Caine Youngman

Go tswa ko Wikipedia

Caine Youngman o o tsholetsweng kwa Francistown [1], ke molwela ditshwanelo tsa setho le leloko la setlhopha sa ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe la LGBT rights movement mo Botswana.[2] O kgatlhile leitlho la baditshaba ka ngwaga wa 2011 fa a leka go fetola molao wa lefatshe le wa go kganela go ratana ka bong bo le bongwe.[3] [4]O bereka e le moeteledipele wa tsa melao kwa setlhopheng sa ditshwanelo tsa setho sa LEGABIBO (Lesbians,Gays & Bisexuals of Botswana). Ke leloko la lekgotla la Lesbian, Gay, Bisexual, Trans and Intersex Association la mafatshefatshe, mme a direla mo kgaolong e. Caine o kile a tlhaselwa ke Steven Anderson, a mo tlhaselela bong jo a itlhopehetseng go tlhakanela dikobo le jone. O ne a tsaya karolo mo tshekong ya ngwaga wa 2019 kwa kgotlatshekelong, e e neng ya dira gore go boelwe morago molao wa gore go tlhakanela dikobo ga batho ba bong bo le bongwe ga go ka fa molaong.

Go lwela ditshwanelo[fetola | Fetola Motswedi]

Youngman o nnile leloko la LEGABIBO ka ngwaga wa 2005.[5] O tsere karolo mo maitekong a go tlhabolola seemo sa molao wa batho ba ba ratanang ka bong mo Botswana. Ka ngwaga wa 2009 o ne a bolela fa a tla ema kgatlhanong le molao wa go kganela go ratana ka bong wa Botswana, tsheko e e kwadisitswe ka ngwaga wa 2011 mme ya gogelwa morago go batlisisa thata ka kgang e go ipaa mo maemong a a botoka go fenya.[6][7][8] Fa setlhopha sa bareri ba lefoko le le molemo ba ne ba tshwantshanya go ratana ka bong le go ratana ka losika, gape mothusa molaola dipuisano tsa palamente a ne a bitsa batho ba ba ratanang ka bong are ke matimona, Youngman o ne a ema kgatlhanong le dipego tse are ga di na tlotlo, di na le kilo ebile di itlhokomolosa ditshwanelo tsa setho.[9][10][11]

Ka nako ya tsheko e e neng e pateletsa puso ya Botswana go kwadisa LEGABIBO ka ngwaga wa 2014, e ne ele mongwe wa batsaya karolo a tlhalosa fa go gana ga puso e le go gataka ditshwanelo tsa tekatekano, go bua ka tshosologo le go sosologa mo bathong ba ba nnang le kamano le bone.[12][13] Puso e ne e ganne go kwadisa setlhopha se dingwaga de ferabongwe.[2] Ka LEGABIBO, Youngman o ne a tsaya karolo kwa kgotlatshekelong ya Botswana mo tshekong e e neng e ikaelela go boela morago go kganela go ratana ka bong ka ngwaga wa 2019.[14] Tsheko e e ne ya bonwa e le ya botlhokwa mo mafatsheng a mangwe a Aforika.[15][16][17][18]Youngman o ne a tshwaya phoso moatlhodi fa puso e ne e ikuela ka tshwetso e.[19]

Mo ngangisanong e e neng ya dirwa mo seromamoweng ka ngwaga wa 2016, moruti wa mo Amerika Steven Anderson o ne a tlhasela Youngman ka mafoko a bo are puso ya Botswana e bolae batho ba ba ratanang ka bong.[20] Morago ga kgaso, tautona wa nako e o Ian Khama a laola gore Anderson a busediwe kwa lefatshing la gaabo ka ntlha ya mafoko a kilo a a a buileng.[21] Kwa modirong le moemedi wa Amerika kwa Geremane Richard Grenell, Youngman o ne a re baruti ba Amerika kwa Aforika ba emise go pateletsa dipuso go gagamatsa melao le go dirisa molao wa polao mo bathong ba ba ratanang ka bong.[22]

