Bayeyi

Go tswa ko Wikipedia

MaYeyi , Yeyi kana  Bayei ke  batho baba buang peo ya Bantu go tswa mo  bokone bophirima jwa Botswana le bokone botlhaba jwa lefatshe la Namibia. Ba Yeyi ba thibeletse mo lefelong le ka dingwaga tsabo  1800th go tswa kwa bokone mme ba feta ba nna le botsalano jo bo kwa godimo le morafe wa Basarwa bao ba kileng ba nna mo lefelong le pele. Ba bua ShiYeyi, eleng puo eo e rotloeditsweng ke morafe wa Basarwa mme e supiwa ka go thwanya ga loleme.[1]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Go ya ka ditso, baYei batswa mo bogosing jwa morafe wa Lozi ka ngwaga tsa bo 1800 go tsena mo Ngamiland ba eteletswe pele ke motsumi ebile ele motshwara ditlhapi ebong Hankuzi. Ene yare fa baYei ba kopana le morafe wa Bakhakwe, Hankuzi a nnyala yo mongwe wa basadi ba morafe o, kgang kgolo ele go batla kana go tlisa kagiso. Morago batho ba tshelegela ka mmetela mo lefelo le. BaYei ba ile ba ithuta methale ele mentsi ya itshetso mo morafeng wa Bakhakwe jaaka  botsipa jo bosha jwa go tshwara ditlhapi fa morafe wa BaYei one o akgolelwa go tlisa botsipa jwa go dira mokoro mo Ngamiland. BaYei gape bane bana le botsalano le morafe wa Lozi kwa bokone jaaka bane ba ananya motsoko go tsaya tshipi(iron) eo eneng ele mosola thata mogo bone go dira mitsu ya ntwa( spearhead) le di dirisiwa tse dingwe tsa tshipi.[2]

Ka dingwaga tsa bo 1900th,morafe wa baTswana yo o itsagaleng jaaka baTawana one wa goroga mo kgaolong ya Ngamiland. Morago ga go goroga ga bone baTawana, bontsi jwa baYei ba ne ba simolola go tsewa jaaka batlhanka, lefa ntswa ko tshimologolong go ne gotswa mo mothong gosa patelediwe ka gobo gone go tlisa tshireletsego kana pabalesego ee rileng go itsanye kana go dirisana le malwapa aa nang le itsholelo ee rileng.[2] Ka ngwaga wa 1992, morafe wa baYei one o tsewa jaaka morafe yo o ikemetseng ka nosi mme morago ba akaretswe kafa tlase ga boiteledipele jwa Mafwe.[1][1] Setilo sa bone sa bogosi se ko metlaganeng ya Sangwali mo kgaolwaneng ya botlhophi ya Judea Lyaboloma mo Zambezi. Go tloga ka ngwaga wa 1993, kgosi ya motse ke kgosi Boniface Sifu.[3] [4]Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ipelo wa Bayeyi oo bidiwang Batsara Batsapi o tshwarelwa mo lefelong le.[5] Temogo e,( e pataganetsweng le batho ba Mashi) ena le mosola mogo tsa sepolotiki jaana; ba Mafwe ba ne ba simolola gonna le dipelaelo jaaka fa bane ba bona Bayeyi ke Mashi ba supa tshwaragano kana kopano ya bone mogo tsa sepolotiki ko SWAPO eo eleng mokgatlho wa sepolotiki oo mashetla mo Namibia,mme gape ele bone sekgoreletsi fa e sale, gore Mafwe e ikemele ka nosi e bone kgololesego.[6]

Ngwao[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwao ya seYei re bua katsa bogosi, mojaboswa kana yoo tlhatlhamang yo o eneng ele kgosi, e tshwanetswe ya bo ele ngwana wa mosimane wa ga kgaitsadie kgosi, ke gore setlogolo sa kgosi.

BaYei ba dumela gore gone gona le modimo o motona magareng ga bone(greater god) mme nako nngwe a shakgalela morafe thata ka lebaka la tiro tsa bone tsa boikepo mme aya legodimong. Ga a tsenelele thata mo lefatshe kwa ntle ga go romela maru le dkgadima nako nngwe. BaYei gape ke batho baba bitsang badimo. Dijalo tse di mosola thata mo morafeng wa Bayeyi ke mabele le motsoko.[7] Mmidi le dipotata le tsone di lengwa thata bogolo jang ke ba ba nnang kafa kgaolong ya Ngamiland.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Sanzila, George (5 August 2015). "Mayeyi celebrate cultural heritage". New Era.
  2. 2.0 2.1 "Botswana Ethnic Groups". Study.com. Retrieved 2020-05-25
  3. Lubilo, Rodger (2018). Enactment of 'Community' in Community Based Natural Resources Management in Zambezi Region, Namibia (Thesis). Wageningen University and Research. ISBN 978-94-6343-858-2. Retrieved 14 November 2019.
  4. Bader, Christian (1997). La Namibie (in French). Paris: Karthala. p. 81. ISBN 9782865376445.
  5. Batsara Batsapi festival attracts thousands". New Era. 4 August 2015.
  6. Lilemba 1, John Makala; Matemba, Yonah Hisbon (2016). "Reclaiming indigenous knowledge in Namibia's post-colonial curriculum: The case of the Mafwe people". In Chinsembu, Kazhila C. (ed.). Indigenous Knowledge of Namibia. University of Namibia Press. pp. 283–310. ISBN 9789991642055.
  7. FAU South Africa Bureau – Friends of the African Union". Friends of the African Union. Retrieved 2020-05-26

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Thaba Atomic (24 November 2014)

"Tembwe Motshidisi: self acclaimed Wayeyi historian". Daily News