Batho ba Letso la Zimbabwe mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia
Zimbabweans in Botswana
Regions with significant populations
Gaborone, Dukwe
Languages
English; Shona

Go na le dipalo tse di duleng seatla tsa mazimbabwe mo Botswana.

Dipalo le Kgasamo[fetola | Fetola Motswedi]

Mathata a tsa itsholelo le polotiki mo (KWA) Zimbabwe a bakile koketsego ee duleng diatla ya go fudugela mo botswana ga mazimbabwe go tswa ko tshimologong ya dingwaga tsa 2000. Ya re 2003, go ne ga abelelwa gore go na le mazimbabwe ale dikete tse masome a mane ba ba fudugetseng mo lefatsheng le, mo go bone (mo palong e) sephato se le sengwe mo go tse tharo se ne se (ba ne ba letlelelwa) letleletswe go nna mo Botswana. Bontsi bo nna mo mannong a mabono a Ledumadumane mo toropo kgolo Gaborone. Gape go na le Kampa ya batshabi ba Zimbabwe ko Dukwe.

Go fuduga ese kafa Molaong[fetola | Fetola Motswedi]

The number of undocumented Zimbabwean migrants in Botswana was estimated at between forty and one hundred thousand Tempolete:Asof.[1]

kgwetlho ya Phudugo ese kafa molaong e bakile dikgotlano tse di farologaneng magareng ga dipuso tsa Botswana le Zimbabwe, Fa e bile Paul Mangwana a tshosetsa go koba batho botlhe ba Botswana ko zimbabwe go araba go tsewa mo go bosula mo Mazimbabwe ba lebanang le gone mo Botswana. Botswana claims to have deported 26,717 Zimbabweans residing in the country illegally in 2002.[2] Tshimologo ya ngwaga o o latelang, gangwe gape ba ile ba simolola go aga terata ya motlakase mo mololwaneng wa bone le Zimbabwe. Badiri ba temo-thuo ba Botswana ba tshepisa fa tiro ya motiya ya terata e ele go emisa phudugo ya diphologolo eseng phudugo ya batho, ka maikaelelo a go emisa kgasamo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo, mme motona wa Zimbabwe mo Gaborone a ganetsa mabaka a, are ke maiteko a go ntsha Zimbabwe "Gaza Strip". Dipatlisiso dingwe di fitlhetse tlhotloetso ya selekanyo sa masome a marataro le boraro go tswa mo go tse makgolo ya terata.

Go tsuolola ditshwanelo Mazimbabwe a kopanang le tsone mo Botswana le yone e nnile setlhogo sa motshameko o o bitswanang "Voice of the people"(Lentswe la Batho), ka batsameki go tswa mafatsheng oo mabedi.

Ditiro[fetola | Fetola Motswedi]

Mazimbabwe ke bone batho ba palo e e ko godimo ya batho ba batswakwa ba ba kwadisitsweng mo Botswana. Go fitisa sephato sa babereki ba Mazimbabwe ba ba tlodileng mololwane ba tlhapilwe ele badisa leruo le tse dingwe tsa temo thuo, fa ba bangwe ba bereka mo go tsa kago, tsa lefatshe le dikago, mabentlele, thuto, boitekanelo le tsa go tlhama. Ba bangwe, go remeletswe mo go ba ba sa tlhamalalang mo moweng ebile ba le motlhofo go dirisiwa, ba tsaya karolo mo go tsa go bereka mo malwapeng le ditiro tsa tlhakanelo dikobo.

Ba Letso la Zimbabwe ba tletse kwa molelwaneng[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoro tsa melelwane tsa Ramokgwebana di ne di tletse phololela jaaka batho ba ne ba tsena le go tswa mo lefatsheng leno ka mafelo a beke. Mogolwane wa tsa melelwane, Mme Keamogetse Gaetwesepe, a re motsamao wa batho o oketsegile fela thata mo malatsing a boikhutso. A re bontsi jwa batho ba ba neng ba tsena mo lefatsheng leno, ba ne ba tletse go tsena go ditirelo tsa dikereke kgotsa ba etetse ba masika le ditsala.

Mme Gaetwesepe o ne a bolela gore le fa dipalo di ne di le kwa godimo jalo, ba ne ba dirisana bontle fela thata e bile ba kgona go ba thusa ka bofefo. O ne a supa gore mo malatsing a boikhutso, go ntse le sefatlhi se le sengwe fela, fa batho ba Zimbabwe ba ne ba leka go tsena mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane. O ne a a tlhalosa gore ba lemogile gore batho bao ba ne ba sa temepelwa ke ba lefatshe la Btswana mme ba ba busetsa kwa morago, kwa ba fetileng ba otlhaelwa go nna lebaka le le fetileng mo lefatsheng leo. E rile go tswa foo, dipasa tsa bone di ne tsa tempiwa mme ba thusiwa ka fa go tshwanetseng.

E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa molelwane wa Phitshane Molopo, mme Malebogo Jorowe, le ene o ne a supa gore motsamao wa batho o ne oketsegile mo malatsing a boikhutso jaaka ba ne ba tswa ba bo ba tsena mo lefatsheng leno. O ne a re o etse tlhoko gore palo ya ba ba neng ba tsena mo lefatsheng leno e ne e feta ya ba ba neng ba tswa, a supa gore bangwe ba ne ba etetse masika le ditsala, ba tletse manyalo le dintsho. Mme Jorowe o ne a supa gore palo e e di fetileng tsotlhe ya batho ba ba tsamayang mmogo ke ya batho ba le 65 ba Kereke ya Wesele, ba ba neng ba ya kwa Mabule go tsena ditirelo tsa kereke tse di farologaneng.Mme Jorowe o ne a bolela gore badiri ba molelwane oo ba ne ba thusa ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang le fa ba na le dikgwetlho tse di tshwanang le dikago tse dinnye le gore go na le ntlwana ya boithomelo e le nngwe e e dirisiwang ke baeng le badiri.Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Jorowe o ne a kopa tona ya tsa pereko le selegae gore a ba etele, go bona seemo se se bokete, se ba direlang mo go sone

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Batho ba Chaina mo Botswana
  • Batho ba India mo Botswana

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

Motswedi[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

  • Mazimbabwe bangwe mo Botswana ba ikutlwa ba sa rotloetsege go tlhopha, lekwalo la dikgang The standard ngwaga wa 2008
  • Mazimbabwe mo Botswana ba sotlegela go tswelela mo botshelong, lekwalo la dikgang The Zimbabwe Star ka ngwaga wa 2009.

Tempolete:Zimbabwean diaspora