Jump to content

Connie Chiume

Go tswa ko Wikipedia
Chiume kwa go neng go bontshiwa filimi lekgetlho la ntlha ya Black Panther: Wakanda Forever ka 2022

Connie Temweka Gabisile Chiume (05 Seetebosigo 1952 - 06 Phatwe 2024) e ne e le motshameki wa mosadi le modiri wa filimi mo Aforika Borwa.[1] O ne a itsiwe ka dikarolo tsa gagwe tsa filimi mo Black Panther, Black Is King le Blessers.[2] Mo thelebišeneng, o ne a bonala mo S'gudi S'nyasi, Yizo Yizo 2, Zone 14, Rhythm City le Gomora.[3]

Botshelo jwa pele le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Connie Chiume o tshotswe ka 05 Seetebosigo 1952 kwa toropong ya moepo ya Welkom, kwa porofenseng ya Foreisetata mo Aforika Borwa.[4] Connie o tsene sekolo se se botlana se se gautshwana mo Welkom pele a ka tsena kwa sekolong se segolwane kwa Kapa Botlhaba. Morago ga go fetsa sekolo se segolwane, o ne a ikwadisa mo kholejeng ya go katisa baoki. Le fa go ntse jalo gaaka a feleletsa dithuto tsa gagwe tsa booki.[5] Morago o ne a ithutela go nna morutabana. Ka 1976, fa Connie a sena go bona dikerii ya gagwe ya borutabana, o ne a ruta nakonyana e e rileng.[6][7]

Le fa go ntse jalo, Chiume o ne a eletsa go nna mo seraleng. Ka 1977, fa Aforika Borwa e ne e aparetswe ke dikhuduego tsa baithuti, o ne a tswa mo nageng e o mme a nna leloko la setlhopha sa mmino se se neng se tsamaya se etela kwa Iseraele le Gerika.[8] Morago o ne a tsenela motshameko o o tumileng wa mmino wa Afrika Borwa e leng Ipi Ntombi. O ne a tlhagelela gape mo ditshamekong tsa Porgy and Bess le The Little Shop of Horrors fa a ne a le kwa moseja.[9]

Chiume o tlhokafetse kwa Garden City Hospital kwa Gauteng ka 5 Phatwe 2024, a le dingwaga di le 72.[6]

Rraagwe Connie Chiume e ne e le Wright Tadeyo Chiume wa kwa Malawi mme mmaagwe, MaNdlovu e ne e le MoZulu go tswa kwa KwaZulu-Natal mo Afrika Borwa. Connie e ne e le ngwana wa botlhano mo go ba le robongwe.[10] Rraagwe o ne a boela kwa Malawi mme moragonyana a tlhokafala mo nageng eo ka 1983, mme mmaagwe a tlhokafala ka Mopitlwe 2020. Connie Chiume o ne a nyalwa ke monna wa mo Aforica Borwa ka 1985 morago ba tlhalana ka 2004.[11] O na le bana ba le bararo, basimane ba babedi le mosetsana. Ntsalaagwe, Ephraim Mganda Chiume ke radipolotiki wa kwa Malawi.

1990- 2000

[fetola | Fetola Motswedi]

Connie Chiume e ne e le motshameki yo o itsegeng wa Aforika Borwa yo tiro ya gagwe e tsereng dingwagasome di le mmalwa, a na le seabe se segolo mo difiliming le thelebišeneng. Connie Chiume o ne a tlhagelela mo filiming ya Warriors from Hell, e e golotsweng ka 1990, mo a neng a tshameka karolo ya ga Marita. Filimi e e ne ya supa tshimologo ya tiro ya gagwe le talente mo madirelong a difilimi.[12] Ka 1994 o ne a tshameka karolo ya Mme Urudu mo The Air Up There. Tiragatso ya ga Chiume e ne ya humisa go batlisisa ga filimi ka dikamano tsa ditso tse di farologaneng, mme seno sa dira gore a nne le tlhotlheletso e kgolo mo go rotloetseng go ananya ditso. Mo filiming ya Chikin Biznis...The Whole story ya 1999, Chiume o ne a tshameka karolo ya ga Thoko. Chiume o ne a tshameka karolo ya Wanjiku mo I Dreamed of Africa ka ngwaga wa 2000, e e neng ya mo thusa go itsege mo baesekopong ya boditšhaba.[13]

