Charlie Hennigan

Go tswa ko Wikipedia

Charles Taylor Hennigan, Sr. (Mopitlo a tlhola lesome le boferabongwe-Sedimonthole a tlhola masome a mabedi, 2017) e ne ele motshameki wa kgwele ya seAmerika (American football) a tshamekela setlhopha sa pele sa Houston Oilers sa American Football League (AFL).[1]

Tiro ya Kgwele[fetola | Fetola Motswedi]

Hennigan o ne a tsena kwa LSU a hilwe track scholarship mme ene a batla go tshameka kgwele ya seAmerika (American football). Ka jalo, o ne a fetola sekolo go ya kwa Northwestern State University (se nako eo e neng e le Northwestern State College) kwa Natchitoches, Louisiana, kwa a fitileng a fetoga naledi ya setlhopha seo. Ka 1960, o ne a tsena mo setlhopheng sa Houston Oilers sa American Football League mo ngwageng wa sone wa ntlha se simolola go tshameka. Pele ga a ya kwa setlhopheng sa Oilers, o ne a ruta biology ya sekolo se segolwane kwa a neng a amogela madi a a kanang ka $2, 700 ka ngwaga. O ne a baya bosupi jwa gagwe jwa dituelo tsa borutabana joo mo lekarapeng la gagwe ya metshameko go igakolola gore o tshwanetse go atlega mo go tsa metshameko.

Hennigan o ne a nosa touchdown ya ntlha mo ditsong tsa Oilers, a kapa tlhago ya dikgato tse 43 go twa kwa go George Blanda mo sephatlong sa ntlha sa motshameko kgatlhanong le Oakland Raiders. Mo ngwageng oo, o ne a ka ditlhago tse 44 mo dikgatong di le 722, a dira palo ya dikgato 16.4 mo go tshwareng gongwe le gongwe. O ne a nna le ditouchdown di le thataro. Ka motshameko wa American Football League Championship Game wa 1960, o ne a tshwara ditlhago di le nne mo dikgatong di le 71 fa Oilers e fenya 24-16 go fenya maemo a ntlhantlha a AFL e fenya Los Angeles Chargers. Morago ga setlha sa rookie se se neng se solofetsa, ka 1961, a simolola metshameko yotlhe e le lesome le bone mme a itshetlela go nna naledi mo AFL a bona dikgato di le 1746 tsa kamogelo ditlhago le ditouchdown di le lesome le bobedi, sa pele e le rekote ya kgwele ya seAmerika ya Pro e e neng e eme dingwaga di le masome a mararo le bone. Mo go Phalane fela, o ne a nna le dikgato tsa kamogelo ditlhago di le 822, tse di di fetang tsotlhe mo kgweding e le nngwe. Motshameka morago George Blanda o ne a nna a mmeile leitlho, Hennigan e ne ele motshameki wa kgwele ya seAmerika wa bobedi go tshwara ditlhago di feta lekgolo mo setlheng se le sengwe (101 ka 1964, se eleng rekote ya AFL) le go nna le dikgato tse di fetang 1,500 tsa kamogelo ditlhago gabedi (1961 le 1964). O tshwere rekote ya nako tsotlhe ya metshameko e mentsi mo setlheng ya go feta dikgato di le 200 a amogela tse tharo, le ya metshameko e mentsi go feta dikgato di le 100 a amogela tse lesome le bongwe. Hennigan o ne a nna le rekote ya All-time AFL mo motshamekong o le mongwe ya go nna le dikgato dile 272 o amogela ditlhago kgatlhanong le Boston Patriots ka Phalane a tlhola lesome le boraro ngwaga wa 1961. Ditlhago tse a ditshwereng tseo tse di lesome le boraro mo motshamekong oo, e ne ele tse dintsi go di fetisa tsotlhe mo AFL, tse a ditshwaraganetseng le Lance Alworth, Lionel Taylor, le Sid Blanks. Ka motshameko wa American Football League Championship Game ka 1961, o ne a tshwara ditlhago di le tlhano mo dikgatong di le 43 fa Oilers e ne e fenya maemo AFL a bone a bobedi e bile e le a bofelo.

