Jump to content

Tshotlego Morama

Go tswa ko Wikipedia
Paul Morama
Personal information
Birth nameTshotlego Paul Morama
Full namePaul Tshotlego Morama
NationalityMotswana
Born (1987-02-02) February 2, 1987 (age 38)
Letlhakane, Botswana
Sport
SportAthletics
Disability classT46

Tshotlego Morama, yo o tsholetsweng kwa Lethakane ka (ngwaga wa 1987 kgwedi ya Tlhakole e tlhola gabedi),[1] O tshotswe e le Tshotlego Paul Morama, ke motabogi wa Motswana yo nang le bogole jwa go tsholwa ka dirwe tse di tlhankaneng. E sale e nna ene motabogi wa Motswana wa ntlha go emela Botswana kwa mabelong a ba ba nang le bogole.[2] O ne a na le rekoto ya lefatshe mo lebelong la basadi la 400m mo setlhopheng sa bogole sa T46 morago ga go gapa seetsele sa gauta kwa Di-Paralympics tsa Selemo tsa 2004. Gape o ne a gapa seetsele sa gauta kwa Metshamekong ya Aforika Yotlhe ya 2007 mo lebelong la dimitara di le 200 la basadi. Le fa a ne a gapa dietsele tseo e le mosadi wa semolao, jaanong o fetotse boitshupo jwa gagwe jwa semolao go nna monna.

Ka ga gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Morama o tshotswe Tlhakole a tlhola malatsi a le mabedi ka ngwaga wa 1987 kwa kgotleng ya Kgongwe kwa Letlhakane.[1] Mo go emeleng Botswana kwa dikgaisanong tsa ba ba nang le bogole ka ngwaga wa 2004 kwa Athens, o ne a fenya gauta mo letlhakoreng la bomme la batabogi ba lebelo la selekanyong sa sekgele se se makgolo a mane mo letlhakoreng la T46 la ba ba nang le bogole, a dira ditso ka go sia batabogi ka ene mo lefatsheng, mo nakong ya 55.99.[3] Ka nako eo, o ne a santse a supiwa e le mosadi.[2][4] Morama gape o fentse gauta kwa metshamekong ya mafatshe a Aforika ka ngwaga wa 2007, a dira ditso tse dingwe mo Aforika mo letlhakoreng la bomme ba lebelo la selekanyo sa sekgele se se makgolo a a mabedi.[5] O ne a nna le ngwana.[4] Morama o ne a tshwanetse go emela Botswana gape kwa dikgaisanong tsa batabogi ba ba nang le bogole ka ngwaga wa 2008 kwa Beijing, mme ga a ka a kgona go tsenelela dikgaisano tseo.[6][7] Morama o ne a kgalelwa go godisa ditedu ntswa a tshotswe e le mosetsana. O ne a na le dirwe tse pedi tsa thobalano, bosadi le bonna. Le fa go ntse jalo, serwe se le sengwe fela se se dirang mo tlhakanelodikobong se a nang le sone ke setho sa bonna.[4] O ne a batla go nyala, le fa go ntse jalo, motho yo a neng a mo nyala batsadi ba gagwe ba ne ba sa phuthologa le ene. Mo nakong e e fetileng, o nnile le dikamano tse pedi tse di farologaneng.[4] Ga jaana ga a nyala.[4] Le fa a ne a tsholwa a ne a tsewa semolao jaaka mosadi, tota ke wa bong jo bo tlhakaneng.[4][8]

Tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]

Dipadi tse dingwe.

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 "Morama sets sights at next Paralympics". Dailynews. Archived from the original on 9 November 2004. Retrieved 17 Phalane 2025 – via Government of Botswana.
  2. 1 2 "T46 FEMALE 400 2004". World Abilitysport. Archived from the original on 10 February 2012. Retrieved 17 Phalane 2025.
  3. "Tsebe ya ponagadi ya IWAS". Archived from the original on 2012-02-10. Retrieved 2011-12-12.
  4. 1 2 3 4 5 6 Kolantsho, Neo (29 July 2020). "Parents Deny Me Their Daughters". The Midweek Sun. Retrieved 17 Phalane 2025.
  5. "No Chance For Karate At BNSC Awards?", The Botswana Gazette
  6. Khutsafalo, Boitumelo (5 September 2008). "Botswana locked out of Paralympics". Mmegi. Archived from the original on 30 November 2012. Retrieved 17 Phalane 2025.
  7. Mackay, Duncan (9 August 2010). "Botswana Paralympic chiefs launch appeal for more funding". Inside The Games. Retrieved 17 Phalane 2025.
  8. Kayawe, Baboki (23 September 2016). "Inside the agony of gender variance in Botswana". Mmegi.