Tutume

Go tswa ko Wikipedia
Tutume
Tutume is located in Botswana
Tutume
Tutume (Botswana)
Kgaolo
Legare
Setshaba
18,582 (2022)[1]

Tutume ke motse mogolo wa Bakalaka, o mo kgaolong ya legare la Botswana. O dikhilomethara tse masome a matlhano go tswa kwa molelwaneng wa Zimbabwe kwa Maitengwe. Toropo e e gaufi ke ya Francistown, e e ka tswang e le dikhilomethara tse di lekgolo.

Motse o ke kgaolwana kgolo gape o nale palo ya batho ba le dikete tse a masome le boraro.Go nale dikolo tse dikgolwane di le pedi sa, Denjebuya le sa Pandagala, le se segolwane sa Tutume McConnell College. Se selekanyo sa dikhilomethara tse masome a marataro go tswa ko Domboshaba [2].

Ditshupo tsa ngwaga[fetola | Fetola Motswedi]

Motse o o nale modiro wa ngwaga le ngwaga o mo go one banni ba motse ba kokoanang go supa botlhakga jwa bone. Se se dirwa ka kgwedi ya Phatwe ngwaga mongwe le mongwe; Go kokoana ga bone go ba fa tshono ya go itshupa ka bina mmino wa sekalaka ebong Ndazola. Ka nako ya fa thobo e le ee nametsang balemi le barui ba tlisa se ba se robileng mo ngwageng. Ba ba inakantseng le tsa botlaki ba tlisa tsa bone mme ba fiwe maano a go ka rekisa dilo tsa bone.

Matt in Tutume

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Tutume ke motse oo golelang pele mo ebileng dithabolo di dirwang go thusa banni ba koo ka ditamelo tsa botlhokwa jaaka dikokelwana,madirelo le tse dingwe.Banni ba Tutume ba dumela mo go thusaneng ka ba itse go tlisa maduo aa nametsang.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages" (PDF). Statistics Botswana. 2022.
  2. "Motse wa Tutume".