Jump to content

Charma Gal

Go tswa ko Wikipedia

Magadeline Lesolobe (o tshotswe ka 18 Sedimonthole 1983) yo itsegeng ka leina la gagwe la bodiragatsi la Charma Gal, ke moopedi le mokwadi wa dipina wa Motswana.

Charma Gal
Leina la MatsaloMagdeline Lesolobe
TsaloLerala, Botswana.
LetsoBotswana
MefotaMosakaso
DitiroSinger-songwriter, recording artist
DidirisiwaVocals
Dingwaga tsa a le mo boopeding2005–present
LabelsCharma Gal Productions

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Charma gal o tsaletswe mo motseng wa Lerala mo Botswana. O ne a nyetse Kabelo Mogwe, mme ba kgaogana ka ngwaga wa 2016.[1] Charma Gal o nale bana ba le babedi.[2] Charma Gal ke mongwe wa batlhami ba setlhopha sa Culture Spears, se se bopilweng ka 2005. O tlogetse setlhopha seo go itlhamela sa gagwe, a se bitsa Eke Ntolo, se se ntsitseng dipina di le mmalwanyana.

Tiro ya gagwe ya boopedi

[fetola | Fetola Motswedi]

Charma Gal o ne a gatisa rekoto e ntšha ka Mopitlo wa 2017, e bong Mmokolodi.[3] O berekile le badiragatsi ba mafatshe ka go farologana, go akaretswa Jah Prayzah mo pineng ya Dali Wangu.[4]

Charma Gal o ne a tlhagelela gape mo bitswa ke ba bereka mmogo pineng ya ga Master KG ya "Nsalele le ngwana" ka 2018. O ne a gatisa rekoto ya gagwe ya bosupa ya Lekgamu La Bananyana ka Ngwanatsele 2018. Rekoto e, e ne ya gatisiwa ka Charma Gal Productions. Pina ya Lekgamu la Bananyana, e e tlhakanetseng leina le rekoto e e fitlhelwang mo go yone, e ne ya fitlha ko mankalengkeleng a maemo a 10 mo palong ya dipina tse 20 tse di gaisang ya Yarona FM. Ka 2020 o ne a tlhagelela mo rekotong ya ga Makhadzi ya Kokovha mo pineng ya Themba Muthu. O ne a tlhagelela mo pineng ya mmamoratwa ya Sibi ka ba Culture Spears, ba a neng a na le dingwaga a kgaogane nabo.

O ne a gatisa rekoto e e bidiwa Likhona ka 2022, e mo go yone go nang le pina ya Kotsio, e Kabelo Mogwe a tlhagelelng mo go yone.

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Kabelo Mogwe & Charma Gal slits a knock out hit". Weekend Post (in Sekgoa). 2020-03-16. Retrieved 2021-04-29.
  2. "10 Things You Didn't Know About Charma Girl!". 19 October 2015. Retrieved 23 September 2017.
  3. "Charma Gal returns with new album". Botswana Gazette. 16 March 2017. Retrieved 30 December 2017.
  4. Herald, The. "Charma Gal falls in love with Zim". The Herald (in Sekgoa). Retrieved 2019-12-23.