Jump to content

David Magang

Go tswa ko Wikipedia
David N. Magang
Ka Ga Ena
O tsetswec. 1938 (age 86–87)
Botswana
Mosetshaba waMotswana
BonnoGaborone
Alma materUniversity of London
Tirolawyer, businessman and politician.

David N. Magang (o tshotswe ka 1938) ke mmueledi, mogwebi le lepolotiki la Botswana. O tsene dithuto tsa gagwe kwa University of London, ke ene Motswana tota wa ntlha go bula kompone e eikemetseng ka nosi ya molao mo Botswana. [1] ke leloko la phathi e e neng e busa ya Botswana Democratic Party. Magang e ne e le mopalamente wa dikgaolo tsa botlhophi tsa Kweneng botlhaba/Lentsweletau go tloga ngwaga wa 1979 go eme ka wa 2002.

O ntse le maemo a le mmalwa a berekela ka fa tlase ga bo Tautona Quett Masire le Festus Mogae, go akaretsa go nna Tona wa meepo le metsi (1994-97) le Tona wa ditiro, dipalamo le ditlhaeletsanyo (1992-94, 1998-2001).

Magang o ne gape ele moeteledipele wa African Development Bank go tloga 1989 go ema ka 1992. Morago ga go tlogela puso Magang o atlegile thata mo go tsa tlhabololo bonno, a aga dikago tsa maemo a ntlha mo Gaborone kwa Phakalane.[2] O kwadile buka ka ga ene kana ka botshelo jwa gagwe e e atlegileng thata e e bidiwang The Magic of Perseverance.[3][4][5]

Ka 2012, mmegadikgang wa Moamerika, Peter Musurlian wa Globalist Films, o ne a wetsa filimi e e gapileng Emmy ka ga Botswana, e a neng a e gatisa ka Sedimonthole 2002.[nopolo e a tlhokega] David Magang o nnile le seabe se segolo mo dikgatisong tse dintsi kwa Botswana mme o ne a tlhagelela mo filiming yotlhe, e e neng ya gasiwa kwa Burbank, California mme e teng mo YouTube.[nopolo e a tlhokega]

O ne a na le diportfolio di le mmalwa tsa maemo a a kwa godimo tsa bodiredi ka fa tlase ga botautona Quett Masire le Festus Mogae, go akaretsa le Tona ya Meepo le Metsi (1994–97) le Tona ya Ditiro, Dipalamo le Ditlhaeletsanyo (1992–94, 1998–2001).[nopolo e a tlhokega]

O katisitswe kwa Yunibesithing ya London.[nopolo e a tlhokega]

Botshelo jwa lelapa

[fetola | Fetola Motswedi]

David Magang o nyetse mosadi wa gagwe,Dorcas ka Sedimonthole a le masome mabedi 1969 mme mmogo ba na le bana ba le bararo, barwa ba le babedi le morwadi a le mongwe. Wa ntlha o ne a tsholwa e le Lesang, morago ga moo Thola mme la bofelo Bonang.[6]

Diphitlhelelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go tswa mo pusong Magang o ne a nna motlhabolodi wa dithoto yo o atlegileng, a tlhama motse wa maemo a a kwa godimo wa Gaborone wa Phakalane.[nopolo e a tlhokega] O kwadile buka ya botshelo jwa gagwe e e atlegileng le e e tsosang dikganetsano ya 2008 ya The Magic of Perseverance.[nopolo e a tlhokega]

Dipadi tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Fred Morton, Jeff Ramsay, Themba Mgadla. Historical dictionary of Botswana‎. 4th Edition. Scarecrow Press: 2008. ISBN 9780810854673 p. 204.
  • David Magang. The magic of perseverance: the autobiography of David Magang. Issue 51 of CASAS book series: 2008. ISBN 9781920287702
  1. Biography:Launch of The Magic of Perserverance. Phakalane ltd. website. Retrieved 2010-02-12.
  2. Botswana: Magang Transforms Virgin Land Into a Paradise. Mmegi/The Reporter (Gaborone), Lekopanye Mooketsi. 15 Moranang 2009.
  3. A Review of David Magang’s “MAGIC OF PERSEVERANCE”. Christian John Makgala, Sunday Standard. 18 Firikgong 2009.
  4. Did De Beers cheat Botswana? – The Masire Factor. Sunday Standard. 18 Firikgong 2010.
  5. Botswana: Magang's 'Unputdownable' Memoirs. Mmegi/The Reporter (Gaborone). 11 Phukwi 2008
  6. Magang, David (2008). The Magic of Perseverance: The Autobiography of David Magang. Capetown: Centre for Advanced Studies of African Society. pp. 629–633. ISBN 9781920287702.