Charles Tibone

Go tswa ko Wikipedia

Mbiganyi Charles Tibone ke lepolotiki mo Botswana. O ne a tlhophiwa go ya palamenteng mo ditlhopong tsa Phalane ngwaga wa 2004[1] go tsweng mo kgaolong ya Bophirima jwa Tati[2] gape a emetse phuthego ee busang ya Botswana Democratic Party. Go tsweng ditlhophong,Rre Tibone o ne a tlhophiwa go nna modiredi wa lephata la kgotlheletso ya metsi le ditswa mmung, ka Ngwanatsele a tlhola borobabongwe,ngwaga wa 2004,[1] a direla mo lefelong le go fitlhelela ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2007, fa a ne a tlhophiwa modiredi wa tsa Metse le selegae.[3] Fa tautona Rre Ian Khama a tsena mo ofising ya botautona ka kgwedi ya Moranang a tlhola ga ngwe,ngwaga wa 2008, o ne a ntsha Rre Tibone mo khuduthamageng ya palamente.[4]

Katlego ya Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Tibone o ithutetse dithut tsa gagwe kwa unibesithing ya Botswana, Lesotho le Swaziland. Moragonyana o ne a fiwa setlankana sa maemo a go tsweng boalogane jwa dithuto tsa mafatshefatshe tsa tshomarelo- madi le tsa go dira le molao wa mafatshefatshe kwa uniesithing ya Oxford. O ne a direla kwa lephateng la metse selegae le kwa maphata a tsa thomo ya mafatshe a sele pele ga a tsena mo maphateng a e seng a puso.O ne a nna mokaedi mogolo wa kompone ya Gaborone Delta.[2]

Botho jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Charles Tibone ke motho yo o ratang go itsane le batho.Mo nakong ya fa e santse e le mopalamente o ne a ikitsise sechaba fa a ile gom buisa puthego kwa metsaneng le kwa ditoropo.Charles o tseneletse maranyane a go buisanya a Facebook,mo e le tsela ya go ikgolaganya le batho ba ba batlang go itse ka katlego ya botshelo jwa gagwe.

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka go tuma le go rutega ga gagwe Tibone o fetlogile mogaka wa sekgantshwane mo bananeng ka e le mokaedi wa tlhwatlhwa mo matshelong a bone.


Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Mogae appoints cabinet -Ten new faces - Five women". Botswana Press Agency (BOPA). 2004-11-10. Retrieved 2007-12-07. Tempolete:Dead link
  2. 2.0 2.1 "New cabinet full of new faces", BOPA, November 11, 2004.
  3. "Mogae expands cabinet". Botswana Press Agency (BOPA). 2007-01-22. Retrieved 2007-12-07. Tempolete:Dead link
  4. "Khama fires five ministers", Mmegi Online , April 2, 2008.

Tempolete:Botswana-politician-stub