Youngman o dumela gore go lwela ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong mono gae go seka ga fekeediwa ke baabamadi ba ba tswang kwa ntle.[14][23]Mo go lweleng ditshwanelo ga gagwe, o dirisa mafoko a Setswana ebile o bereka le baemedi ba ba farologaneng mo setshabeng, go akaretsa baeteledipele ba tumelo le magosi.[24] [25]O berekile mo lekgotleng la Pan-Africa ILGA, Ka ngwaga wa 2-16, o ne a tsaya karolo mo lenaneong la BBC World News Programme la Working lives.[26] O bereka ele moetelediple e wa tsa semolao kwa LEGABIBO.[27]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Youngman o lemogile gore o rata batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe fa a santse a tsena sekolo se se botlana.[1] Masika ka bontsi ba itsile ka se fa a bolela ka tsheko ya gagwe ya 2019. O boletse fa a sale a ikutlwa gore ba lolwapa la gagwe ba tumelo ya catholic ba mo eme nokeng.[14][28] O nyetse kwa ntle ga Botswana ka ngwaga wa 2019.[29]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Mooka,Yvonne.4 September 2018." I am gay to the core".The Midweek Sun. Retrieved 29 May 2020.
  2. 2.0 2.1 "LEGABIBO's court victory- what's next? Caine Youngman speaks to lifestyle".24 November 2014.Sunday Standard. Retrieved 29 May 2020.
  3. Andrew,Mike.11 March 2011."Gay activist sues Botswana over anti-Gay law".Seattle Gay News.39(10).Retrieved 29 May 2020.
  4. Akanji,Olajide;Epprecht,Marc.(1 October 2013).Nyeck,S.N.;Epprecht,Marc (eds)."Human Rights Challenge in Africa: Sexual Minority Rights and the African Charter on Human and Peoples' Rights".Sexual Diversity in Africa: Politics, Theory, and Citizenship.McGill-Queen's University Press.Montreal & Kingston, London, Ithaca.p 29.
  5. "Caine Youngman".Vimeo(Interview).1 May 2012.
  6. "Gay group challenges Botswana sodomy law".(30 April 2009).IOL.Retrieved 29 May 2020.
  7. "Sodomy lawsuit stirs debate on gays in Botswana".(16 March 2011).TimesLIVE.Retrieved 29 March 2020.
  8. "Achieving an AIDS-Free Generation for Gay Men and Other MSM in Southern Africa".amfAR, The Foundation for AIDS Research & Johns Hopkins Bloomberg School of Public Health.2013.p.37
  9. Butale,Biggie.2 February 2011."EFB aganist [sic] legalisation of homosexuality and prostitution".Mmegi.Retrieved 29 May 2020.
  10. "Botswana MP says he hates gays and lesbians".(11 February 2011).PinkNews.Retrieved 29 May 2020.
  11. Youngman,Caine.18 February 2011."Does God love me? I am gay".Retrieved 29 May 2020.
  12. "Court of Appeal to rule on LEGABIBO registration".17 March 2016.Sunday Standard.Retrieved 29 May 2020.
  13. "Botswana gay rights group wins landmark case".14 November 2014.BBC News.Retrieved 29 May 2020.
  14. 14.0 14.1 14.2 Fleischmann,Anne.15 June 2019."Homosexuelle hoffen nach Entkriminalisierung auf "friedliches" Leben".Euronews.Retrieved 29 May 2020.
  15. Gefeiert und getanzt.15 June 2019.Der Spiegel.p 75.
  16. Chappell,Bill.11 June 2019."Botswana's High Court Rules Homosexuality Is Not A Crime".NPR.Retrieved 29 May 2020.
  17. "Botswana's High Court rejects laws criminalising homosexuality".11 June 2019.Al Jazeera.Retrieved 29 May 2020.
  18. Tabengwa,Monica;Waites,Matthew (2020).Bosia,Michael J.;McEvoy,Sandra M.;Rahman,Momin(eds)."Africa and the Contestation of Sexual and Gender Diversity: Imperial and Contemporary Regulation".The Oxford Handbook of Global LGBT and Sexual Diversity Politics.
  19. Benza,Brian.(6 July 2019)."Botswana seeks to overturn ruling that legalized gay sex".Reuters.Retrieved 29 May 2020.
  20. Collison,Carl.(23 September 2016)."'Kill the gays' pastor Steven Anderson faces backlash from LGBTI activists".Mail & Guardian.Retrieved 29 May 2020.
  21. Cropley,Ed;Motsoeneng,Tiisetso.20 September 2016."Botswana deports U.S. pastor Steven Anderson over anti-gay views".Reuters.Retrieved 29 May 2020.
  22. Lavers,Michael K.(31 July 2019)."U.S. Embassy in Germany hosts meeting with LGBTI activists".Washington Blade.Retrieved 29 May 2020.
  23. "The Long, Successful Fight to Decriminalise Same-Sex Relations in Botswana".18 July 2019.LSVD Blog.Retrieved 29 May 2020.
  24. "Botswana is a rainbow nation".20 June 2019.Gender Links.Retrieved 29 May 2020.
  25. Lesidi,Bashi."When who looks like Ms. Do Right is actually Mr. Do Wrong".The Patriot on Sunday.Retrieved 29 May 2020.
  26. "Working Lives Gaborone: Caine Youngman".2 September 2016.BBC News (Video).Retrieved 29 May 2020.
  27. "Team".LEGABIBO.Retrieved 29 May 2020.
  28. "Dare to be different".14 March 2011.Sunday Standard.Retrieved 29 May 2020.
  29. Shaya (29 November 2019)."Young love".The Voice. Retrieved 29 May 2019.