Ann Gollifer

Go tswa ko Wikipedia

Ann Mary Gollifer ke motaki wa lotso lwa kwa Britain le Guyana o mo nakong ya gompieno a nnang kwa Gaborone, Botswana.[1] O tshotswe ka ngwaga wa 1960. Tiro ya gagwe ya puo ya ga mme (Mother Tongue) e ka bonwa kwa masupelong a Sainsbury African Galleries, e le bontlha jwa dikgobokanyo tsa British Museum tsa sennela ruri.[2]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Gollifer o tsholetswe kwa Mabaruma, kwa bokone bophirima jwa British Guiana, kwa jaanong e leng kgaolo ya Barima-Waini ya Guyana. Mmagwe ke wa lotso lwa Warao-Arawak Amerindian mme rragwe ene e le wa lotso la sekgoa. ka ngwaga wa 1962, batsadi ba gagwe ba ne ba fudugela kwa ditlhaketlhakeng tsa Solomon Islands, mme ya re a le dingwaga di le bosupa a isiwang sekolong se go nniwang kwa go sone sa Ursuline Convent kwa Brentwood Essex. O ne a tsweledisa dithuto kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa University of Edinburgh a dira Padi mo sekgoeng (English Literature) le ditso tsa botaki (Art History) go tswa ka ngwaga wa 1979, mme a aloga ka honours degree in History of Art ka ngwaga wa 1983.[1] [3]O ne a ya go bereka kwa London kwa Christie's Contemporary Art pele ga a fudugela kwa Gaborone, Botswana ka ngwaga wa 1985.


Gollifer o berekile e le Senior Technical Officer ka fa tlase ga boeteledipele jwa mosimolodisi wa Botswana National Museum, Alec Campbell. Ka nako e, o ne a bereka gape tiro e e seng ya letsatsi lotlhe kwa Phuthadikobo Museum kwa Mochudi le Sandy Grant, mosimolodisi ibile e le moeteledipele wa mabolokelo a o a ditso.


Go tswa ka ngwaga wa 1991 go tsena ka 201, o ne a le leloko la komiti e e okametseng e bile e tsamaisa ditirelo tsa dithuto tsa Thapong tsa bataki ba mafatshefatshe mo Botswana.Thapong, e e simolodisitsweng ke Veryan Edwards ka ngwaga wa 1988, e e ne e le letlhogela la Triangle Arts Trust e e simolodisitsweng ke Robert Loder le Anthony Caro ka ngwaga wa 1982. Gollifer o e neng e le leloko la motaki la komiti ya Thapong, o ne a thusa go tsamaisa dithuto tsa mafatshefatshe le dithto tse dipotlana mo gae ngwaga mongwe le mongwe, mme ebile e le leloko la komiti kgolo e e neng ya aga Thapong Visual Art Centre mo Gaborone.[4] Ka lenaneo la Thapong, bataki ba mafatshefatshe ba ne ba kopana go amogana ka botaki jwa bone, se se ne sa amanya Gollifer le bataki ba bangwe, bataki ba ditso, le batlhokomedi ba mabolokelo a ditso jaaka Chris Spring, motlhokomedi wa pele wa Sainsbury African Galleries, British Museum, Polly Savage, SOAS University of London, Goddy Leye, Lutanda Mwamb, Baba Jaak, Vanessa Jackson, Diana Hyslop, Kagiso Patrick Mautloa le David Koloane.

Steve Jobson o tlhalositse tiro ya ga Gollifer mo puong ya gagwe ya ditshupo tsa bataki tsa ngwaga wa 2009 kwa mabolokelong a ditso a sechaba a National Museum and Art Gallery kwa Gaborone are Ann Gollifer ke motaki o o supileng bothakga mo go tsa setegeniki, tshimolodiso le mekgabisa se se direleng gore bontsi bo lebelele fa bo tlhaelang teng. [5]

Ditshupo[fetola | Fetola Motswedi]

Ditshupo tsa a le nosi[fetola | Fetola Motswedi]

  • Omang? - "Who are you?", Sophie Lalonde Art, Gaborone , Botswana, 2015 [6][7]
  • Branded, The Frame Gallery, Gaborone, Botswana, 2012[3]
  • Living on an Horizon - A tribute to Bessie Head, circa on Jelliecoe, The Everard Read Gallery, Johannesburg, South Africa, 2011.[3]
  • What am I Doing Here? - Ke Dirang ha?, Bicha Gallery, Gabriel's Wharf,South Bank, London, UK,2010.[3][5]
  • Linhas de Sangue, Territories of the Heart, Museu Nacional de Arte, Maputo, Mozambique,2006[3]

Ditshupo tse di kopanetsweng le ba bangwe kgotsa tsa ditlhopha[fetola | Fetola Motswedi]

  • Love Is...,The Bkhz Gallery, Braamfontein, Johannesburg, South Africa, 2019
  • FIAC, ba emetse ke Guns and Rain,Paris, France, 2018

Dikgobokanyo tsa sechaba[fetola | Fetola Motswedi]

Dibuka[fetola | Fetola Motswedi]

Dikopo tsa botaki[fetola | Fetola Motswedi]

  • Suit e e diretsweng Carter Foster, motlhokomedi wa Whitney Museum of American Art, e a neng a e apara a ya moletlong wa Burning Man ka 2009, kwa New York, USA
  • Setshwantsho se se dirilweng ka tshipi sa Maitisong Dancers sa boleele jwa di mithara di le lesome le bobedi le bophara jwa dimithara di le nne, kwa kgorong ya Maitisong Theatre, kwa Gaborone Botswana
  • Donor Windows, kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone, Botswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 "Ann Gollifer". Guns & Rain. Retrieved 2019-10-03.
  2. Spring, C. (2015). "A way of life: Considering and curating the Sainsbury African Galleries" (PDF). Middlesex University (Context statement). S2CID 194102541.
  3. 3.00 3.01 3.02 3.03 3.04 3.05 3.06 3.07 3.08 3.09 3.10 3.11 3.12 3.13 3.14 "Ann Gollifer". Asai. Retrieved 2019-10-03.
  4. "Konstnärsnämnden - Ann Gollifer". www.konstnarsnamnden.se. Retrieved 2019-10-03.
  5. 5.0 5.1 What am I doing here? Ke dirang ha? galleries.co.uk June 2010. Retrieved 4 August 2023
  6. "Ann Gollifer shows at Sophie Lalonde Art". Botswana Gazette. Retrieved 2019-10-03.
  7. "Ann Gollifer's 'Omang' Opening Exhibition: A Night of Art and Poetry". Sunday Standard. Retrieved 2019-10-03.
  8. "Men with tales: short stories and tall tales from the guides of the Okavango Delta". Stanford University Libraries. Retrieved 2019-10-03.