Karolo:Maloko a khuduthamaga ya palamente

Go tswa ko Wikipedia

Palamente ya lefatshe la Botswana[1] e na le batsamaisi ba ba tsamaisang tsamaiso ya lefatshe. Ka jalo palamente e na le maloko a e leng a yone.

Boikarabelo jo bogolo jwa ofisi ya khuduthamaga ke go thusa khuduthamaga ka bokwaledi le go rotloetsa tirisanyo fa gare ga palamente le matona. Maikarabelo a mabedi a a tlhalosiwa sentle fa tlase [2]:


a) Go thusa khuduthamaga ka bokwaledi • Go anamisa dikgang tse go yang go buiwa ka tsone • Go thusa komiti ya tsa kgweboya khuduthamaga e e dirang lenaneo la dipuisanyo ka bokwaledi • Go tsaya dintlha mo phuthegong ya khuduthamaga • Go tlhomamisa gore tsamaiso ya khuduthamaga yotlhe e salwa morago • Go ntsha ditshwetso tse di dirilweng ke khuduthamaga mo boemong jwa ga tautona • Go latedisa ditshwetso tsa khuduthamaga • Go ema moeteledipele wa Palamanete nokeng • Go tsamaisa tiro ya puso mo palamenteng • Go anamisa molaetsa ka ditiro tsa palamente le matona • Go tsamaisa go dirwa go saenelwa ga ditumalano ke tautona • Go rotloetsa tirisanyo fa gare ga makalana a mabedi a

b) tomagano fa gare ga palamente le matona • Ke yone e laolang melao-kakanyetso • E thusa ka kgakololo mo dinakong tse palamente e tsenang, e tswalwang e ba e phatlaldiwa ka tsone • E sekaseka dipotso tse di boditsweng kwa palamenteng, dikarabo, ditshutiso le go gakolola ka ditlamorago • E okamela tirisanyo kw palamenteng • Go latedisa ditsholofetso tse di dirilweng ke matona kwa palamenteng

Moeteledipele wa babereki ba Sechaba[fetola | Fetola Motswedi]

Jaaka tlhogo ya babereki ba sechaba, mokwaledi mogolo o itebagantse le tsamaiso ya bodiredi jo go ya ka kgaolo ya molao wa babereki ba sechaba. Mme o dira tse di latelang;

-o laola boitshwaro ja babereki -o tlhokometse seemo sa bodiredi sa babereki ba sechaba -o ka dira gape nako nngwe le nngwe tiro e e dirwang ke mmereki yo o amogelang mo seelong sa D1 go ya kwa godimo -o laola bakwaledi bagolo ba bodiredi ba puso ka fa go tsa tsamiso.

Mo go direng ditiro tse, mokwaledi mogolo o sala morago lokwalo la lentswela babereki ba sechaba e e tlhalosang ditshetla tsa babereki go diragatsa maitamo a a balegang jaana [3].Babereki ba sechaba sa Botswana ba ithoma ga neela ditirelo tse di faphegileng di sa turele bareki le bana-le-seabe ka go dira le go tsamaisa mananeo a puso. Badiri ba sechaba ba tla a dira dithulaganyo tsa go dira ka bonatla; go neela ditirelo tse di ntseng di tlhaela sechaba. Gape ba tla a dira moya o o edileng mo mafelong a bodiredi go neela ditirelo tsa tlhwatlhwa.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ditsebe tse di mo karolong “Maloko a khuduthamaga ya palamente"

6 ke ditsebe tsa karolo, go 6 ya ditsebe.