Jump to content

Amanda Du-Pont

Go tswa ko Wikipedia
Amanda Du-Pont
Tsalo
Amanda Du-Pont

(1988-06-26) 26 June 1988 (age 36)
Durban, KwaZulu-Natal, South Africa
LetsoSouth African
Maina amangweAmanda
Tiro
Dingwaga tsa a le mo tirong2007–present

Amanda Du-Pont o tshotswe ka 26 Seetebosigo 1988, ke motshameki wa sefatlhego yo o tsholetsweng kwa Swazi le Aforika Borwa, motlelara le go tsamaisa maneno mo thelebisheneng. Du-Pont o itsege ka go tlhagelela mo lenaneong la terama la CW Life is Wild jaaka Senna le Sharon go terama ya metlae go SABC 3 Taryn & Sharon. Ga jaana o tlhagelela jaaka Ashley go lenaneo la Netflix Shadow. O istege gape ka go tlhagelela go SABC 1 go lenaneo la metlha la Skeem Saam jaaka Nompumelelo ''Lelo"Mthiyane.

Tshimolog ya Botshelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Amanda o tshotswe ka 26 Seetebosigo kwa Manzini, Swaziland. O nale tlhago ya French, Italian, Portuguese le Swazi mo go ene. O tshotswe le go godisetswa kwa Manzini mme o dutse le ntsalagwe Alulutho Du-Pont, yo eleng moSwati. Morago ba goduetse kwa Mpumalanga go feleletsa dithuto tsa bone kwa kholeji ya Uplandds.[1]

Amanda o ne a eteletse pele pele jaaka motshameki ka 2014 go filimi ya Between Friends, le lenaneo la mmamoratwa la Aforika Borwa a ipuseletsa e leng Skeem Saam. Go tloga ka 2012 go ya go 2016 e ne ele motsamaisi wa tlaleletso go SABC 1 e le lenaneo la celebrity lifetstyle magazine Real Goboza, gaufi le Phat Joe. O ne a tlhagelela gape go terama ya CW Life is Wild, SABC 2 Muvhango, Intersexions, Generations, Mzanzi TV's Loxion Bioscopeseries, le go tlhagelela gape go filimi ka 2015 ya Hear Me Move. Ka Tlhakole 2019, go begilwe gore Du-Pont o tla tlhagelela go lenaneo le le khutshwane la Netflix Shadow.

Ka 2011, Du-Pont o ne a abelwa Bachelor of Arts dikerii go tswa go South African School of Motion Picture le Live Performance kwa Johannesburg. Mo ngwageng o o latelang, o ne a aloga kwa New York Film Academy kwa New York City, koo a neng a nelwa tuelo e e tletseng ya go ithuta ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe mo dithutong tsa gagwe.

Fa a ne a le dingwaga di le 21, Du-Pont o ne a nelwa ka sekgele sa Lifetime Achievement ke Lefapha la Botsweretshi le Setso la Swaziland ka ntlha ya diphitlhelelo tsa gagwe tsa kwa tshimologong mo difiliming le thelebiseneng le go rotloetsa puo le setso sa se Swati.

Tsa kamano ya lerato

[fetola | Fetola Motswedi]

Amanda o nyalane le Shawn Rodriques ka 2020. Baratani ba tlhalane ka Ferikgong 2023.Ka Moranang 2020, Du-Pont o golotse kgwebo ya gagwe ya tsa letlalo lelive. Leina le Du-Pont le kgothaditswe ke leina la Swazi le raya gore "ga naga kgotsa lefatshe".[2]

  1. Amanda du-Pont | Biography, Music & News | Billboard
  2. Has Amanda du-Pont moved on after finalising divorce? Here's everything you need to know (msn.com)