Wikipedia:Today's featured article/Phatwe 30, 2022

Go tswa ko Wikipedia
Setshwantsho sa ga Tupac Amaru Shakur
Setshwantsho sa ga Tupac Amaru Shakur

Tupac Amaru Shakur (/ˈtuːpɑːk ʃəˈkʊər/ TOO-pahk shə-KOOR; o leina la gagwe la matsalo e leng Lesane Parish Crooks, o tshotswe ka Seetebosigo 16, 1971 a tlhokafala ka Lwetsi 13, 1996), o itsege ka leina la 2Pac le Makaveli, e ne e le moopedi wa rap wa Moamerika. O tsewa e le moopedi yo rotloetsang wa nako tshotle. Shakur ke mongwe wa baopedi ba ba rekisitseng dipina tse dintsi ka go rekisa dipina di feta 75 million lefatshe ka bophara.

Shakur o tshotswe ka Seetebosigo 26, 1971 ko toropong ya New York. Le fa a tshotswe a bidiwa Lesane Parish Crooks o ne a fetolela leina la gagwe ko go Tupac Amaru Shakur. O ne a ipetsa leina le morago ga Tùpac Amaru II, yo o neng a bolaiwa ka 1781 ka a ne a sa sala molao wa Spain morago. Shakur o nale mogolowe Mopreme Konami Shakur le kgaitsadie Sekyiwa Shakur.

Shakur o simolotse go opela ka leina la MC New York ka ngwaga wa 1989. Ka ngwaga o one a tsenelela dithuto tsa poko tsa Leila Steinberg, mme kabonako a nna motsamaisi. Ka ngwaga wa 1991 Shakur o ne a simolola go opela ka fa tase ga leina la 2Pac ka Tlhakole 1991 o ne a ntsha pina ya “Same Song", pina eo e ne ya fitlhelela ko setshwantshong sa motshikenyego sa “Notshing but Trouble", baanelwa bagolo e le Dan Aykrovd, John Candy, Chevy Chase, le Dami More.

Bosigo jwa Lwetsi 7, 1996 Shakur o ne a le ko Las Vegas, Nevada, a ile go ipelela malatsi a matsalo a modiri ka ene, gape a ile go lebelela ntlwa ya Bruce Seldon le Mike Tyson. Ka bo 11:15 koloi e sweu ya ema go bapa le ya bo Tupac, mme mongwe a fula Tupac Shakur.