Wikipedia:Today's featured article/Phukwi 11, 2022

Go tswa ko Wikipedia

Go ne go na le dikgoberego tsa baithuti tse di masisi kwa China motlheng wa 1989, fa baithuti ba simolola go ditshupetso kgatlhanong le tshiamololo ya borradipolotiki ba bone. Mmuso o ne wa kgopiswa ke ditshupetso mme wa betsa setlhogo le go bolaya bao ba neng ba le kgatlhjanong le bone.

Mo dinageng tse di mmalwa, jaaka Mexico, Chile, Iran, Venezuela le  Bangladesh, baithuti ba bopa segongwana sa se polotiki, ebile dikgoberego tsa baithuti di ka diragatswa in the context ya   dingongorego tsa sepolotiki kgotsa tsa seleago ka bophara.

Dikgoberego tsa baithuti di ka latela seteraike sa kakaretso, setraike sa baithuti, kgotsa distshupetso ka setshaba ka bophara. 

Ka ngwaga wa 2012 le 2013, Pittsburg High School kwa  Pittsburg, California o itemogetse dikgoberego ka lantshe kgotsa fa sekolo se tswa ka letsatsi leo. Dikgoberego di ne di ipoeletsa kgafetsa-kgafetsa, mme ka dinako tse dingwe maposidisi a ne a tlhagelela fela. Le fa go le jalo go ne go se sekai sa dikgoberego morago ga ngwaga wa 2013, fa setshwantsho sa mogokgo wa sekolo a kganelela moithuti wa dingwaga di le 15 di pegwa mo mogaleng ebile ka bobako fela se tlalatlala, go akaretsa le dikakgelo/ditshwaelo tsa semorafe, tseo di tlhotseng go re mogokgo a seege baithuti ba le 12 go tswa go bao ba tshwaetseng ka setshwantsho se.Bala di feletse