Ka Firikgong a tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe, 1962, toropo ya Minden e ne ya lemoga letsatsi la "Charlie Hennigan". State Senator wa nako yeo Harold Motgomery, State Representative eleng Parey Branton, Ratoropo (Mayor) Frank T. Norman, le bagolwane bangwe ba toropo eo ba ne ba abela Hennigan dipampiri tse di beilweng monwana tsa botswerere jwa gagwe.[2] Dijo tsa motshegare le tsa maitseboa di ne tsa jewa mo ipelong ya gagwe. Tiro eo e ne e tlosolositswe go tsweng mo bekeng e e fitileng ka mabaka a seemo sa loapi se se neng se sa iketla.[3] Ngwaga oo, o ne a na le dikamogelo tse 54 mo dikgatong tse 867 le ditouchdown di ferabobedi. Ka motshameko wa AFL title, o ne a tshwere ditlhago di le tharo mo dikgatong di le 37 mme Oilers e ne ya latlhegelwa ka nako e e okeditsweng ga bedi kgatlhanong le Dallas Texans.

Hennigan o ne a tlhophiwa ke batshameki ka ene go nna Sporting News AFL All-League offensive end ka 1961, 1962, le 1964. E ne e le American Football League Eastern Division All-Star mo ngwageng tse tlhano ka go tlhomagana (1961-1965), o ne a tlogela go tshameka ka setlha sa 1966. O ne a tlhophiwa mo All-Time All-AFL Second Team.

Ba lekgotla la Professional Football Researchers Association ba ne ba bitsa leina la ga Hennigan go tsenngwa mo PFRA Hall of Very Good Class ka ngwaga wa 2014.[4]

Dingwaga tsa morago[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1967, Hennigan o ne a amogela setankana sa gagwe sa bongaka (doctorate) mo go tsa thuto go tswa kwa University of Houston.[5] Hennigan one a tsamaisa tsa thuto-tlaleletso kwa Shreveport gape a bereka le magolegwa ba ba neng ba bata General Equivalency Diploma (GED). Hennigan o ne a na le bana ba le supa, yo motona mo go bone ele Charles, Jr., yo o neng a tsholelwa kwa Natchitoches ka ngwaga wa 1957.

O ne a bidiwa go tsenngwa mo Louisiana Sports Hall of fame ka 1978.[6]

Ka Moranang a tlhola ga rataro, Hennigan, yo mo nakong eo e ne ele Democrat mme a ikwadisitse e le Independent ka 2014, a tsenelela ditlhopho tse di faphegileng (special election) tsa Place 8 mo Caddo Parish Commission, e e neng e le yone e busang parish ya gagwe. O ne a fenngwa ke Michael Long wa mo Republican, ka ditlhopho di le 2,139 (74.9 percent) go tse 716 (25.1 percent).

Ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le masome a mabedi, 2017, Hennigan o ne a tlhokafala a na le dingwaga tse masome a ferabobedi le bobedi.[7]

Kitso-Tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Former Oilers Great Charlie Hennigan Passes Away [1] Jim Wyatt, Retrieved 14/10/2023
  2. Hero's Welcome Given Local Pro Grid Athlete Minden Press. Retrieved 24/10/2023.
  3. Second Attempt Set for Charlie Hennigan Day Minden Herald. Retrieved 24/10/2023.
  4. Professional Researchers Association Hall of Very Good Class of 2014 [2] Professional Football Researchers Association. Retrieved 24/10/2023.
  5. Charles Henningan to Get Doctor's Degree Minden Press-Herald. Retrieved 24/10/2023.
  6. Demon legend Charlie Hennigan, among NFL's all-time receiving greats, dead at 82. [3] Doug Ireland. Retrieved 24/10/2023.
  7. Oilers great Charlie Hennigan passes away [4] John McClain. Retrieved 24/10/2023.