2003- 2019

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2003 mo filiming ya Soul City, seabe sa gagwe se ne sa dira gore a nne le maemo a a kwa godimo mo thelebišeneng ya Aforika Borwa. Ka 2004, o ne a tshameka karolo ya Virginia Tabata mo In My Country.[14] Go tshameka ga gagwe jaaka Zinzi mo go Fanie Fourie's Lobala ka 2013 go bontshitse gape bokgoni jwa gagwe jaaka motshameki. Mo filiming e khutswane ya Lerato ya ngwaga wa 2015 e e ne e bua ka dikgang tsa lorato le setlhabelo, karoloya gagwe ya boruti e ne a neela kaelo le botlhale.[13] Go tloga ka 2015, Chiume o ne a tshameka karolo ya 'Mamokete Khuse' mo thelebišeneng ya Rhythm City, e e neng ya tuma thata mme ya supa bokgoni jwa gagwe jwa go ikgolaganya le babogedi ka go tshameka karolo ya go nna mme.[15] Chiume o ne a tuma lefatshe ka bophara ka go tshameka karolo ya Zawavari mo go Black Panther ka 2018.[15] Mme morago a bowa gape mo go Losing Lerato jaaka Gogo on Bus le Blessers jaaka Ma-Lerato ka ngwaga o le mongwe wa 2019.[16]

2020- 2024
[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2020, o ne a tlhagelela mo What Did You Dream? jaaka Koko, a tswelela go tlogela letshwao la gagwe. Mo Black Is King ka ngwaga wa 2020 o ne tshameka karolo ya Sarabi, mmaagwe Simba.[8] Gape o ne a tshameka jaaka Mmagwe Dineo mo Seriously Single ka 2020. A tshameka karolo ya Nana Rakau mo Queen Sono, kgasong ya tatelano ya Netflix. Chiume o ne a tshameka karolo ya Mam'Sonto Molefe mo Gomora ka 2020, karolo e e neng e le botlhokwa mo kgasong ya tatelano ya terama. Heart of the Hunter e ne ya gololwa ka 2024, filimi eo, e ne ya dira gore Chiume a nne le seabe se se botlhokwa, mme seo se ne sa bontsha gore o santse a le botlhokwa mo madirelong a difilimi. Mo go yone o ne a tshamake karolo ya ga Thandiwe Makeba.[17] Kgato ya tatelano e leng Soon Comes Night, Connie o ne a tshameka jaaka Ma'Sibiya, e ne ya gasiwa ka Tlhakole 2024, mme ya oketsa tiro ya ga Connie Chiume ya thelebišene, e supa fa a kgona go fetoga le mefuta e e farologaneng ya mothale.[17]

SAFTA Awards

[fetola | Fetola Motswedi]

Chiume o amogetse Avanti Award ya Best Actress mo kgasong ya tatelano ya terama kwa South African Film and Television Awards (SAFTA) ka 2000. Kabelo e, e ne e le go mo tlotlomatsa ka tiro ya gagwe e e tlhomologileng mo tirong e a ne a e dira.[18]

Best Supporting Actress

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2005, o ne a gapa Golden Horn Award ka ntlha ya seabe sa gagwe jaaka 'Stella Moloi' mo go Zone 14, e leng kgaso ya tatelano e e tumileng wa diterama. O ne a tswelela mo tirong e go fitlha ka 2010, a tiisa maemo a gagwe jaaka motshameki wa mogaka.[18] Chiume o ne gape a abelwa sekgele sa Best Supporting Actress ka nako ya 3rd SAFTA ka ntlha ya seabe sa gagwe mo diterameng tsa thelebišene.[18]

Lenaane la difilimi le thelebišene

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Tlhagiso
1990 Warriors from Hell Marita
1994 The Air Up There Mrs Urudu [19]
1999 Chikin Biznis ... The Whole Story! Thoko [19]
2000 I Dreamed Of Africa Wanjiku [19]
2004 In My Country Virginia Tabata [19]
2013 Fanie Fourie’s Lobala Zinzi
2015 Lerato Moruti Filimi e e khutshwane
2018 Black panther Zawavari [18]
2019 Losing Lerato Gogo on Bus
2019 Blessers Ma-Lerato
2020 What Did You Dream? Koko Filimi e e khutshwane[8]
2020 Black Is King Sarabi [8][15]
2020 Seriously Single Mmagwe Dineo [20]
2022 Black Panther: Wakanda Forever Zawavari [18]
2024 Heart of the Hunter [21]

