Wikipedia:Today's featured article/Phukwi 29, 2022

Go tswa ko Wikipedia
bogobe le khabeche
bogobe le khabeche

Mebaraka ya Botswana e tletse ka mefuta e le mentsi ya dijo. Dingwe di lemilwe gone mo Botswana go dirisiwa temo ya nosetso fa tse dingwe di tsewa kwa mafatsheng a baagisane. Nama ya selekanyo se se kwa godimo le boleng jwa bo kgatlhisang e dirwa mo Botswana. Nama ya nku, koko le dinama tse dingwe di dintshi thata. Nama ya kgomo ke yone nama e e tlwaelesegileng thata e latlelwa ke ya podi. Tlhapi ya noka le yone ke nngwe ya dijo tsa Botswana.

Mabele le mmidi ke tsone dimela tse thata di lengwang mo Botswana. Borotho le raese le mefuta e mengwe ya dijo tsa losika lwa raese kgotsa borotho ga dilengwe mo gae di tswa kwa mafatsheng a sele. Mefuta e le mentshie ya dinawa e lengwa mo gae, e tshwana le cow peas, ditloo, and letlhodi. Manoko le o ne a lengwa mono. Merogo e le mentsi e lengwa mono e tshwana le spinach, carrots, cabbage, dikwii, matapole, ditamati, dipotata le lettuce.

Go na le merogo e e tlhogang ,mo sekgweng e e nnang teng ka dipaka dingwe. Morogo wa dinawa ke dijo tsa setswana tse di tlwaelesegileng thata.

Go nna le maungo a le mantsi mo lefatsheng la Botswana a a akaretsang morula. Go dumelwa fa magapu a tlholegile mo lefatsheng la Botswana mme nna mantsi ka paka ya one. Mefuta e mengwe ya magapu e akaretsa lerotse kgotsa lekatane le le lone le lemiwang mono. Go nna le mefuta e mengwe ya magupa a naga a a tlhogang mo mafelo a a metlhaba e bile a le dikaka a le botlhokwa mo banning ba dikgaolo tse ka ba a dirisa e le dijo e bile gape e le metsi. Bontsi jwa merogo e bonwa ka dipaka dingwe mme ebile e a omelediwa kgotsa e lokiwa e le tsela ya go e itsa go senyega. Go nna le metlhale e le mentsi ya go apaya merogo e e omeleditsweng e.