Koranta ya Mmegi

From Wikipedia
Jump to: navigation, search

Mmegi ke koranta ya puo ya sekgowa mo lefatsheng mo Botswana. E simolodisitswe ka ngwaga wa 1984, e santse e anamisiwa malatsi otlhe ke baanamisi ba ntlo ya Dikgang mo toropokgolo , Gaborone. Template:As of, Mmegi ke yone koranta fela ya mo Botswana e e ikemetseng ka nosi e anamisiwa malatsi otlhe.

Leina la Koranta le raya "mmoledi" ka Setswana gape "News we need to know". Go tsweng ka ngwaga wa 1989 e e ne e bidiwa "Mmegi wa Dikgang/moboledi".

Dikgang tsa Mmegi tsa botlhokwa[baakanya | edit source]

Temo e tlaa nna boutsana monongwaga[baakanya | edit source]

PALAPYE - Go lebega temo ya monongwaga e tlaa nna boutsana fela thata fa e tshwantshanngwa le ya ngwaga o o fetileng ka mabaka a pula e e kwa tlase, e e neleng morago. Se se tlhomamisitswe ke molemisi wa Palapye Rre Badiredi Motsatsing mo potsolosong le lekanana la dikgang la BOPA. O tlhalositse fa ngogola mo sebakeng se, ba ne ba setse ba sekasekile ditema tsa selekanyo sa diekere tse di masome a matlhano, fa monongwaga ba sekasekile tshimo e le nngwe ya diekere tse 1.308 fela. Rre Motsatsing o boletse fa balemi ba tsweletse ka go baya ditema le mororo go na le tlhaelo ya dijwalo le menontshane, mo go ka feletsang go isa temo kwa tlase. O ne gape a ntsha matshwenyego a tlhaelo ya dipolantara. A re le ntswa ba rotloetsa balemi go lema ka ditselana ka go na le maduo a a botoka, boraditerekere ga ba na didirisiwa tsa go nna jalo. O ne a tlatsa ka gore boraditerekere ba a gaisana kwa go lemeng ka go gasa ka go na le madi a mantsi go na le go lema ka ditselana. O kaile fa balemi ba sa tsise thobo ya bone kwa diofising morago ga temo. A re se se ka baya lefatshe ka fa mosing go dira ditshekatsheko tsa dijo, bogolo jang fa go lebilwe selekanyo sa thobo mo lefatsheng le gore go ka batliwa dife kwa ntle ga lefatshe. O ne a tswelela ka go rotloetsa boraditerekere go reka didirisiwa tsa temo tsa segompieno jaaka dipolantara ka di ka thusa go bona thobo e e botoka. O rotloeditse gape balemi go ipeela dipeo go itsa gore e re fa puso e tlhaelelwa ke dipeo ka nako ya temo, ba bo ba ema fela.

Dikgang tsa Kgwebo[baakanya | edit source]

Seemo sa lehuma se a fokotsega=[baakanya | edit source]

TUTUME - Banni ba metse ya Maitengwe, Dagwi le Changate ba kopilwe go nna le seabe go diragatsa maikaelelo a Tebelopele ya setshaba ya 2016. Kopo eo e ntshitswe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo, ka Mosupologo. Rre Batshu a re matshego ao, ga a itebaganya le batho ba ba rileng mme ke a Motswana mongwe le mongwe. A re go nna setshaba se se rutegileng se na le kitso le mogodi go a kgonagala go diragatse tseo ka metlhale ya go rutega le go na le kitso e mentsi ebile ba ka e abelana le ba bangwe. A re go nna setshaba se se sirelegileng ga go bewe mo mapodising kana fela ba itshireletso A re setshaba se tshwanetse go lwantsha borukutlhi, go tlhokomela loruo, le go tlogela mokgwa wa go thapa batswakwa ba ba se nang diteseletso. Rre Batshu a re ka seo ba tlaa bo ba diragatsa letshego leo. Mo go tse dingwe o ne a kopa banni ba metse eo, go tlogela diphapaano tsa sepolotiki ka jalo ba nne batho ba ba bopaganeng ba na le maikaelelo le maikemisetso a go tsweledisa metse ka ditlhabololo ba le moono mongwe wa go direla setshaba le lefatshe. A re fa ba ka nna le botho, ba bereka ka tshwaragano le lerato go sena kilano ba ka isa metse ya bone kwa Tebelopele ya 2016. A re ba le banni ba tshwanetse go tla ka maano/metlhale e e tla fokotsang seemo sa borukutlhi, koketsego ya masiela le go wela tlase ga thuo. Rre Batshu o ne a ba kopa go dirisa bokgola jwa pula ya ntlha go ya go lema le go epa disana gore ba kgone go lema ka diterekere ka lenaneo la ISPAAD. Banni ba metse eo, ba ne ba lela ka leruo la bone le le tlolelang molelwane kwa Zimbabwe, mme fa le tla mono le bo le bolawa. Kwa motseng wa Maitengwe, banni ba ne ba kopa letamo le baka nosang leruo la bone. Kwa Dagwi ba ne ba ngongorega ka tsela, mooki mo kokelwaneng le go agelwa diofisi tsa kgotla. Ba ne ba lela ka lephata la metsi le ba boletseng fa le tletse boitseme. Ba bolela fa ba na le dingwaga ba dueletse go gokelwa metsi mo malwapeng nako kgolo ke neo, le mesele e ba ne ba laetswe go e epa e setse e katagesetse. Selelo seo sa ba lephata la metsi se ne sa utlwala gape kwa motseng wa Changate. Banni ba bolela fa bangwe ba duetse ka ngwaga wa 2007. Fa a araba matshwenyego a banni bao, mookamela lephata la metsi mo khanseleng potlana ya Tutume, Rre Vincent Ragabane, o ne a solofetsa banni ba metse eo, fa ba tla thusiwa mo bogaufing. Rre Ragabane a re motse wa Maitengwe o ne o na le palo e ntsi ya baikopedi ka jalo ba tsere nako e ntsi ba leka go gokela le go phatlalatsa metsi le motse ka bophara le go gokela mo malwapeng. A solofetsa gore tiro ya kwa motseng oo e gaufi le go wela ka jalo ba tlaa bo ba simolola mo metseng eo, ka palo ya yone e le kwa tlase. Mopalamente Batshu fa a akgela mo go mangwe a matshwenyego a banni o ne a bolela fa a ne a tsile go ba leboga le gore ba itsane. A re ka dikgomo tse di bolawang di tloletse molelwane kwa Zimbabwe, ke maikaelelo a puso go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo.

Dikgoge tsa kwa ntle[baakanya | edit source]

Template:Botswana-stub