Culture Spears

Go tswa ko Wikipedia

Culture Spears ke setlhopha sa mmino wa Setswana le wa ngwao mo Botswana. Setlhopha se se ne sa simolola go itsege fa se ne sa ntsha Kulenyane ka ngwaga wa 2006.

Dialebamo le dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha sa Culture Spears se ntshitse di alebamo di le tlhano: Korone,Kulenyane,Khudu,Kuweletsana le Kulanche. Go ne ga rekisiwa tsa kulenyane di le dikete di le masome a marataro mo dikgweding tse tharo ya bo ya fenya dietsele di le mmalwa. Alebamo e e neng e ratega thata e, e dirilwe ke Johane Maseko o eleng modiri wa dialebamo wa kwa Zimbabwe, o o itsegeng ka leina la Joe Maseko. O ne a e direla kwa ntlong ya gagwe ya Rising House kwa Gwabalanda township kwa toropongkgolo ya bobedi ya Zimbabwe, e leng Bulawayo. Ba ne ba tswelela ka go nna le botsalano ka dinako tse dingwe le Maseko, o o neng a tlhokafala ka Ngwanatsele 2018.

Setlhopha se ne se tshameka kwa meletlong ya tlotla mo Botswana le kwa ntle, ba fenya dietsele tse dintsi ba bo ba nna sengwe sa ditlhopha tse di atlegileng go gaisa mo mmino wa lefatshe leno.[1] Culture Spears ba ne ba fiwa seetsele sa ga tautona sa boleng. Ka ngwaga wa 2008 ba ne ba lalediwa ke tautona wa Aforika Borwa Thabo Mbeki go ya go mo opelela.

Dipina tse di tumileng thata[fetola | Fetola Motswedi]

Kulenyane e ne e le pina ya ntlha ya ngwao go tshamikiwa mo diromamoweng tsa toropo tse di neng pele di sa kgatlhegele mmino wa setso. Pina e e ne ya tuma thata mo mongwe wa di dj tsa Aforika Borwa o o neng a tlhokafala ka Ferikgong ngwaga wa 2015 Bujo Mujo a neng a e fetolela go nna pina ya mmino wa house, fa seopedi se sengwe se se tumileng sa mmino wa gospel kwa Aforika Borwa Solly Moholo a neng a reka tetla ya go e fetola go nna pina ya mmino wa mokhukhu.[2]

Khudu e ne ya fenya go nna pina ya ngwaga, le go nna pina e e nang le ditshwantsho tsa motshikinyego tse di gaisang kwa dietseleng tsa Botswana Music Union ka ngwaga wa 2010.

Lefelo la kgatiso mmino la kulenyane[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha se ne sa simolola lefelo la kgatiso mmino ba le bitsa Kulenyane studios, jaaka alebamo ya bone ya bobedi e ne e bidiwa, e eleng yone e e rekisitseng go gaisa. lefelo le la kgatiso le kwa ntlo manobonobong a Culture Spears kwa Gaborone.

Tlhagelelo mo go tsa dikgang[fetola | Fetola Motswedi]

Go ya ka Botswana Youth Magazine, setlhopha se tlhageletse mo ditlhogong tsa dikgang ka mabaka a a siameng le a a sa siamang, go simolola ka go kgaogana mo lonyalong ga baopedi bagolo ba sone (Magdaline Lesolebe le Kabelo Mogwe) go ya kwa go tsweng mo setlhopheng ga maloko a mangwe.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Culture Spears still big in South Africa, Botswana Youth Magazine, Mar 10, 2016"
  2. "Monkagedi Gaotlhobogwe, Culture Spears for Zim awards, Mmegi online, Thursday 16 February 2017".