Jump to content

Tyla

Go tswa ko Wikipedia
Tyla
BELEGWE: 30 FERIKGONG 2002LEINA:TYLA NEEMAH ANOLDS TIRO:Seopedi sa Aforika Borwa.

Tyla ke motlhami wa dipina/seopedi sa mo Aforika Borwa. Leina la gagwe la mmatota ke Tyla Neemah Anolds, mme o belegwe ka di 30 Ferikgong ka ngwaga ya 2002 kwa Johannesburg mo Aforika Borwa.[1] Tyla o simolotse goitsega ka ngwaga wa 2022 ka pina ya gagwe e bidiwang "Water", e e neng ya amana thata mo metsweding ya dikgang jaaka TIKTOK le Instagram. Mmino wa gagwe ke motswako wa RNB, pop, le mefuta wa eleketeroniki, gantsi o tsenyeletsa dilo tsa setso sa Aforika Borwa le puo. Tyla ontshitse dipina tsedi atlegileng, mme gape ontshitse le E-P, o dirisane le bataki jaaka Billen Ted le Kyle Deutsch. O ne gape a tshameka kwa meletlong ya nnino le dokonsarata tse di farologaneng, mme a gapa dikgele di le mmalwa ka mmino wa gagwe, go akaretsa le MTV Africa Music Award le South African Award.[2]

  1. https://www.sonymusic.co.uk/artist/tyla/
  2. https://www.dailymaverick.co.za/article/2024-02-11-tyla-the-ascent-of-the-queen-of-popiano/