Thelebišene

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Tlhagiso
1989 Inkom' Edla Yodwa Thembi [18][15]
1994 The Line Rosie Filimi ya thelebišene
1997 A Woman of Color Modiredi wa puso Filimi ya thelebišene
1998 Tierärztin Christine III: Abenteuer in Südafrika Mohlolohadi jaaka thakane Filimi ya thelebišene
2003 Soul City [15]
2004 Mazinyo Dot Q Ma Mavuso
2007–2015 Zone 14 Stella Moloi [18]
2015 Rhythm City Mamokete Khuse [18][15]
2017 Thula's Vine Nothando
2020 Queen Sono Nana Rakau [22]
2020 Gomora Mam'Sonto Molefe [18]
2020 Choices [23]
2024 Soon Comes Night [21]
  1. https://www.imdb.com/name/nm0158448/
  2. https://people.com/connie-chiume-dead-black-panther-actress-8692295
  3. https://briefly.co.za/37398-connie-chiume-biography-age-date-birth-nationality-husband-parents-nominations-awards-tv-shows-movies-instagram-contact-details.html
  4. https://studentroom.co.za/wiki/connie-chiume/
  5. "'Seriously Single' Review: Netflix's South African Rom-Com Brings Fresh Energy to Genre". Indie Wire. 29 July 2020. Archived from the original on 19 November 2020. Retrieved July 31, 2020.
  6. 6.0 6.1 https://www.nytimes.com/2024/08/07/world/africa/connie-chiume-dead.html
  7. "Archive copy". Archived from the original on 2024-08-18. Retrieved 2024-08-18.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)
  8. 8.0 8.1 8.2 8.3 Chutel, Lynsey (7 August 2024). "Connie Chiume, 72, Dies; 'Black Panther' Actor Bridged S. Africa Eras". The New York Times. https://www.nytimes.com/2024/08/07/world/africa/connie-chiume-dead.html. 
  9. "Queen Sono: Inside the star studded premiere". www.gq.co.za. 28 February 2020. Retrieved 9 August 2024.
  10. "Mamokete back to South Africa". times. Archived from the original on 30 August 2021. Retrieved 8 November 2020.
  11. https://studentroom.co.za/wiki/connie-chiume/
  12. https://www.imdb.com/title/tt0379583/
  13. 13.0 13.1 https://savannanews.com/connie-chiume-biography-age-husband-children-awards-black-panther-tv-roles-gomora/
  14. https://wikisouthafrica.co.za/connie-chiume/
  15. 15.0 15.1 15.2 15.3 15.4 15.5 "'Black Panther' actress Connie Chiume dies aged 72". euronews. Retrieved 8 August 2024.
  16. https://wikisouthafrica.co.za/connie-chiume/#Filmography
  17. 17.0 17.1 https://metro.co.uk/2024/08/06/black-panther-actor-connie-chiume-dies-aged-72-21374303/
  18. 18.0 18.1 18.2 18.3 18.4 18.5 18.6 18.7 18.8 "Connie Chiume: South African TV star dies aged 72". www.bbc.com. Archived from the original on 7 August 2024. Retrieved 8 August 2024.
  19. 19.0 19.1 19.2 19.3 https://web.archive.org/web/20160427112708/https://mwnation.com/meet-actress-connie-chiume/
  20. "'Seriously Single' Review: Netflix's South African Rom-Com Brings Fresh Energy to Genre". Indie Wire. 29 July 2020. Archived from the original on 19 November 2020. Retrieved July 31, 2020.
  21. 21.0 21.1 "Connie Chiume, South African actor known for 'Black Panther' role, dies at 72". Los Angeles Times. 8 August 2024. Retrieved 8 August 2024.
  22. "Queen Sono: Inside the star studded premiere". www.gq.co.za. 28 February 2020. Retrieved 9 August 2024.
  23. "Mamokete back to South Africa". times. Archived from the original on 30 August 2021. Retrieved 8 November 2020.