David Bright

Go tswa ko Wikipedia
David Bright
Motshameki wa kgwele ya dinao
Letsatsi la tsalo (1956-06-13)13 Seetebosigo 1956
Lefelo la tsalo Botswana[1]
Letsatai la leso 25 January 2021 (aged 64)
Lefelo la leso Gaborone
Teams managed
Years Setlhopha
1992–2005 Mogoditshane Fighters
1997–1998 Botswana
1999 Botswana
2000 Botswana
2008–2009 Engen Santos
2014–2015 Cape Town
2017–2019 Botswana

Major David Bright o tshotswe ka Seetebosigo a le lesome le boraro ka ngwaga wa 1956, a bo a tlhokafala ka kwedi ya Ferikong a le masomea mabedi le botlhano, ngwaga wa 2021. E ne e le mokatisi wa setlhopha sa sechaba sa kgwele ya dinao (Zebras) sa lefashe la Boswana

Botshelo[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a supiwa e le mongwe wa bakatisi ba ba atlegileng thata go tswa mo lefatsheng la Botswana. O kile a nna tona ko sesoleng, ka jalo gantsi o ne a bidiwa ka leina la maemo a a kileng a a tshwara a Major.

Ka di 5 February 1992, Bright o ne a simolola go katisa setlhopha sa Mogoditshane Fighters.[2] Mo dingwageng di le lesome le boraro ka fa tlase ga katiso ya gagwe, setlhopha seo sa bona phenyo ya dikgaisano tsa Botswana Premier League di le tharo go tswa ka ngwaga wa 1999 go fitlha wa 2001 ka go latelana.

Mo godimo ga moo, Bright o katisitse setlhopa sa Engen Santos, Bay United, le Gaborone United.

O ne a simolola legato la gagwe la bone ka go katisa setlhopha segolo sa kgwele ya dinao sa lefatshe la Botswana ka July 2017, mme o ne a kobiwa ka di 19 February 2019 morago ga go tlhoka go dira sentle ka ipapatso ya 2019 Africa Cup of Nations qualification campaign.

Morago ga go tsaya loeto a leba kwa Aforika Borwa, Bright o ne a tlhokafala a le dingwaga di le masome a le borataro le bone, ka lebaka la bokoa jo bo bakilweng ke mogare wa COVID-19.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Botswana - D. Bright - Profile with news, career statistics and history - Soccerway". int.soccerway.com.
  2. "The 1990s football: Loving and loathing Writer and football enthusiast". www.mmegi.bw. 29 September 2006.