Wikipedia:Today's featured article/Lwetse 20, 2022

Go tswa ko Wikipedia
Setshwantsho sa ga Osama bin Ladin
Setshwantsho sa ga Osama bin Ladin

Osama bin Mohammed bin Awad bin Laden (10 March 1957 go fitha 2 May 2011), o gape a twaelesegileng ka leina la Usama bin Ladin, e ne e le mothabani o o tsholetsweng kwa Saudi Arabia e bile e le mosimolodi wa mokgatlho wa ntwa wa Pan-Islamic al-Qaeda. Setlhopha se se tlhalosiwa jaaka setlhopha sa batlhabani ke United Nations Security Council, North Atlantic Treaty Organization (NATO), European Union, le mafatshe a farologaneng. Ka fa tlase ga bin Laden, al-Qaeda e ne e le yone e dirileng ditlhaselo tsa September 11 kwa lefatsheng la Amerika le ditlhaselong tse dingwe tse dintsi tsa batho ba le bantsi go ralala lefatshe ka bophara. Ka Motsheganong 2 2011, o ne a bolawa ke masole a a kgethegileng a lefatshe la Amerika kwa lefelong la gagwe kwa Abbottabad, Pakistan.

E ne ele leloko la lelapa le le humileng la ga Bin Laden, Osama bin Laden o tsholetswe kwa Saudi Arabia. Rraagwe e ne e le Mohammed bin Awad bin Laden, mohumi wa Saudi yo o tswang kwa Hadhramaut, Yemen, le mosimolodi wa komponi ya go aga, ya Saudi Binladin Group. Mmaagwe, Alia Ghanem, o ne a tswa mo lelapeng la maemo a a fa gare kwa Latakia, Syria. O tsene sekolo kwa yunibesithing mo nageng eo go fitlha ka 1979, fa a ne a tsena mo masoleng a Mujahideen kwa Pakistan a lwa le Soviet Union kwa Afghanistan. O ne a thusa go duelela Ba-Mujahideen ka go tsamaisa dibetsa, madi, le batlhabani go tswa kwa lefatsheng la Baarabia go ya kwa Afghanistan, mme a tuma thata mo Baarabia ba le bantsi. Ka ngwaga wa 1988, o ne a dira al-Qaeda.

O ne a kobiwa kwa Saudi Arabia ka 1992, a latlhegelwa ke boagi jwa gagwe kwa Saudi ka ngwaga wa 1994, mme a fudusetsa leloko la gagwe kwa Sudan go fitlha kgatelelo ya US e mo pateletsa go tsamaya ka 1996. Morago ga go tlhoma leloko le lesha kwa Afghanistan, o ne a bolola ntwa kgatlhanong le United States, a simolola metseletsele ya dibomo le ditlhaselo tse di amanang le tsone. Go nna le seabe ga gagwe mo go thuntshiweng ga dibomo kwa boemeding jwa United States ka 1998 go ne ga dira gore a tsenngwe mo lenaaneng la American Federal Bureau of Investigation's (FBI) la Ba-Fugitives ba ba Lesome ba ba Batliwang thata le Borukhutlhi ba ba Batliwa thata.

Bin Laden o ne a etelela pele ditlhaselo tsa September 11, tse di neng tsa bolaya batho ba ka nna 3000 mme tsa dira gore tautona George W. Bush a tlhasele Afghanistan le go simolola Ntwa. O ne a nna setlhogo sa go batliwa ga batho ka dingwaga di le lesome tsa boditšhabatšhaba, FBI e ne ya baya $25 million mo tlhogong ya gagwe.