gaborone. Gaborone o ne a tlhopiwa e le setilo sa puso ,fa Lobatse a tlhopiwa e le setilo sa molao.

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le bone barongwa ba koporase ya ditlhabololo ba ne ba aga matlhabelo a Lobatse a gompieno a bidiwang Botswana Meat Commission . Lobatse o pharologanyo ka tsela ya ntlha mo Botswana, e e dirilweng ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le boferabobedi. Ka boipuso kgwedi ya Lwetse a le masome a mararo ka ngwaga wa 1966, tsela e e neng e na le sekonotere e ne e le dikholomithara tse tlhano fela lefatshe ka bophara mme e le mo Lobatse.E ne e le tsela e e tswang maemelong a terena a Lobatse go ya kwa kgotla tshekelong e e neng agilwe ka mo go kgethegileng morago ga loeto lwa ga kgosi George VI gape le Mmamosadinyana ba Enyelane ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le masome a mane le bosupa .

Toropo e e tshwanang le yone

[fetola | Fetola Motswedi]

Lobatse o tshwantshiwa le:

Walvis Bay, Namibia

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Statistics Botswana - Census 2022 - Population of cities, towns and villages" (PDF).
  2. "Statistics Botswana - Census 2022 - Population of cities, towns and villages" (PDF).
  3. Laws of Botswana Tempolete:Webarchive, Ministry of Local Government Tempolete:Webarchive
  4. "Prisons and Rehabilitation." (Archive) Government of Botswana. Retrieved on 26 March 2013.
  5. "Lobatse | Botswana | Britannica". www.britannica.com. Retrieved 2023-03-17.

Coordinates: 25°13′S 25°40′E / 25.217°S 25.667°E / -25.217; 25.667 Tempolete:Botswana largest cities

Puso le dikago tsa toropo

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekolo se segolwane sa Lobatse se mo Lobatse. Lephata la dikgolegelo la Botswana (BPS) le tsamaisa kgolegelo ya Lobatse. Kgotlakgolo ya ditshekelo ya Botswana e na le lekalana mo Lobatse. Go na le kokelo ya malwetse a tlhaloganyo e e itsegeng e le Bookelo jwa Malwetse a Tlhaloganyo jwa Sbrana . Toropo e gape ke legae la matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) a e leng nngwe a madirelo a matona a go dira nama mo Aforika. [1] Lebala la metshameko la Lobatse le le nang le bokgoni jwa manno a le dikete di le masome a mabedi ke legae la ditlhopha tsa metshameko tsa mo gae.

Toropo ya botsala

[fetola | Fetola Motswedi]

Lobatse ke lewelana le toropo ya;

🇳🇦 Walvis Bay, Namibia

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Lobatse | Botswana | Britannica". www.britannica.com (in Sekgoa). Retrieved 2023-03-17.